Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 87

Jesu yo Mmotlana mo Tempeleng

Jesu yo Mmotlana mo Tempeleng

BONA mosimane yono yo o buang le banna ba bagolo. Banna bano ke barutisi kwa tempeleng ya Modimo kwa Jerusalema. Mme mosimane yono ke Jesu. O setse a godile go se kae. Jaanong o dingwaga di le 12.

Barutisi bano ba gakgamaditswe ke go bo Jesu a itse dilo tse dintsi ka Modimo le tse di kwadilweng mo Baebeleng. Mme gone ke eng fa Josefa le Marea bone ba seyo fano? Ba kwa kae? A re bone.

Ngwaga le ngwaga Josefa o tla le ba lelapa la gagwe kwa Jerusalema go tla moletlong o o kgethegileng o o bidiwang Tlolaganyo. Ke loeto lo loleele go tswa Nasaretha go ya Jerusalema. Ga go na ope yo o nang le koloi, e bile ga go na diterena. Di ne di seyo mo motlheng oo. Bontsi jwa batho ba ne ba tsamaya ka dinao, mme go ne go ba tsaya mo e ka nnang malatsi a le mararo go goroga kwa Jerusalema.

Mo nakong eno Josefa o na le lelapa le legolo. Go na le bomonnawe Jesu le bokgaitsadie ba ba botlana ba ba tshwanetseng go tlhokomelwa. Mo ngwageng ono, Josefa le Marea le bana ba bone ba tsere loeto lo loleele go boela gae kwa Nasaretha. Ba akanya gore Jesu o na le batho ba bangwe ba ba tsereng loeto mmogo le bone. Mme fa ba goroga kwa gae, ga ba bone Jesu. Ba mmatla mo go ba losika le mo ditsaleng tsa bone, mme ga a yo! Ka jalo, ba boela Jerusalema go ya go mmatla teng.

La bofelo ba fitlhela Jesu a na le barutisi. O ba reeditse e bile o ba botsa dipotso. Batho botlhe ba gakgamaditswe ke tsela e Jesu a leng botlhale ka yone. Mme Marea o mo raya a re: ‘Ngwanaka, ke ka ntlha yang fa o re dirile selo seno? Nna le rrago re ne re tshwenyegile thata re leka go go batla.’

Jesu o ba araba jaana: ‘Ke ka ntlha yang fa lo ne lo tshwanetse go mpatla? A lo ne lo sa itse gore ke tshwanetse ka bo ke le mo ntlong ya ga Rre?’

Ee, Jesu o rata go nna kwa a ka ithutang ka Modimo gone. A ga se tsela e le rona re tshwanetseng go ikutlwa ka yone? Fa Jesu a le kwa gae kwa Nasaretha, o ne a ya dipokanong beke nngwe le nngwe go ya go obamela. O ne a ithuta dilo di le dintsi mo Baebeleng ka gonne ka metlha a ne a reetsa ka tlhoafalo. A re tshwaneng le Jesu mme re latele sekao sa gagwe.