Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 72

Modimo o Thusa Kgosi Hesekia

Modimo o Thusa Kgosi Hesekia

A O ITSE gore ke ka ntlha yang fa monna yono a rapela Jehofa? Ke ka ntlha yang fa a beile makwalo ano fa pele ga sebeso sa ga Jehofa? Monna yono ke Hesekia. Ke kgosi ya bogosi jwa borwa jwa ditso tse pedi tsa Iseraele. Mme o mo mathateng a magolo. Ka ntlha yang?

Ka gonne masole a Baasiria a setse a fedisitse bogosi jwa kwa bokone jwa ditso tse 10. Jehofa o ne a letla seno gore se direge ka gonne batho bao ba ne ba le boikepo thata. Jaanong masole a Baasiria a tlile go tlhasela bogosi jwa ditso tse pedi.

Kgosi ya Asiria e sa tswa go romelela Kgosi Hesekia makwalo. Ke one makwalo a Hesekia a a beileng fa pele ga Modimo. Makwalo ano a sotla Jehofa, e bile a bolelela Hesekia gore a ineele. Ke ka lebaka leo Hesekia a rapelang jaana: ‘Ao tlhe Jehofa, re boloke mo kgosing ya Asiria. Mme ditšhaba tsotlhe di tla itse gore ke wena Modimo o le nosi.’ A Jehofa o tla reetsa Hesekia?

Hesekia ke kgosi e e siameng. Ga a tshwane le dikgosi tse di bosula tsa bogosi jwa Iseraele jwa ditso tse 10, kgotsa le rraagwe yo o bosula e bong Kgosi Ahase. Hesekia o ntse a leka ka natla go ikobela melao yotlhe ya ga Jehofa. Ka jalo fa Hesekia a fetsa go rapela, moporofeti Isaia o mo romelela molaetsa ono o o tswang kwa go Jehofa: ‘Kgosi ya Asiria ga e kitla e tla mo Jerusalema. Ga go na le fa e le ope wa masole a gagwe yo o tla atamelang gaufi le yone. Ga ba kitla ba hulela le fa e le motswi o le mongwe mo motseng.’

Leba setshwantsho se se mo tsebeng eno. A o itse gore masole ano otlhe a a suleng ke afe? Ke a Baasiria. Jehofa o ne a romela moengele wa gagwe mme mo bosigong bo le bongwe fela moengele a bolaya masole a Baasiria a le 185 000. Ka jalo, kgosi ya Asiria e a ineela mme e boela gae.

Bogosi jwa ditso tse pedi ga bo tlhaselwe, mme batho ba nna le kagiso ka lobakanyana. Fa Hesekia a sena go swa, morwawe e bong Manase o nna kgosi. Manase le morwawe e bong Amone yo o neng a nna kgosi morago ga gagwe, boobabedi ke dikgosi tse di bosula thata. Ka jalo, lefatshe le tlala gape ka bokebekwa le thubakanyo. Fa Kgosi Amone a sena go bolawa ke batlhanka ba gagwe, morwawe e bong Josia o dirwa kgosi ya bogosi jwa ditso tse pedi.