Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAROLO 6

Go Tsholwa ga ga Jesu go ya Losong Lwa Gagwe

Go Tsholwa ga ga Jesu go ya Losong Lwa Gagwe

Moengele Gabariele o ne a romelwa kwa lekgarejaneng lengwe le lentle le le bidiwang Marea. O ne a mmolelela gore o tla nna le ngwana yo o tla busang e le kgosi ka bosakhutleng. Ngwana yono e bong Jesu, o ne a tsholelwa mo bonnong jwa dipitse kwa badisa ba ileng ba mo etela gone. Moragonyana, naledi e ne ya kaela banna bangwe ba kwa Botlhaba kwa ngwana a leng teng. Re ithuta gore ke mang yo o dirileng gore ba bone naledi eo, le kafa Jesu a ileng a falola ka gone mo bathong ba ba neng ba batla go mmolaya.

Go tswa foo, Jesu o setse a na le dingwaga di le 12, mme o bua le barutisi mo tempeleng. Dingwaga di le lesome le borobedi moragonyana Jesu o ne a kolobediwa, mme a simolola tiro ya go rera le go ruta ka Bogosi, e Modimo a neng a mo rometse mo lefatsheng go tla go e dira. Jesu o ne a tlhopha banna ba le 12 go mo thusa go dira tiro eno mme a ba dira baaposetoloi ba gagwe.

Gape Jesu o ne a dira dikgakgamatso di le dintsi. O ne a fepa batho ba le diketekete ka ditlhapi le dinkgwe di le mmalwa fela. O ne a fodisa batho ba ba lwalang a bo a tsosa le ba ba suleng. Go tswa foo, re tla ithuta ka dilo di le dintsi tse di diragaletseng Jesu mo letsatsing la bofelo la botshelo jwa gagwe, le ka tsela e a ileng a bolawa ka yone. Jesu o ne a rera dingwaga di ka nna tharo le halofo, ka jalo KAROLO 6 e akaretsa lobaka lo lo batlileng lo feta dingwaga di le 34.

 

MO KAROLONG ENO

POLELO 84

Moengele o Etela Marea

O tlisitse molaetsa ono o o tswang kwa Modimong: Marea o tlile go nna le ngwana yo o tla nnang kgosi ya bosakhutleng.

POLELO 85

Jesu o Tsholelwa mo Bonnong Jwa Diphologolo

Ke ka ntlha yang fa kgosi ya mo isagweng e ka tsholelwa mo diphologolo di jelang teng?

POLELO 86

Banna ba Kaelwa ke Naledi

Ke mang yo o neng a kaela balepadinaledi go ya kwa go Jesu? Karabo ya potso eno e ka nna ya go gakgamatsa.

POLELO 87

Jesu yo Mmotlana mo Tempeleng

Go na le sengwe se se tlhomologileng ka ene se se gakgamatsang le banna ba bagolwane ba ba rutang mo tempeleng.

POLELO 88

Johane o Kolobetsa Jesu

Johane o ntse a kolobetsa baleofi mme Jesu ene ga a ise a ko a leofe. Goreng Johane a mo kolobetsa?

POLELO 89

Jesu o Phepafatsa Tempele

Jesu o bontsha lorato lo lo dirang gore a galefe.

POLELO 90

O Bua le Mosadi Kwa Sedibeng

Go ka tla jang gore metsi a Jesu a a nayang mosadi yono a dire gore a se ka a tlhola a nyorwa gape?

POLELO 91

Jesu o Ruta mo Thabeng

Ithute botlhale jo bo mo Therong ya gagwe ya kwa Thabeng jo bo ka go solegelang molemo ka metlha.

POLELO 92

Jesu o Tsosa Baswi

Jesu o ne a dirisa maatla a Modimo mme a bua mafoko a mabedi fela a bo a tsosa morwadia Jairo yo o neng a sule.

POLELO 93

Jesu o Fepa Batho ba le Bantsi

Fa Jesu a ne a fepa diketekete tsa batho ka kgakgamatso, o ne a bontsha ntlha efe ya botlhokwa?

POLELO 94

O Rata Bana ba Bannye

Jesu o ruta baaposetoloi ba gagwe gore ba sa ntse ba tlhoka go ithuta go le gontsi e seng fela ka bana mme gape ba tlhoka go ithuta mo go bone.

POLELO 95

Tsela e Jesu a Rutang ka Yone

Setshwantsho sa Mosamarea yo a neng a itshupa gore ke moagelani yo o molemo ke sekai sa mokgwa wa go ruta o gantsi Jesu a neng a o dirisa.

POLELO 96

Jesu o Fodisa Balwetse

Jesu o fitlhelela eng ka dikgakgamatso tsotlhe tse a di dirang?

POLELO 97

Jesu o Tla Jaaka Kgosi

O amogelwa ke boidiidi jo bogolo jwa batho, mme ga se mongwe le mongwe yo o itumelelang seno.

POLELO 98

Mo Thabeng ya Lotlhware

Jesu o bolelela baaposetoloi ba gagwe ba le banè ka dilo tse di diragalang mo motlheng wa rona.

POLELO 99

Mo Phaposing e e Kwa Godimo

Ke eng fa Jesu a laela barutwa ba gagwe gore ba je sejo seno se se kgethegileng ngwaga le ngwaga?

POLELO 100

Jesu mo Tshimong

Ke eng fa Judase a ile a oka Jesu ka go mo atla?

POLELO 101

Jesu o a Bolawa

Fa Jesu a ntse a kokotetswe mo koteng, o dira tsholofetso ya paradaise.