Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 76

Jerusalema e a Senngwa

Jerusalema e a Senngwa

E SETSE e le dingwaga di feta 10 fa e sa le Nebukadenesare a isa Baiseraele botlhe ba ba rutegileng thata kwa Babelona. Mme jaanong bona se se diregang! Jerusalema e jewa ka molelo. Mme Baiseraele ba ba sa bolawang ba isiwa kwa Babelona go ya go nna batshwarwa.

Se lebale gore seno ke se baporofeti ba ga Jehofa ba ileng ba tlhagisa gore se tla direga fa batho ba sa tlogele ditsela tsa bone tse di bosula. Le fa go ntse jalo, Baiseraele ga ba a ka ba reetsa baporofeti. Ba ile ba tswelela ba obamela medimo ya maaka go na le go obamela Jehofa. Ka jalo, batho ba ne ba tshwanelwa ke go otlhaiwa. Re itse seno ka gonne moporofeti wa Modimo e bong Esekiele o re bolelela dilo tse di bosula tse Baiseraele ba neng ba di dira.

A o itse gore Esekiele e ne e le mang? Ke mongwe wa makawana a Kgosi Nebukadenesare a ileng a a isa kwa Babelona dingwaga di feta 10 pele ga Jerusalema e senngwa. Daniele le ditsala tsa gagwe tse tharo e bong Shaderake, Meshake le Abedenego le bone ba ne ba isiwa Babelona ka yone nako eo.

Fa Esekiele a ntse a le kwa Babelona, Jehofa o mmontsha dilo tse di bosula tse di diregang kwa Jerusalema kwa tempeleng. Jehofa o dira seno ka kgakgamatso. Tota Esekiele o sa ntse a le kwa Babelona, mme gone Jehofa o dira gore a kgone go bona sengwe le sengwe se se diregang kwa tempeleng. Mme se Esekiele a se bonang se tsitsibanya mmele!

Jehofa o raya Esekiele a re: ‘Bona dilo tse di ferosang sebete tse batho ba di dirang mo tempeleng. Bona dipota tse di tshwantshitsweng dinoga le diphologolo tse dingwe. Mme bona jaaka Baiseraele ba di obamela!’ Esekiele o kgona go bona dilo tseno, mme o kwala se se diregang.

Jehofa o botsa Esekiele jaana: ‘A o bona se baetapele ba Baiseraele ba se dirang mo sephiring?’ Ee, o kgona go bona le seno. Go na le banna ba le 70, mme botlhe ba obamela medimo ya maaka. Ba re: ‘Jehofa ga a re bone. O tlogetse naga eno.’

Go tswa foo, Jehofa o bontsha Esekiele basadi bangwe kwa kgorong e e kwa bokone ya tempele. Ba ntse koo mme ba obamela modimo wa maaka Tamuse. Mme bona banna bale ba ba kwa kgorong ya tempele ya ga Jehofa! Ba ka nna 25. Esekiele o a ba bona. Ba khubame, ba lebile kwa botlhaba mme ba obamela letsatsi!

Jehofa a re: ‘Batho bano ga ba ntlotle. Ga se fela gore ba dira dilo tse di bosula mme ba tla go di direla mo tempeleng ya me!’ Ka jalo, Jehofa o solofetsa jaana: ‘Ba tla bona maatla a bogale jwa me. Mme ga nkitla ke ba utlwela botlhoko fa ba senngwa.’

Morago ga dingwaga di ka nna tharo fela Jehofa a sena go bontsha Esekiele dilo tseno, Baiseraele ba tsuologela Kgosi Nebukadenesare. Ka jalo, o ya go tlhabana le bone. Morago ga ngwaga le halofo Bababelona ba diga dipota tsa Jerusalema mme ba ja motse ka molelo. Bontsi jwa batho ba a bolawa kgotsa ba isiwa botshwarwa kwa Babelona.

Ke ka ntlha yang fa Jehofa a letla gore tshenyego eno e e setlhogo e wele Baiseraele? Ee, ke ka gonne ga ba a ka ba reetsa Jehofa e bile ga ba a ka ba ikobela melao ya gagwe. Seno se bontsha kafa go leng botlhokwa ka gone gore ka metlha re dire se Jehofa a re laelang gore re se dire.

Kwa tshimologong batho ba le mmalwa ba letlelelwa go nna mo nageng ya Iseraele. Kgosi Nebukadenesare o tlhoma Mojuda mongwe yo o bidiwang Gedalia go okamela batho bano. Le fa go ntse jalo, Baiseraele bangwe ba bolaya Gedalia. Jaanong batho ba boifa gore Bababelona ba tla tla go ba fedisa ka ntlha ya tiragalo eno e e sa siamang. Ka jalo, ba pateletsa Jeremia gore a tsamaye le bone, mme ba tshabela kwa Egepeto.

Lefatshe la Iseraele le sala le se na batho gotlhelele. Go feta dingwaga di le 70 go se na ope yo o nnang mo nageng eo. E lolea. Mme gone Jehofa o solofetsa gore o tla busetsa batho ba gagwe kwa nageng ya bone morago ga dingwaga di le 70. Pele ga seo se direga, go diragalang ka batho ba Modimo ba ba isitsweng kwa nageng ya Babelona? A re bone.