Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 90

O Bua le Mosadi Kwa Sedibeng

O Bua le Mosadi Kwa Sedibeng

JESU o eme fa sedibeng kwa Samarea gore a ikhutse. Barutwa ba gagwe ba ile kwa motseng go ya go reka dijo. Mosadi yo Jesu a buang le ene o tlile go ga metsi. Jesu o mo raya a re: ‘Ntshiele metsi ke nwe.’

Seno se gakgamatsa mosadi yono fela thata. A o itse gore ka ntlha yang? Ke ka gonne Jesu ke Mojuda mme ene ke Mosamarea. Mme bontsi jwa Bajuda ga ba rate Basamarea. Tota e bile ba ka se bue le bone! Le fa go ntse jalo, Jesu ene o rata batho ba ditso tsotlhe. Ka jalo o raya mosadi a re: ‘Fa o ne o itse gore ke mang yo o go kopang metsi, o ka bo o kopile ene mme o ne a tla go naya metsi a a nayang botshelo.’

Mosadi o mo raya a re: ‘Rra, sediba se boteng, e bile ga o na le fa e le kgamelo. O tla tsaya kae metsi a a nayang botshelo?’

Jesu o tlhalosa jaana: ‘Fa o nwa metsi a a tswang mo sedibeng seno o tla tshwarwa ke lenyora gape. Mme metsi a ke tla go a nayang a dira gore motho a tshelele ruri.’

Mosadi o mo raya a re: ‘Rra, nneye metsi ano! Gore ke se ka ka nyorwa gape. E bile nka se tlhole ke tla mo sedibeng seno go tla go ga metsi.’

Mosadi yono o akanya gore Jesu o bua ka metsi a mmatota. Le fa go ntse jalo, Jesu o bua ka boammaaruri jo bo ka ga Modimo le bogosi jwa gagwe. Boammaaruri jono ke metsi a a nayang botshelo. Bo ka kgona go naya motho botshelo jo bo sa khutleng.

Jaanong Jesu o raya mosadi a re: ‘Tsamaya o ye go bitsa monna wa gago mme o boele kwano.’

Mosadi o araba ka gore, ‘Ga ke na monna.’

Jesu o mo raya a re: ‘O nepile. Mme gone o kile wa nna le banna ba le batlhano, le ene yo o nnang le ene gone jaanong ga se wa gago.’

Mosadi yono o gakgametse ka gonne seno sotlhe ke boammaaruri. Go tlile jang gore Jesu a itse dilo tseno? Ke ka gonne Jesu ke ene Morongwa yo o Solofeditsweng wa Modimo, mme Modimo o mo naya tshedimosetso eo. Ka yone nako eo, barutwa ba ga Jesu ba a boa, mme ba gakgametse ka gonne a bua le mosadi wa Mosamarea.

Re ithuta eng mo go seno sotlhe? Se bontsha gore Jesu o pelonomi mo bathong ba ditso tsotlhe. Mme le rona re tshwanetse go nna jalo. Ga re a tshwanela go akanya gore batho ba bangwe ba bosula ka gonne e le ba lotso lo lo rileng. Jesu o batla gore batho botlhe ba itse boammaaruri jo bo isang kwa botshelong jo bo sa khutleng. Mme le rona re tshwanetse go batla go thusa batho go ithuta boammaaruri.