Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 74

Monna Yo o Sa Boifeng Sepe

Monna Yo o Sa Boifeng Sepe

A O BONA batho ba ba tshegang ka lekawana leno? A o itse gore ke mang? Ke Jeremia. Ke moporofeti wa Modimo yo o tlotlegang.

Fela fa Kgosi Josia a sena go senya medingwana ya ditshwantsho mo nageng, Jehofa o bolelela Jeremia gore a nne moporofeti wa gagwe. Le fa go ntse jalo, Jeremia o akanya gore o sa ntse a le monnye thata go ka nna moporofeti. Mme Jehofa o mmolelela gore o tla mo thusa.

Jeremia o bolelela Baiseraele gore ba tlogele go dira dilo tse di bosula. O ba raya a re: ‘Medimo e batho ba ditšhaba ba e obamelang ke ya maaka.’ Le fa go ntse jalo, Baiseraele ba le bantsi ba obamela medingwana ya ditshwantsho go na le gore ba obamele Modimo wa boammaaruri Jehofa. Fa Jeremia a bolelela batho gore Modimo o tlile go ba otlhaela bosula jwa bone, ba a mo tshega.

Dingwaga di a feta. Josia o a swa, mme dikgwedi di le tharo morago ga moo morwawe e bong Jehoiakime o nna kgosi. Jeremia o tswelela a bolelela batho jaana: ‘Jerusalema e tlile go senngwa fa lo sa tlogele ditsela tsa lona tse di bosula.’ Baperesiti ba tshwara Jeremia ba bo ba goa ba re: ‘O tshwanetse go bolawa ka ntlha ya dilo tse o di buang.’ Go tswa foo ba raya dikgosana tsa Iseraele ba re: ‘Jeremia o tshwanetse go bolawa, ka gonne o buile kgatlhanong le motse wa rona.’

Jeremia o tla dira eng jaanong? Ga a boife sepe! O ba raya botlhe a re: ‘Jehofa o nthomile gore ke lo bolelele dilo tseno. Fa lo sa tlogele ditsela tsa lona tse di bosula, Jehofa o tla senya Jerusalema. Mme gone tlhomamisegang ka seno: Fa lo mpolaya, lo tla bo lo bolaya monna yo o se nang molato.’

Dikgosana ga di bolaye Jeremia, mme gone Baiseraele ga ba tlogele ditsela tsa bone tse di bosula. Moragonyana Nebukadenesare, kgosi ya Babelona, o tla go tlhasela Jerusalema. Kgabagare Nebukadenesare o dira Baiseraele batlhanka ba gagwe. O tsaya diketekete tsa bone o ba isa kwa Babelona. Akanya fela gore o ne o tla ikutlwa jang fa batho ba o sa ba itseng ba go tlosa mo gaeno mme ba go isa kwa nageng e o sa e itseng!