Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 65

Bogosi bo a Kgaoganngwa

Bogosi bo a Kgaoganngwa

A O ITSE gore ke ka ntlha yang fa monna yono a gagola seaparo sa gagwe? Jehofa o mmoleletse gore a dire jalo. Monna yono ke moporofeti wa Modimo e bong Ahija. A o itse gore moporofeti ke eng? Ke motho yo Modimo a mmolelelang dilo tse di tla diregang mo nakong e e tlang.

Ahija o bua le Jeroboame fano. Jeroboame ke monna yo Solomone a mo tlhomileng gore a mo direle tiro nngwe ya go aga. Fa Ahija a kopana le Jeroboame mo tseleng mono, Ahija o dira sengwe se se gakgamatsang. O apola seaparo sa gagwe mme o se kgaoganya go nna dikarolwana di le 12. O raya Jeroboame a re: ‘Itseele dikarolwana di le 10.’ A o itse gore ke ka ntlha yang fa Ahija a naya Jeroboame dikarolwana di le 10?

Ahija o mmolelela gore Jehofa o tlile go tseela Solomone bogosi. A re Jehofa o tlile go naya Jeroboame ditso di le 10. Seno se raya gore morwa wa ga Solomone e bong Rehoboame o tla busa ditso di le pedi fela.

Solomone o galefa fela thata fa a utlwa se Ahija a se boleletseng Jeroboame. O leka go bolaya Jeroboame. Mme Jeroboame o tshabela kwa Egepeto. Morago ga lobakanyana Solomone o a swa. O ne a nna kgosi ka dingwaga di le 40, mme jaanong morwawe e bong Rehoboame o dirwa kgosi. Fa Jeroboame a ntse a le kwa Egepeto, o utlwa gore Solomone o sule ka jalo o boela kwa Iseraele.

Rehoboame ke kgosi e e bosula. O tshwere batho ka tsela e e setlhogo go feta le kafa rraagwe e bong Solomone a neng a ba tshwere ka gone. Jeroboame le banna bangwe ba ba tlotlegang ba ya kwa go Kgosi Rehoboame mme ba mo kopa gore a leke go tshwara batho sentle. Le fa go ntse jalo, Rehoboame ga a reetse. Tota e bile o nna setlhogo go feta pele. Ka jalo batho ba tlhoma Jeroboame gore a nne kgosi ya ditso tse 10, le fa go ntse jalo, ditso tse pedi tsa Benjamine le Juda di batla gore Rehoboame a tswelele e le kgosi ya tsone.

Jeroboame ga a batle gore batho ba gagwe ba ye kwa Jerusalema go ya go obamela Jehofa kwa tempeleng. Ka jalo, o dira dinamane tse pedi tsa gauta mme o laela batho ba bogosi jwa ditso tse 10 gore ba di obamele. Go ise go ye kae naga yotlhe e tletse ka bokebekwa le thubakanyo.

Gape go na le mathata le mo bogosing jwa ditso tse pedi. Mo dingwageng tse di sa feteng tlhano tse Rehoboame a ntseng a busa ka tsone, kgosi ya Egepeto e tla go tlhasela Jerusalema. O tsaya matlotlo a mantsi a a leng mo tempeleng ya ga Jehofa. Ka jalo tempele ga e fetse lobaka lo loleele e le kafa e neng e le ka teng fa e sena go agiwa.