Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 67

Jehoshafate o Ikanya Jehofa

Jehoshafate o Ikanya Jehofa

A O ITSE gore banna bano ke bomang le gore ba dira eng? Ba ya ntweng, mme banna ba ba kwa pele bone ba a opela. Mme gone o ka nna wa ipotsa jaana: ‘Ke ka ntlha yang fa baopedi ba sa tshola ditšhaka le marumo a ba tla lwang ka one?’ A re bone.

Jehoshafate ke kgosi ya bogosi jwa ditso tse pedi tsa Iseraele. O tshela ka nako e le nngwe le Kgosi Ahabe le Jesebele wa bogosi jwa bokone jwa ditso tse 10. Le fa go ntse jalo, Jehoshafate ke kgosi e e molemo mme rraagwe e bong Asa le ene, e ne e le kgosi e e siameng. Ka jalo, go ne ga feta dingwaga di le dintsi batho ba bogosi jwa borwa jwa ditso tse pedi ba tshela botshelo jo bo monate.

Mme jaanong go diragala sengwe se se dirang gore batho ba tshoge. Barongwa ba begela Jehoshafate jaana: ‘Mophato o mogolo wa masole a a tswang kwa nageng ya Moabe, Amone le kwa Thabeng ya Seire o tla go go tlhasela.’ Baiseraele ba le bantsi ba phuthegela kwa Jerusalema go ya go kopa thuso ya ga Jehofa. Ba ya kwa tempeleng, mme fa ba le koo Jehoshafate o rapela jaana: ‘Ao tlhe Jehofa Modimo wa rona, ga re itse gore re dire eng. Ga re itse gore re tla kgona jang go lwa le mophato ono o mogolo wa masole. Re kopa gore o re thuse.’

Jehofa o a reetsa, mme o laela mongwe wa batlhanka ba gagwe gore a reye batho a re: ‘Ntwa ga se ya lona mme ke ya Modimo. Ga lo kitla lo tlhoka go lwa. Lona lebang fela mme lo bone kafa Jehofa a tla lo bolokang ka gone.’

Ka jalo, mo mosong o o latelang Jehoshafate o raya batho a re: ‘Ikanyeng Jehofa!’ Go tswa foo, o eteletsa baopedi kwa pele ga masole a gagwe mme fa ba ntse ba tsamaya, ba opela dipina tse di bakang Jehofa. A o itse gore go diragala eng fa ba atamela lefelo la ntwa? Jehofa o dira gore masole a baba a lwe ka boone. Mme fa Baiseraele ba goroga, masole otlhe a baba a sule!

Ruri Jehoshafate o ne a le botlhale ka go ikanya Jehofa! Le rona re tla bo re le botlhale fa re ka ikanya Jehofa.