Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 91

Jesu o Ruta mo Thabeng

Jesu o Ruta mo Thabeng

A O BONA mo Jesu a ntseng teng? O ruta batho bano botlhe mo thabeng kwa Galalea. Ba ba ntseng gaufi thata le ene ke barutwa ba gagwe. O tlhophile ba le 12 ba bone go nna baaposetoloi. Baaposetoloi ke barutwa ba ba kgethegileng ba ga Jesu. A o itse maina a bone?

Go na le Simone Petere le morwarraagwe e bong Anderea. Gape go na le Jakobe le Johane, ba le bone e leng bana ba motho. Moaposetoloi yo mongwe o bidiwa Jakobe mme yo mongwe o bidiwa Simone. Baaposetoloi ba babedi ba bidiwa Judase. Yo mongwe ke Judase Isekariota, mme Judase yo mongwe o bidiwa gape ka leina la Thadaeo. Mme ba bangwe ke Filipo le Nathanaele (yo gape a bidiwang Barotholomeo), le Mathaio le Thomase.

Fa ba sena go boa kwa Samarea, Jesu o ne a simolola go rera ka lekgetlo la ntlha a re: ‘Bogosi jwa magodimo bo atametse.’ A o itse gore bogosi joo ke eng? Ke puso ya mmatota ya Modimo. Jesu ke ene kgosi ya jone. O tla busa a le kwa legodimong mme o tla tlisa kagiso mo lefatsheng. Bogosi jwa Modimo bo tla dira lefatshe lotlhe paradaise e ntle.

Jesu o ruta batho bano ka bogosi joo. O ba raya a re: ‘Lo tshwanetse go rapela jaana. Rraetsho yo o kwa legodimong, a leina la gago le itshepisiwe. A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e dirwe mo lefatsheng jaaka kwa legodimong.’ Batho ba le bantsi ba e bitsa ‘Thapelo ya Morena.’ Ba bangwe ba e bitsa ‘Thapelo ya Rara wa Rona.’ A o ka kgona go bua thapelo eno yotlhe?

Gape Jesu o ruta batho kafa ba tshwanetseng go tshwara ba bangwe ka gone. O ba raya a re: ‘Direlang ba bangwe se lo batlang ba se lo direla.’ A ga o itumele fa ba bangwe ba go bontsha bopelonomi? Ka jalo, Jesu a re re tshwanetse go nna pelonomi mo go ba bangwe. Ruri go tla bo go itumedisa tota kwa paradaiseng fa mongwe le mongwe a tla bo a kgona go dira jalo!