Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 101

Jesu o a Bolawa

Jesu o a Bolawa

AKO o bone selo se se utlwisang botlhoko se se diragalang! Jesu o a bolawa. Ba mo pegile mo koteng. Ba mo kokotela ka dipekere mo diatleng le mo maotong. Ke ka ntlha yang fa ba ka dira Jesu selo se se ntseng jaana?

Ke ka gonne batho bangwe ba tlhoile Jesu. A o itse gore ke bomang? Mongwe wa bone ke moengele yo o bosula e bong Satane Diabolo. Ke ene yo o neng a dira gore Adame le Efa ba se ka ba ikobela Jehofa. Gape Satane ke ene a dirang gore baba ba ga Jesu ba dire selo se se bosula jaana.

Tota le pele ga Jesu a kokotelwa mo koteng, baba ba gagwe ba mo dira dilo tse di maswe. A o gopola kafa ba ileng ba tla ka gone kwa tshimong ya Gethesemane ba bo ba mo tsaya? Baba bao e ne e le bomang? E ne e le baeteledipele ba bodumedi. Jaanong a re bone se se diragalang morago ga moo.

Fa baeteledipele ba bodumedi ba tsaya Jesu, baaposetoloi ba gagwe ba a tshaba. Ba tlogela Jesu a le nosi le baba ba gagwe ka gonne ba tshogile. Le fa go ntse jalo, moaposetoloi Petere le Johane bone ga ba tsamaele kgakala. Ka jalo, ba ba sala morago gore ba bone se se diragalelang Jesu.

Baperesiti ba isa Jesu kwa monnamogolong yo o bidiwang Anase, yo e kileng ya bo e le moperesiti yo mogolo. Boidiidi jono ga bo nne koo lobaka lo loleele. Go tswa foo ba isa Jesu kwa ntlong ya ga Kaiafase yo jaanong e leng moperesiti yo mogolo. Baeteledipele ba bodumedi ba le bantsi ba phuthegetse mo ntlong ya gagwe.

Ba mo sekisetsa mo ntlong eno ya ga Kaiafase. Go tlisiwa batho gore ba tle go bua maaka ka Jesu. Baeteledipele ba bodumedi botlhe ba re: ‘Jesu o tshwanetse go bolawa.’ Go tswa foo ba mo kgwela mathe ba bo ba mo itaya ka mabole.

Fa dilo tseno tsotlhe di ntse di direga, Petere o eme kwa ntle mo lolwapeng. Go tsididi mo bosigong joo, ka jalo batho ba gotsa molelo. Fa ba ntse ba ithuthafatsa mo molelong, mosetsana mongwe wa lelata o leba Petere mme a bo a re: ‘Monna yono le ene o ne a na le Jesu.’

Petere o araba jaana: ‘Nnyaa, ke ne ke se na le ene!’

Batho ba bolelela Petere ka makgetlo a le mararo gore o ne a na le Jesu. Le fa go ntse jalo, mo makgetlong ao otlhe Petere o ba raya a re seno ga se boammaaruri. Mo lekgetlong la boraro fa Petere a bua seno, Jesu o a retologa a bo a mo leba. Petere o hutsafala fela thata ka go bo a buile maaka, mme o a tsamaya a bo a lela mo go botlhoko.

Fa letsatsi le tlhaba mo mosong wa Labotlhano, baperesiti ba isa Jesu kwa lefelong la bone le legolo le ba phuthegelang kwa go lone, e leng holo ya Sanehederine. Fa ba le koo, ba buisana ka gore ba tlile go dira eng ka ene. Ba mo isa kwa go Ponto Pilato, yo e leng mmusi wa kgaolo ya Judea.

Baperesiti ba raya Pilato ba re: ‘Monna yono o bosula. O tshwanetse go bolawa.’ Fa Pilato a sena go botsa Jesu dipotso, o ba raya a re: ‘Ga ke bone sepe se se phoso se a se dirileng.’ Go tswa foo Pilato o romela Jesu kwa go Herode Antipase. Herode ke mmusi wa Galalea, le fa go ntse jalo o nna mo Jerusalema. Herode le ene ga a bone sepe se se phoso se Jesu a se dirileng, ka jalo o mmusetsa gape kwa go Pilato.

Pilato o batla go golola Jesu. Le fa go ntse jalo, baba ba ga Jesu ba batla gore go gololwe legolegwa le lengwe mo boemong jwa gagwe. Monna yono ke Barabase wa sekebekwa. Jaanong ke mo e ka nnang motshegare fa Pilato a ntshetsa Jesu kwa ntle. O raya batho a re: ‘Bonang! Kgosi ya lona!’ Le fa go ntse jalo, baperesiti ba bagolo ba goeletsa jaana: ‘Mo ntsheng fa! Mmolaye! Mmolaye!’ Ka jalo Pilato o golola Barabase mme ba tsaya Jesu ba ya go mmolaya.

Mo thapameng ya Labotlhano Jesu o kokotelwa mo koteng. Le fa gone o sa kgone go ba bona mo setshwantshong, mo letlhakoreng lengwe le lengwe la ga Jesu go na le sekebekwa se se kokotetsweng mo koteng. Pele fela Jesu a swa, mongwe wa dikebekwa tseno o mo raya a re: ‘O nkgopole fa o tsena mo bogosing jwa gago.’ Mme Jesu o mo raya a re: ‘Ke go solofetsa gore o tla nna le nna mo Paradaiseng.’

A eno ga se tsholofetso e e itumedisang? A o itse gore Paradaise e Jesu a buang ka yone ke eng? Paradaise e Modimo a neng a e dirile kwa tshimologong e ne e le kwa kae? Mo lefatsheng. Mme fa Jesu a busa e le kgosi kwa legodimong, o tla tsosa monna yono mo baswing gore a itumelele botshelo mo Paradaiseng e ntšha mo lefatsheng. A ga re itumelele seno?