Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 63

Kgosi e e Botlhale e Bong Solomone

Kgosi e e Botlhale e Bong Solomone

SOLOMONE o mo dingwageng tsa bosha fa a nna kgosi. O rata Jehofa mme o latela kgakololo e e molemo e rraagwe e bong Dafide a mo neileng yone. Jehofa o rata Solomone fela thata, ka jalo bosigo bongwe o bua le ene jaana mo torong: ‘Solomone, o ka rata gore ke go neye eng?’

Mme Solomone o araba jaana: ‘Jehofa Modimo wa me, ke sa ntse ke le monnye thata mme ga ke itse gore ke buse jang. Ka jalo nneye botlhale gore ke buse batho ba gago ka tsela e e siameng.’

Jehofa o itumedisiwa ke se Solomone a se kopang. Ka jalo o mo raya a re: ‘E re ka o kopile botlhale mme e seng botshelo jo boleele kgotsa dikhumo, ke tla go naya botlhale jo bo fetang jwa batho botlhe ba ba kileng ba tshela. E bile ke tla go naya le se o sa se kopang, dikhumo le kgalalelo.’

Moragonyana ga moo, basadi ba babedi ba tla kwa go Solomone ka kgang e e thata. Mongwe wa bone a re: ‘Nna le mosadi yono re nna mmogo. Ke ne ka tshola ngwana wa mosimane mme malatsi a le mabedi morago ga moo le ene a tshola ngwana wa mosimane. Mme bosigo bongwe ngwana wa gagwe o ne a swa. Mme fa ke ntse ke robetse, o ne a baya ngwana wa gagwe yo o suleng gaufi le nna mme a tsaya ngwanake. Fa ke tsoga mme ke leba ngwana yo o suleng ke ne ka lemoga gore ga se wa me.’

Fa mosadi yo mongwe a utlwa seno, a re: ‘Nnyaa! Ngwana yo o tshelang ke wa me, mme yo o suleng ke wa gagwe!’ Mosadi wa ntlha o araba jaana: ‘Nnyaa! Ngwana yo o suleng ke wa gago mme yo o tshelang ke wa me!’ Mme basadi bano ba tswelela ka go ganetsana. Solomone o tla dirang?

O laela gore go tlisiwe tšhaka, mme fa e sena go tlisiwa a re: ‘Kgaoganyang ngwana yo o tshelang dikarolo tse pedi, mme lo neye mongwe le mongwe wa basadi bano karolo e le nngwe.’

Mosadi yo e leng ene mmaagwe ngwana a lela a re: ‘Nnyaa! Tsweetswee lo se ka lwa bolaya ngwana. Mo neyeng mosadi yono!’ Le fa go ntse jalo, mosadi yo mongwe ene a re: ‘A a se ka a newa ope wa rona; mo kgaoganyeng dikarolo tse pedi.’

La bofelo Solomone o bua jaana: ‘Lo se ka lwa bolaya ngwana! Mo neyeng mosadi wa ntlha. Ke ene mmaagwe ngwana.’ Solomone o itse seno ka gonne mmaagwe ngwana o rata ngwana thata jaana mo a ikemiseditseng go mo naya mosadi yo mongwe e le gore a se ka a bolawa. Fa batho ba utlwa kafa Solomone a rarabolotseng bothata jono ka gone, ba itumelela go bo ba na le kgosi e e botlhale jaana.

Fa go ntse go busa Solomone, Modimo o segofatsa batho ka go dira gore masimo a bone a nne le korong le barele e ntsi mmogo le diterebe, difeige le dijo tse dingwe. Batho ba apara diaparo tse dintle mme ba nna mo matlong a mantle. Batho botlhe ba tshelela mo letlepung.