Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 88

Johane o Kolobetsa Jesu

Johane o Kolobetsa Jesu

A O BONA lephoi le le kotamang mo tlhogong ya monna? Monna yono ke Jesu. Jaanong o dingwaga di ka nna 30. Monna yo o nang le ene ke Johane. Re setse re ithutile sengwe ka ene. A o gopola fa Marea a ne a etetse Elisabetha wa losika lwa gagwe, mme ngwana yo o mo mpeng ya ga Elisabetha a tlola ka boipelo? Ngwana yoo yo o neng a ise a tsholwe e ne e le Johane. Mme jaanong ke eng se Johane le Jesu ba se dirang?

Johane o fetsa go ina Jesu mo metsing a Noka ya Joredane. Ke kafa motho a tshwanetseng go kolobediwa ka gone. La ntlha, o tsenngwa mo metsing, mme a bo a ntshiwa gape. E re ka eno e ne e le tiro ya ga Johane, o bidiwa Johane Mokolobetsi. Mme gone ke ka ntlha yang fa Johane a ile a kolobetsa Jesu?

Johane o ne a dira seno ka gonne Jesu a ile a tla mo go ene mme a mo kopa gore a mo kolobetse. Johane o kolobetsa batho ba ba batlang go bontsha gore ba ikwatlhaela dilo tse di bosula tse ba di dirileng. A mme gone Jesu o kile a dira sengwe se se bosula se a ka se ikwatlhaelang? Nnyaa, Jesu ga a ise a ko a dire sepe se se bosula, ka gonne ke Morwa wa Modimo yo o tswang legodimong. Ka jalo, o ne a kopa Johane gore a mo kolobetse ka ntlha ya lebaka le le farologaneng. A re bone gore lebaka leo e ne e le lefe.

Pele ga Jesu a ya kwa go Johane, e ne e le mmetli. Mmetli ke motho yo o dirang dilo ka logong, tse di jaaka ditafole, ditulo le dibanka. Monna wa ga Marea e ne e le mmetli, mme o ne a ruta Jesu gore le ene a nne mmetli. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a sa romela Morwawe mo lefatsheng go tla go nna mmetli. Go na le tiro nngwe e e kgethegileng e morwawe a tletseng go e dira, mme jaanong nako ya gore Jesu a simolole tiro eo e gorogile. Ka jalo, go bontsha gore jaanong Jesu o tletse go tla go dira thato ya ga Rraagwe, o kopa Johane gore a mo kolobetse. A Modimo o itumelela seno?

Ee, o itumetse ka gonne fa Jesu a tswa mo metsing, go utlwala lentswe le le tswang kwa legodimong le re: ‘Yono ke Morwaake, yo ke mo itumelelang.’ Gape, go bonala magodimo a ile a bulega mme lephoi leno le bo le tla le kotama mo go Jesu. Mme gone ga se lephoi la mmatota. Ke fela gore le lebega jaaka lone. Tota ke moya o o boitshepo wa Modimo.

Jaanong Jesu o na le dilo tse dintsi tse a tshwanetseng go akanya ka tsone, ka jalo o ya kwa lefelong le le se nang ope ka malatsi a le 40. Fa a le koo, Satane o tla kwa go ene. Mme o leka ka makgetlo a le mararo go raela Jesu go dira sengwe se se kgatlhanong le melao ya Modimo. Le fa go ntse jalo, Jesu ga a dire jalo.

Morago ga moo, Jesu o a boa mme o kopana le banna bangwe ba ba nnang balatedi ba gagwe ba ntlha kgotsa barutwa. Mangwe a maina a bone ke Anderea, Petere (yo gape a bidiwang Simone), Filipo le Nathanaele (yo gape a bidiwang Barotholomeo). Jesu le barutwa bano ba basha ba ya kwa kgaolong ya Galalea. Fa ba le kwa Galalea, ba tsena kwa motseng wa Kana wa gaabo Nathanaele. Fa Jesu a le koo, o ya kwa moletlong o mogolo wa lenyalo, mme o dira kgakgamatso ya gagwe ya ntlha. A o itse gore ke efe? O fetola metsi go nna beine.