Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 77

Ga ba Obamele Setshwantsho

Ga ba Obamele Setshwantsho

A O GOPOLA re bala ka makawana ano a mararo? Ee, ke ditsala tsa ga Daniele yo o neng a gana go ja dijo tse di sa ba siamelang. Bababelona ba ba bitsa Shaderake, Meshake le Abedenego. Jaanong a ko o ba lebe. Ke eng fa ba sa obamele setshwantsho seno se segolo se batho botlhe ba se obamelang? A re bone.

A o gopola melao e Jehofa a e kwadileng e e bidiwang Melao e e Lesome? Molao wa ntlha mo go yone wa re: ‘O se ka wa obamela medimo e mengwe kwantle ga me.’ Makawana ano a ikobela molao ono tota le fa go dira jalo go se motlhofo.

Kgosi ya Babelona e bong Nebukadenesare o biditse batho ba bantsi ba ba tlotlegang go tla go obamela setshwantsho seno se a se tlhomileng. O sa tswa go bolelela batho botlhe jaana: ‘Fa lo utlwa modumo wa dinaka, wa diharepa le wa diletswa tse dingwe tsa mmino, lo tshwanetse go khubama mme lo obamele setshwantsho seno sa gauta. Mongwe le mongwe yo o sa se khubameleng le go se obamela, o tla latlhelwa mo leubelong le le tukang la molelo ka yone nako eo.’

Nebukadenesare o tuka bogale fa a utlwa gore Shaderake, Meshake le Abedenego ga ba a obamela setshwantsho seno. O laela gore ba tlisiwe kwa go ene. O ba laela gape gore ba obamele setshwantsho. Mme makawana ano a ikanya Jehofa. Ba raya Nebukadenesare ba re: ‘Modimo wa rona yo re mo direlang o tla re boloka. Mme le fa a sa re boloke, ga re kitla re obamela setshwantsho sa gago sa gauta.’

Fa Nebukadenesare a utlwa seno o galefa le go feta. Go na le leubelo gaufi foo mme o laela jaana: ‘Gotetsang leubelo leno gore le nne mogote makgetlo a le supa go feta pele!’ Go tswa foo, o laela banna ba ba nonofileng go ba feta botlhe mo masoleng a gagwe gore ba bofe Shaderake, Meshake le Abedenego mme ba ba latlhele mo leubelong. Ka tsela e leubelo leno le fisang ka yone, banna bano ba ba nonofileng ba bolawa ke malakabe a molelo. Mme go diragalang ka makawana a mararo a ba a latlhetseng mo molelong?

Kgosi e leba mo leubelong e bo e tshoga fela thata. O botsa jaana: ‘A ga re a bofa banna ba bararo le go ba latlhela mo leubelong la molelo le le tukang?’

Batlhanka ba gagwe ba araba ka gore: ‘Ee re dirile jalo.’

Kgosi e bo e re: ‘Mme ke bona banna ba le banè ba tsamayatsamaya mo molelong. Ga ba a bofiwa mme molelo ga o ba utlwise botlhoko. Mme wa bonè o lebega jaaka modimo.’ Kgosi e atamela kgoro ya leubelo e bo e goa e re: ‘Shaderake! Meshake! Abedenego! Tswang moo, lona batlhanka ba Modimo yo o kwa Godimodimo!’

Fa ba tswa, batho botlhe ba a bona gore ga ba a sha. Ka jalo kgosi e re: ‘A go bakwe Modimo wa ga Shaderake, Meshake le Abedenego! O rometse moengele wa gagwe gore a ba boloke ka gonne ba ka se obamele modimo ope o sele kwantle ga Modimo wa bone.’

A seno ga se sekao se se molemo sa go ikanyega mo go Jehofa se le rona re tshwanetseng go se latela?