Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 62

Mathata mo Ntlong ya ga Dafide

Mathata mo Ntlong ya ga Dafide

FA Dafide a sena go simolola go busa mo Jerusalema, Jehofa o thusa masole a gagwe gore a fenye dintwa di le dintsi. Jehofa o ne a solofeditse Baiseraele gore o tla ba naya lefatshe la Kanana. Mme jaanong ka thuso ya ga Jehofa, kgabagare lefatshe lotlhe le ba neng ba le solofeditswe e nna la bone.

Dafide ke mmusi yo o molemo. O rata Jehofa. Ka jalo sengwe sa dilo tsa ntlha tse a di dirang fa a sena go thopa Jerusalema ke go isa letlole la ga Jehofa la kgolagano koo. Mme gone o batla go aga tempele e a tla le tsenyang mo go yone.

Fa Dafide a setse a godile o dira phoso nngwe e e masisi. Dafide o a itse gore go phoso go itseela sengwe se e seng sa gago. Le fa go ntse jalo, maitseboa mangwe fa a le mo godimo ga marulelo a ntlo ya gagwe ya segosi, o leba kwa tlase mme o bona mosadi mongwe yo montle thata. Leina la gagwe ke Bathesheba mme monna wa gagwe ke mongwe wa masole a ga Dafide mme o bidiwa Uria.

Dafide o eletsa Bathesheba jaana mo a laelang gore a tlisiwe mo ntlong ya segosi. Monna wa gagwe o kwa ntweng. Dafide o robala le ene mme moragonyana o lemoga gore Bathesheba o tlile go tshola ngwana. Dafide o tshwenyegile thata mme o roma mongwe gore a ye go bolelela molaodi wa gagwe wa masole e bong Joabe gore a beye Uria kwa pele mo ntweng gore a bolawe. Fa Uria a sena go bolawa, Dafide o nyala Bathesheba.

Jehofa o galefetse Dafide fela thata. Ka jalo o romela motlhanka wa gagwe e bong Nathane gore a ye go bolelela Dafide maleo a gagwe. A o bona Nathane mo setshwantshong a bua le Dafide? Dafide o ikwatlhaela thata se a se dirileng, ka jalo Jehofa ga a mmolaye. Mme gone, Jehofa o mo raya a re: ‘E re ka o dirile dilo tseno tse di bosula, o tla nna le mathata a le mantsi mo ntlong ya gago.’ Mme ruri Dafide o nna le mathata!

Sa ntlha, morwa wa ga Bathesheba o a swa. Morago ga moo morwa wa ntlha wa ga Dafide e bong Amenone o dira gore kgaitsadie e bong Tamare a tle kwa go ene a le nosi a bo a mo pateletsa gore a robale le ene. Morwa wa ga Dafide e bong Abesalome o galefisiwa thata ke seno mme o bolaya Amenone. Moragonyana Abesalome o dira gore batho ba le bantsi ba mo rate mme o itlhoma go nna kgosi. La bofelo, Dafide o fenya ntwa mme Abesalome o a bolawa. Ee, Dafide o aparetswe ke mathata.

Fa dilo tseno di ntse di direga, Bathesheba o tshola morwa yo o bidiwang Solomone. Fa Dafide a setse a tsofetse e bile a lwala, morwa wa gagwe e bong Adonija o leka go itlhoma gore e nne kgosi. Fa Dafide a bona seo, o dira gore moperesiti yo o bidiwang Sadoke a tshele lookwane mo tlhogong ya ga Solomone go bontsha gore Solomone ke ene a tla nnang kgosi. Moragonyana fela ga foo, Dafide o a swa a le dingwaga di le 70. O busitse dingwaga di le 40, mme jaanong kgosi ya Iseraele ke Solomone.