Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 84

Moengele o Etela Marea

Moengele o Etela Marea

MOSADI yono yo montle ke Marea. Ke Moiseraele yo o nnang mo motseng wa Nasaretha. Modimo o a itse gore ke motho yo o molemo tota. Ke sone se a rometseng moengele wa gagwe e bong Gabariele gore a ye go bua le ene. A o itse gore Gabariele o tlile go bolelela Marea eng? A re bone.

Gabariele o mo raya a re: ‘Dumela wena yo o ratilweng segolo. Jehofa o na le wena.’ Ke la ntlha Marea a bona motho yono. Le fa go ntse jalo, ka yone nako eo Gabariele o mo ritibatsa maikutlo.

O mo raya a re: ‘Marea, o se ka wa boifa. Jehofa o go rata fela thata. Ke gone ka moo a tla go direlang sengwe se se molemo. Go ise go ye kae o tla tshola ngwana. Mme o mmitse Jesu.’

Gabariele o tswelela ka go mo tlhalosetsa jaana: ‘Ngwana yono o tla nna mogolo mme o tla bidiwa Morwa Modimo Mogodimodimo. Jehofa o tla mo dira kgosi fela jaaka Dafide. Mme Jesu ene o tla nna kgosi ka bosakhutleng mme bogosi jwa gagwe ga bo kitla bo fela!’

Marea o a botsa: ‘Seno se ka direga jang? Ga ke a nyalwa. Ke tla nna jang le ngwana ke ise ke nne le monna?’

Gabariele o mo araba a re: ‘Maatla a Modimo a tla tla mo go wena. Ka jalo ngwana o tla bidiwa Morwa Modimo.’ Go tswa foo o raya Marea a re: ‘Akanya ka Elisabetha wa losika lwa gago. Batho ba ne ba re o godile thata gore a ka tshola bana. Mme o tla tloga a tshola morwa. A o a bona jaanong gore ga go sepe se Modimo a ka palelwang ke go se dira?’

Ka yone nako eo Marea a re: ‘Ke mosetsana wa lelata wa ga Jehofa! E kete go ka ntiragalela fela jaaka o buile.’ Go tswa foo moengele o a tsamaya.

Marea o a itlhaganela o ya go etela Elisabetha. Fa Elisabetha a utlwa lentswe la ga Marea, ngwana yo o mo mpeng ya gagwe o tlola ka boitumelo. Elisabetha o tladiwa ka moya o o boitshepo wa Modimo mme o raya Marea a re: ‘O sego gareng ga basadi.’ Marea o nna le Elisabetha dikgwedi di le tharo, morago ga moo o boela gae kwa Nasaretha.

Marea o tloga a nyalana le monna mongwe yo o bidiwang Josefa. Mme fa Josefa a lemoga gore Marea o tlile go nna le ngwana, o akanya gore a se ka a tlhola a mo nyala. Mme moengele wa Modimo o mo raya a re: ‘O se ka wa boifa go tsaya Marea go nna mosadi wa gago. Ka gonne ke Modimo yo o mo neileng morwa.’ Ka jalo, Marea le Josefa ba a nyalana mme ba leta gore Jesu a tsholwe.