Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 70

Jona le Tlhapi e Kgolo

Jona le Tlhapi e Kgolo

BONA monna yo o mo metsing. Ruri o mo mathateng, a ga go jalo? Tlhapi ele e tloga e mo kometsa! A o itse gore monna yono ke mang? Leina la gagwe ke Jona. A re bone gore o tsene jang mo mathateng a a kanakana.

Jona ke moporofeti wa ga Jehofa. Nakwana fela morago ga loso lwa ga moporofeti Elisha, Jehofa o raya Jona a re: ‘Ya kwa motseng o mogolo wa Ninife. Batho ba koo ba bosula thata mme ke batla gore o bue le bone ka gone.’

Le fa go ntse jalo, Jona ga a batle go ya koo. Ka jalo o pagama mokoro o o sa yeng Ninife. Jehofa ga a itumedisiwe ke go bo Jona a tshabile. Ka jalo, o dira gore go foke phefo e kgolo. Phefo eo e kgolo jaana mo go bonalang mokoro o tla nwela. Batsamaisi ba sekepe ba tshoga fela thata mo ba goang medimo ya bone gore e ba thuse.

Kgabagare Jona o ba raya a re: ‘Ke obamela Jehofa, Modimo yo o dirileng legodimo le lefatshe. Mme ke a tshaba ka gonne ga ke batle go dira se Jehofa a ntaetseng gore ke se dire.’ Ka jalo batsamaisi ba sekepe ba mmotsa ba re: ‘Jaanong re direng ka wena gore phefo eno e emise go foka?’

Jona o ba raya a re: ‘Ntatlheleng mo lewatleng mme lewatle le tla sisibala gape.’ Batsamaisi ba sekepe ga ba batle go mo latlhela mme fa phefo e ntse e gakala, ba feleletsa ba latlhetse Jona mo lewatleng. Ka yone nako eo phefo e emisa go foka mme lewatle le sisibala gape.

Fa Jona a ntse a nwela mo metsing, tlhapi e kgolo e a mo kometsa. Mme ga a swe. O fetsa malatsi a le mararo le masigo a le mararo a le mo mpeng ya tlhapi eo. Jona o ikwatlhaela gore ga a ka a reetsa Jehofa mme a ya kwa Ninife. Jaanong a o itse gore o dira eng?

Jona o rapela Jehofa gore a mo thuse. Mme Jehofa o dira gore tlhapi e tlhatsetse Jona mo lefatsheng le le omileng. Morago ga moo, Jona o ya kwa Ninife. A seno ga se re rute kafa go leng botlhokwa ka gone gore re dire sengwe le sengwe se Jehofa a re laelang sone?

Buka ya Baebele ya Jona.