Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 71

Modimo o Solofetsa Paradaise

Modimo o Solofetsa Paradaise

SETSHWANTSHO seno ke sa paradaise e e tshwanang le e Modimo a ka tswang a ile a e bontsha moporofeti wa gagwe e bong Isaia. Isaia o ne a tshela moragonyana fela ga ga Jona.

Paradaise ke “tshingwana” kgotsa “phaka.” A ga e go gopotse tshingwana nngwe e re setseng re e bone mo bukeng eno? Tota e tshwana le tshingwana e ntle e Jehofa a neng a e diretse Adame le Efa, a ga go jalo? Mme gone, a lefatshe lotlhe le tla tsamaya le nna paradaise?

Jehofa o ne a bolelela moporofeti wa gagwe Isaia gore a kwale ka paradaise e ntšha e e tlang ya batho ba Modimo. O ne a re: ‘Diphiri le dinku di tla nna mmogo ka kagiso. Namane le tawana di tla fula mmogo, mme bana ba bannye ba tla di tlhokomela. Tota le lesea ga le kitla le lomiwa fa le tshameka gaufi le noga e e botlhole.’

Batho ba le bantsi ba re: ‘Seno ga se na go tsamaya se direga. Ga go bolo go nna le mathata mo lefatsheng e bile a tla nna a ntse a le teng.’ Mme gone akanya ka seno: Modimo o ne a neile Adame le Efa legae le le ntseng jang?

Modimo o ne a baya Adame le Efa mo paradaiseng. E re ka ba ile ba se ka ba utlwa Modimo, ba ile ba latlhegelwa ke legae la bone le lentle, ba tsofala ba bo ba swa. Modimo o solofetsa gore o tla naya batho ba ba mo ratang tsone dilo tse di latlhegetseng Adame le Efa.

Mo paradaiseng e ntšha e e tlang ga go sepe se se tla utlwisang botlhoko le fa e le go senya. Go tla nna le kagiso mo lefatsheng. Batho botlhe ba tla bo ba sa lwale e bile ba itumetse. Go tla nna fela jaaka Modimo a ne a batla gore go nne kwa tshimologong. Moragonyana re tla ithuta kafa Modimo a tla dirang seno ka gone.