Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 98

Mo Thabeng ya Lotlhware

Mo Thabeng ya Lotlhware

JESU o mo Thabeng ya Lotlhware. Banna ba le banè ba ba nang le ene ke baaposetoloi ba gagwe. Ke Anderea le Petere ba e leng bana ba motho, le Jakobe le Johane ba le bone e leng bana ba motho. Kago e o e bonang kgakalanyana eo ke tempele ya Modimo e e mo Jerusalema.

E setse e le malatsi a le mabedi fa e sa le Jesu a tla mo Jerusalema a palame eselana. Go Labobedi. Mo mosong wa letsatsi leo Jesu o ne a le kwa tempeleng. Fa a le koo, baperesiti ba ne ba leka go mo tshwara gore ba mmolaye. Le fa go ntse jalo, ba ne ba boifa go dira jalo ka gonne batho ba rata Jesu.

Jesu o ne a bitsa baeteledipele bao ba bodumedi a re ke: ‘Dinoga le bana ba dinoga!’ Go tswa foo Jesu o ne a re Modimo o tla ba otlhaya ka ntlha ya ditiro tse di bosula tse ba neng ba di dirile. Morago ga moo, Jesu o ne a tla mo Thabeng ya Lotlhware, mme barutwa bano ba banè ba simolola go mmotsa dipotso. A o itse gore ba botsa Jesu eng?

Baaposetoloi ba botsa ka dilo tsa mo nakong e e tlang. Ba itse gore Jesu o tla fedisa bosula jotlhe mo lefatsheng. Mme gone ba batla go itse gore seno se tla diragala leng. Jesu o tla tla leng gape go tla go busa e le Kgosi?

Jesu o itse gore balatedi ba gagwe ba ba mo lefatsheng ga ba ka ke ba kgona go mmona fa a tla gape. Ka gonne o tla bo a le kwa legodimong, mme ga ba kitla ba kgona go mmona fa a le koo. Ka jalo, Jesu o bolelela baaposetoloi ba gagwe dilo dingwe tse di tla bong di diragala mo lefatsheng fa a busa e le Kgosi kwa legodimong. Dingwe tsa dilo tseno ke dife?

Jesu o ba raya a re go tla nna le dintwa tse dikgolo, batho ba le bantsi ba tla lwala le go bolawa ke tlala, go tla nna le bokebekwa jo bo maswe e bile go tla nna le dithoromo tsa lefatshe tse dikgolo. Gape Jesu o ba raya a re dikgang tse di molemo tsa bogosi jwa Modimo di tla rerwa gongwe le gongwe mo lefatsheng. A re bona dilo tseno di direga mo nakong e re tshelang mo go yone? Ee! Ka jalo, re ka tlhomamisega gore jaanong Jesu o a busa kwa legodimong. Go ise go ye kae o tla fedisa bosula jotlhe mo lefatsheng.