Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 75

Basimane ba Banè Kwa Babelona

Basimane ba Banè Kwa Babelona

KGOSI Nebukadenesare o tsaya Baiseraele botlhe ba ba rutegileng mme o ba isa kwa Babelona. Morago ga moo, kgosi e tlhopha mo go bone makawana a mantle le a a botlhale go gaisa. Ba le banè ba bone ke makawana a o a bonang fano. Mongwe wa bone ke Daniele, mme ba bangwe ba bararo, Bababelona ba ba bitsa Shaderake, Meshake le Abedenego.

Nebukadenesare o ikaeletse go thapisa makawana gore a direle mo ntlong ya gagwe ya segosi. Fa ba sena go thapisiwa dingwaga di le tharo, o tla tlhopha fela ba ba botlhale gore ba mo thuse go rarabolola mathata. Kgosi e batla gore makawana a nonofe a bo a nne le botsogo jo bontle fa a ntse a thapisiwa. Ka jalo, o laela batlhanka ba gagwe gore ba neye makawana dijo tsa maemo le beine tse ene le ba lelapa la gagwe ba di jang.

Bona Daniele yo mmotlana. A o itse se a se bolelelang modiredi yo mogolo wa ga Nebukadenesare yo o bidiwang Ashepenase? Daniele o mmolelela gore ga a batle go ja dijo tsa maemo tse di tswang mo tafoleng ya kgosi. Mme Ashepenase o tshwenyegile. O mo raya a re: ‘Kgosi ke yone e laetseng gore ke eng se lo tshwanetseng go se ja le go se nwa. Mme fa lo sa lebege lo nonofile jaaka makawana a mangwe, a ka nna a mpolaya.’

Ka jalo, Daniele o ya kwa motlhokomeding yo o tlhomilweng ke Ashepenase gore a okamele Daniele le ditsala tsa gagwe tse tharo. O mo raya a re: ‘Tsweetswee re leke ka malatsi a le 10. Re neye merogo le metsi. Go tswa foo, o re bapise le makawana a mangwe a a jang dijo tsa kgosi, mme o bone gore ke bafe ba ba lebegang ba le botoka.’

Motlhokomedi o dumela go dira jalo. Mme fa malatsi a a 10 a fela, Daniele le ditsala tsa gagwe tse tharo ba lebega ba nonofile go feta makawana a mangwe otlhe. Ka jalo, motlhokomedi o ba letla go tswelela ba ja merogo go na le go ja dijo tsa kgosi.

Fa dingwaga tse tharo di fela, makawana otlhe a isiwa kwa go Nebukadenesare. Fa kgosi e sena go bua le bone botlhe, e fitlhela Daniele le ditsala tsa gagwe tse tharo ba le botlhale go gaisa makawana a mangwe. Ka jalo, o a ba tsaya gore ba mo thuse mo ntlong ya segosi. Mme ka metlha fa kgosi e botsa Daniele, Shaderake, Meshake le Abedenego dipotso kgotsa e batla ba rarabolola bothata bongwe, e ne e fitlhela ba le botlhale go gaisa baperesiti kgotsa banna ba yone ba ba botlhale ka makgetlo a le 10.