Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 61

Dafide o Dirwa Kgosi

Dafide o Dirwa Kgosi

SAULO o leka go tshwara Dafide gape. O tsaya masole a gagwe a le 3 000 a a nonofileng mme o ya go mmatla. Fa Dafide a utlwa ka seno, o romela ditlhola go ya go bona kwa Saulo le banna ba gagwe ba thibeletseng teng bosigo joo. Mme Dafide o botsa banna ba babedi ba gagwe jaana: ‘Ke mang mo go lona yo o tla yang le nna kwa Saulo a letseng teng le masole a gagwe?’

Abishai o mo raya a re: ‘Ke tla tsamaya le wena.’ Abishai ke morwa wa ga kgaitsadie Dafide yo o bidiwang Seruia. Fa Saulo le banna ba gagwe ba ntse ba robetse, Dafide le Abishai ba kukunela mo lefelong leo ba sa bonwe. Ba tsaya lerumo la ga Saulo le modutwana wa gagwe wa metsi tse di neng di le fa tlhogong ya ga Saulo. Ga go ope yo o ba bonang kgotsa yo o ba utlwang ka gonne botlhe ba ile ka boroko.

Bona Dafide le Abishai jaanong. Ba tshabile mme ba kwa godimo ga thaba ba sireletsegile. Dafide o goa molaodi wa masole a Iseraele a re: ‘Abenere, ke ka ntlha yang fa o sa sireletse kgosi, mong wa gago? Bona! Lerumo la gagwe le modutwana wa gagwe wa metsi di kae?’

Saulo o a tsoga. O utlwa gore ke lentswe la ga Dafide, mme o botsa jaana: ‘Dafide, a ke wena?’ A o bona Saulo le Abenere kwa tlase kwa?

Dafide o araba Saulo jaana: ‘Ee, kgosi, morena wa me.’ Mme Dafide o mmotsa jaana: ‘Ke eng fa o leka go ntshwara? Ke dirile eng se se bosula? Kgosi, lerumo la gago ke le. Roma mongwe wa banna ba gago a tle go le tsaya.’

Saulo o mo raya a re: ‘Ke dirile bosula. Ke dirile boeleele.’ Go tswa foo, Dafide o a tsamaya mme Saulo o boela gae. Mme Dafide o akanya jaana: ‘Letsatsi lengwe Saulo o tlile go mpolaya. Ke tshwanetse go tshabela kwa lefatsheng la Bafilisitia.’ Mme o dira sone seo. Dafide o kgona go tsietsa Bafilisitia mme o dira gore ba akanye gore jaanong o mo letlhakoreng la bone.

Nako nngwe moragonyana ga foo, Bafilisitia ba ya go lwa le Baiseraele. Fa ba le kwa ntweng, Saulo le Jonathane ba a bolawa. Seno se hutsafatsa Dafide fela thata mme o kwala pina e e monate e mo go yone a opelang a re: ‘Ke go hutsafaletse Jonathane morwarre. Ruri ke ne ke go rata!’

Morago ga moo Dafide o boela kwa Iseraele kwa motseng wa Heberone. Banna ba ba batlang go tlhopha morwa wa ga Saulo Ishe-boshethe gore e nne kgosi le ba bangwe ba ba batlang gore Dafide a nne kgosi ba a lwa. Mme kgabagare banna ba ga Dafide ba a fenya. Dafide o na le dingwaga di le 30 fa a dirwa kgosi. O busa kwa Heberone dingwaga di le supa le halofo. Maina a barwa bangwe ba gagwe ba ba tsholetsweng koo ke Amenone, Abesalome le Adonija.

Nako nngwe Dafide le banna ba gagwe ba ya go thopa motse mongwe o montle o o bidiwang Jerusalema. Joabe yo e neng e le morwa yo mongwe wa ga kgaitsadie Dafide e bong Seruia, ke ene yo o ba eteletseng pele mo ntweng. Ka jalo, Dafide o duela Joabe ka go mo dira molaodi wa masole a gagwe. Jaanong Dafide o simolola go busa motse wa Jerusalema.