Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 78

Mokwalo mo Loboteng

Mokwalo mo Loboteng

GO DIRAGALA eng fano? Batho ba mo moketeng o mogolo. Kgosi ya Babelona e laleditse baeng ba botlhokwa ba le diketekete. Ba dirisa dikopi tsa gauta le tsa selefera le dijana tse di tserweng mo tempeleng ya ga Jehofa kwa Jerusalema. Mme ka tshoganyetso fela, go bonala menwana ya seatla sa motho e kwala mo loboteng. Batho botlhe ba a roroma.

Ka nako eo go busa setlogolwana sa ga Nebukadenesare e bong Beleshasare. O laela gore banna ba gagwe ba ba botlhale ba bidiwe. Kgosi ya re: ‘Ope fela yo o ka kgonang go bala mokwalo ono a bo a mpolelela bokao jwa one o tla newa dimpho di le dintsi a bo a dirwa mmusi wa boraro yo o tlotlegang mo bogosing jwa me.’ Le fa go ntse jalo, ga go ope wa banna ba ba botlhale yo o kgonang go bala mokwalo o o mo loboteng kgotsa go tlhalosa bokao jwa one.

Mmaagwe kgosi o utlwa modumo a bo a tla mo phaposing e kgolo ya bojelo. O raya kgosi a re: ‘Tsweetswee o se ka wa tshoga. Go na le monna mongwe mo bogosing jwa gago yo o itseng medimo e e boitshepo. Fa rragomogolo Nebukadenesare e ne e sa ntse e le kgosi, o ne a mo dira molebedi wa banna botlhe ba gagwe ba ba botlhale. Leina la gagwe ke Daniele. Romela mongwe a ye go mmitsa mme o tla go bolelela gore dilo tseno tsotlhe di kaya eng.’

Ka jalo, ka yone nako eo Daniele o a bidiwa. Fa Daniele a sena go gana dimpho tse ba neng ba mo naya tsone, o simolola go bua lebaka la go bo Jehofa a ile a tlosa Nebukadenesare yo e leng rraagwemogolo wa ga Beleshasare mo bogosing. Daniele a re: ‘O ne a le mabela thata. Mme Jehofa a mo otlhaya.’

Daniele o raya Beleshasare a re: ‘Mme wena o ne o itse dilo tsotlhe tse di mo diragaletseng, le fa go ntse jalo o mabela fela jaaka Nebukadenesare. O tsere dikopi le dijana tsa tempele ya ga Jehofa mme wa nwela mo go tsone. O ne wa galaletsa medimo e e dirilweng ka logong le leje mme ga wa ka wa galaletsa Mmopi wa rona yo Mogolo. Ke gone ka moo Modimo a rometseng seatla gore se kwale mafoko ano.’

Daniele a re: ‘Seno ke se se kwadilweng, MENE, MENE TEKELE le PARESINE.’

‘MENE e raya gore Modimo o badile malatsi a bogosi jwa gago mme o bo fedisitse. TEKELE e raya gore o lekantswe bokete mo dikaleng mme wa fitlhelwa o sa tshwanelege. PARESINE e raya gore bogosi jwa gago bo neilwe Bameda le Baperesia.’

Fa Daniele a ntse a bua, Bameda le Baperesia ba ne ba setse ba simolotse go tlhasela Babelona. Ba gapa motse mme ba bolaya Beleshasare. Mokwalo o o mo loboteng o nna boammaaruri mo go jone bosigo joo! Mme jaanong go tla diragala eng ka Baiseraele? Re tla bona moragonyana. A re bone pele gore go diragala eng ka Daniele.