Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 69

Mosetsanyana o Thusa Monna yo o Tlotlegang

Mosetsanyana o Thusa Monna yo o Tlotlegang

A O ITSE gore mosetsanyana yono a reng? O bolelela mosadi yono ka ga moporofeti wa ga Jehofa e bong Elisha, le ka ditiro tse di molemo tse Jehofa a mo thusang go di dira. Mosadi yono ga a itse sepe ka ga Jehofa ka gonne ga se Moiseraele. Jaanong, a re bone gore go tlile jang gore mosetsanyana yono a bo a le mo ntlong ya mosadi yono.

Mosadi yono ke Mosiria. Monna wa gagwe ke Naamane, molaodi wa masole a Siria. Basiria ba thopile mosetsanyana yono wa Moiseraele mme ba mo isitse kwa mosading wa ga Naamane gore a nne lelata la gagwe.

Naamane o na le bolwetse jo bo maswe jo bo bidiwang lepero. Bolwetse jono bo ka dira gore dinama tsa motho di ngathoge. Ka jalo, mosetsanyana o raya mosadi wa ga Naamane a re: ‘E kete mong wa me a ka ya kwa moporofeting wa ga Jehofa kwa Iseraele. O tla mo fodisa lepero la gagwe.’ Moragonyana Naamane o bolelelwa dikgang tseno.

E re ka Naamane a eletsa thata go fola; o swetsa ka gore a ye kwa Iseraele. Fa a goroga koo, o ya kwa ntlong ya ga Elisha. Elisha o laela motlhanka wa gagwe gore a reye Naamane a ye go tlhapa makgetlo a le supa kwa Nokeng ya Joredane. Seno se galefisa Naamane fela thata, mme a re: ‘Dinoka tsa gaetsho di botoka go gaisa noka le fa e ka nna epe fela mo Iseraele!’ Fa Naamane a sena go bua jalo, o a tsamaya.

Mme mongwe wa batlhanka ba gagwe o mo raya a re: ‘Mong wa me, fa Elisha a ne a go laetse go dira sengwe se se thata o ne o tla se dira. Jaanong ke eng fa o sa ye go tlhapa jaaka a buile?’ Naamane o reetsa motlhanka wa gagwe a bo a ya go tsena ga supa mo Nokeng ya Joredane. Fa a dira jalo letlalo la gagwe le a siama le bo le ntšhafala!

Naamane o itumetse fela thata. O boela kwa go Elisha a bo a mo raya a re: ‘Ruri ke a itse jaanong gore Modimo wa Iseraele ke ene Modimo wa boammaaruri a le nosi mo lefatsheng lotlhe. Ka jalo, tsweetswee tsaya mpho ke e.’ Le fa go ntse jalo, Elisha o araba jaana: ‘Nnyaa ga nkitla ke e tsaya.’ Elisha o a itse gore go tla bo go le phoso go tsaya mpho eo ka gonne Jehofa ke ene a fodisitseng Naamane. Mme gone, motlhanka wa ga Elisha e bong Gehasi o ipatlela mpho eno.

Ka jalo Gehasi o dira jaana. Fa Naamane a sena go tsamaya, Gehasi o a taboga gore a mo tshware mo tseleng. Gehasi o mo raya a re: ‘Elisha o nthomile gore ke go bolelele gore o kopa dimpho dingwe tsa gago gore a di neye ditsala tse di sa tswang go goroga.’ Tota seno ke maaka. Mme Naamane ene ga a itse gore seno ke maaka; ka jalo o naya Gehasi dimpho dingwe.

Fa Gehasi a goroga kwa gae, Elisha o setse a itse se a se dirileng. Jehofa o mmoleletse. Ka jalo, o mo raya a re: ‘E re ka o dirile selo seno se se bosula, lepero la ga Naamane le tla tla mo go wena.’ Mme o tshwarwa ke lepero ka yone nako eo!

Re ka ithuta eng mo kgannyeng eno yotlhe? Sa ntlha, gore re tshwanetse go tshwana le mosetsanyana yole mme re bue ka Jehofa. Seo se ka felela ka dilo tse di molemo tota. Sa bobedi, ga re a tshwanela go ikgogomosa jaaka Naamane a ile a dira la ntlha, go na le moo re tshwanetse go ikobela batlhanka ba ga Jehofa. Mme sa boraro, ga re a tshwanela go bua maaka jaaka Gehasi. Ruri re ithuta dilo di le dintsi ka go bala Baebele!