Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 92

Jesu o Tsosa Baswi

Jesu o Tsosa Baswi

MOSETSANA yo o mmonang yono o dingwaga di le 12. Jesu o mo tshwere ka seatla, mme mmaagwe le rraagwe ba eme fa gaufi. A o itse gore ke ka ntlha yang fa ba lebega ba itumetse jaana? A re bone.

Rraagwe mosetsana yono ke monna yo o tlotlegang yo o bidiwang Jairo. Letsatsi lengwe morwadie o a lwala mme o robadiwa mo bolaong. Le fa go ntse jalo, ga a nne botoka. Go na le moo, bolwetse jwa gagwe bo a gakala. Jairo le mosadi wa gagwe ba tshwenyegile fela thata, ka gonne go bonala mosetsana wa bone a tlile go swa. Ke ene ngwana a le mongwe fela wa bone. Ka jalo, Jairo o ya go batla Jesu. O utlwile ka dikgakgamatso tse Jesu a di dirang.

Fa Jairo a bona Jesu, o mo fitlhela a dikaganyeditswe ke batho ba le bantsi. Le fa go ntse jalo, Jairo o ralala boidiidi jono a bo a wela fa dinaong tsa ga Jesu. A bo a re: ‘Morwadiake o lwala fela thata.’ O kopa Jesu jaana: ‘Tsweetswee, a re ye o ye go mo fodisa.’ Jesu o mo raya a re o tla tla.

Fa ba ntse ba tsamaya, boidiidi bo nna bo mo pitlaganyetsa. Ka tshoganyetso fela Jesu o a ema. A bo a botsa jaana: ‘Ke mang yo o nkgomileng?’ Jesu o utlwa maatla a tswa mo go ene, ka jalo o itse gore mongwe o mo kgomile. Mme gone ke mang? Ke mosadi yo o ntseng a lwala thata ka dingwaga di le 12. O ne a tla a kgoma diaparo tsa ga Jesu, mme a fola!

Seno se dira gore Jairo a itumele ka gonne a bona kafa go leng motlhofo ka gone gore Jesu a fodise mongwe. Mme go tla morongwa mongwe. O raya Jairo a re: ‘O se ka wa tshwenya Jesu. Morwadio o sule.’ Jesu o utlwa seno mme o raya Jairo a re: ‘O se ka wa tshwenyega, morwadio o tla siama.’

La bofelo fa ba tsena kwa ntlong ya ga Jairo, ba fitlhela batho ba lela e bile ba hutsafetse fela thata. Mme Jesu o ba raya a re: ‘Tlogelang go lela. Ngwana ga a swa. O robetse.’ Le fa go ntse jalo, ba tshega Jesu e bile ba a mo sotla, ka gonne ba itse gore ngwana o sule.

Go tswa foo, Jesu o tsaya rraagwe ngwana le mmaagwe le baaposetoloi ba gagwe ba bararo mme ba tsena mo phaposing e ngwana a leng mo go yone. O mo tshwara ka seatla a bo a re: ‘Tsoga!’ Mme ngwana yono o tshela gape, jaaka fa o bona fano. O ema ka dinao a bo a tsamayatsamaya! Ke ka lebaka leo mmaagwe le rraagwe ba itumetseng thata jaana.

Yono ga se ene motho wa ntlha yo Jesu a mo tsositseng mo baswing. Motho wa ntlha yo Baebele e buang ka ene ke morwa wa motlholagadi yo o nnang kwa motseng wa Naina. Moragonyana Jesu o ne a tsosa le Lasaro mo baswing, kgaitsadie Marea le Maratha. Fa Jesu a busa e le kgosi e e tlhomilweng ke Modimo, o tla tsosa batho ba le bantsintsi gore ba tshele gape. A ga re itumelele seno?