Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 83

Dithako Tsa Jerusalema

Dithako Tsa Jerusalema

BONA fela tiro e e tsweletseng fano. Baiseraele ba semeletse ba aga dithako kgotsa dipota tsa Jerusalema. Fa Kgosi Nebukadenesare a ne a senya Jerusalema dingwaga di le 152 pele ga foo, o ne a diga dithako a bo a fisa dikgoro tsa motse. Fa Baiseraele ba goroga kwa Jerusalema ga ba a ka ba tsosolosa dithako tsa motse.

O akanya gore batho ba ne ba ikutlwa jang fa ba ntse ba nna mo motseng o o se nang dithako, dingwaga di le dintsi jaana? Ba ne ba ikutlwa ba sa sireletsega. Baba ba bone ba ne ba ka tsena motlhofo fela mme ba ba tlhasela. Mme jaanong, morago ga dingwagangwaga monna yono yo o bidiwang Nehemia o thusa batho go aga dithako tsa motse gape. A o itse gore Nehemia ke mang?

Nehemia ke Moiseraele yo o tswang kwa motseng wa Shushane, kwa Moredekai le Esethere ba nnang gone. Nehemia o ne a bereka mo ntlong ya kgosi, ka jalo e ka tswa e ne e le tsala e kgolo ya ga Moredekai le Kgosigadi Esethere. Mme gone Baebele ga e bue gore Nehemia o ne a berekela monna wa ga Esethere e bong Kgosi Ahasueruse. O ne a berekela kgosi e e mo tlhatlhamang, Kgosi Aretaserese.

Gopola gore Aretaserese ke kgosi e e molemo e e neng ya naya Esera madi gore a ye go baakanya tempele ya ga Jehofa kwa Jerusalema. Le fa go ntse jalo, Esera ga a ka a aga dithako tse di oleng tsa motse. A re bone gore go tlile jang gore Nehemia a dire tiro eno.

Go setse go fetile dingwaga di le 13 fa e sa le Aretaserese a naya Esera madi a go baakanya tempele. Jaanong Nehemia ke motsholasenwelo yo mogolo wa ga Kgosi Aretaserese. Seno se raya gore ke ene a tshelelang kgosi beine, mme o tlhomamisa gore ga go ope yo o tsenyetsang kgosi botlhole. Tiro eno ke ya maemo a a kwa godimo.

Letsatsi lengwe morwarraagwe Nehemia yo o bidiwang Hanani le banna ba bangwe ba ba tswang kwa nageng ya Iseraele ba tla go etela Nehemia. Ba mmolelela mathata a Baiseraele ba nang le one, le gore dithako tsa motse di sa ntse di ole. Seno se hutsafatsa Nehemia fela thata, mme o rapela Jehofa a mmolelela ka gone.

Letsatsi lengwe kgosi e lemoga gore Nehemia o hutsafetse, mme e mmotsa gore: ‘Ke eng fa o lebega o hutsafetse jaana?’ Nehemia o mmolelela gore ke ka gonne Jerusalema e mo seemong se se maswe e bile dithako tsa yone di ole. Kgosi e mmotsa gore: ‘Ke eng se o batlang go se dira?’

Nehemia a re: ‘Ntetle ke ye Jerusalema, gore ke tsosolose dithako tsa yone.’ Kgosi Aretaserese o pelontle. O letla Nehemia a tsamaya, mme o mo thusa go bona dikgong tse a tla di dirisang go aga. Fela fa Nehemia a goroga mo Jerusalema, o bolelela batho ka maikaelelo a gagwe. Ba itumelela kakanyo ya gagwe, mme ba re: ‘A re simololeng go aga.’

Fa baba ba Baiseraele ba bona gore dithako di a ema, ba re: ‘Re tla ya go ba bolaya mme re emise tiro ya go aga.’ Le fa go ntse jalo, Nehemia o utlwa ka kgang eno, mme o naya badiri ditšhaka le marumo. A bo a ba raya a re: ‘Lo se ka lwa boifa baba ba rona. Lwelang bomorwarraalona, bana ba lona, basadi ba lona le magae a lona.’

Batho ba pelokgale tota. Ba nna ba tshotse dibetsa tsa bone bosigo le motshegare, mme ba tswelela ka go aga. Ka jalo, mo malatsing a le 52 fela dithako di a wediwa. Jaanong batho ba ikutlwa ba sireletsegile mo teng ga motse. Nehemia le Esera ba ruta batho molao wa Modimo, mme batho ba itumetse.

Mme gone, dilo ga di jaaka di ne di ntse pele ga Baiseraele ba isiwa botshwarwa kwa Babelona. Batho ba busiwa ke kgosi ya Peresia mme ba tshwanetse go e direla. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a solofeditse gore o tla romela kgosi e ntšha, le gore kgosi eo e tla tlisetsa batho kagiso. Kgosi eno ke mang? O tla tlisa kagiso jang mo lefatsheng? Go feta mo e ka nnang dingwaga di le 450 pele go ka itsiwe sepe ka kgosi eno. Go tswa foo go direga tiragalo nngwe ya botlhokwa thata ya go tsholwa ga ngwana mongwe. Mme eno ke polelo e nngwe.