Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAROLO 7

Tsogo ya ga Jesu go ya Kwa go Golegweng ga ga Paulo

Tsogo ya ga Jesu go ya Kwa go Golegweng ga ga Paulo

Jesu o ne a tsosiwa mo baswing mo letsatsing la boraro fa a sena go swa. Mo go lone letsatsi leo, o ne a iponatsa mo balateding ba gagwe makgetlo a le matlhano a a farologaneng. Jesu o ne a nna a iponatsa mo go bone ka malatsi a le 40. Go tswa foo, o ne a tlhatlogela kwa legodimong barutwa bangwe ba gagwe ba ntse ba mo lebile. Malatsi a le lesome moragonyana, Modimo o ne a tshololela moya o o boitshepo mo balateding ba ga Jesu ba ba letileng mo Jerusalema.

Morago ga moo, baba ba Modimo ba ne ba dira gore baaposetoloi ba tsenngwe mo kgolegelong, le fa go ntse jalo moengele o ne a ba golola. Baganetsi ba ne ba bolaya morutwa Setefane ka go mo kgobotletsa ka maje. Re ithuta kafa Jesu a ileng a tlhopha ka gone mongwe wa baganetsi bano gore e nne motlhanka wa gagwe yo o kgethegileng, mme motlhanka yoo o ne a nna moaposetoloi Paulo. Dingwaga di le tharo le halofo morago ga loso lwa ga Jesu, Modimo o ne a romela moaposetoloi Petere go ya go rerela monna mongwe yo e seng Mojuda yo o bidiwang Korenelio le ba lelapa la gagwe.

Mo e ka nnang dingwaga di le 13 moragonyana, Paulo o simolola loeto lwa gagwe lwa ntlha lwa go rera. Fa a le mo loetong lwa gagwe lwa bobedi, Timotheo o tsamaya le ene. Re ithuta kafa Paulo le ditsala tsa gagwe tse a neng a tsamaya le tsone ba neng ba nna le dinako tse dintsi tse di itumedisang ka gone fa ba ntse ba direla Modimo. La bofelo Paulo o ne a tsenngwa mo kgolegelong kwa Roma. Dingwaga di le pedi moragonyana o ne a gololwa, le fa go ntse jalo o ne a tsenngwa gape mo kgolegelong mme a bolawa. Ditiragalo tse di mo KAROLO 7 di diragetse mo lobakeng lo lo fetang dingwaga di ka nna 32.

 

MO KAROLONG ENO

POLELO 102

Jesu o a Tshela

Fa moengele a sena go sutisa leje le le neng le tswetse lebitla la ga Jesu, masole a a disitseng lebitla a ba sala ba gamaregile ka ntlha ya se ba se bonang mo teng.

POLELO 103

Mo Phaposing e e Lotletsweng

Ke eng fa barutwa ba ga Jesu ba sa lemoge gore ke ene fa a sena go tsosiwa?

POLELO 104

Jesu o Boela Legodimong

Pele Jesu a tlhatlogela kwa legodimong, o naya barutwa ba gagwe taelo ya bofelo.

POLELO 105

Ba Letile mo Jerusalema

Ke eng fa Jesu a ile a tshololela moya o o boitshepo mo barutweng ka Pentekosete?

POLELO 106

Ba Gololwa mo Kgolegelong

Baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba tsenya baaposetoloi mo kgolegelong e le go ba thibela go rera, mme Modimo ene o a ba golola.

POLELO 107

Setefane o Kgobotlediwa ka Maje

Fa Setefane a ntse a bolawa, o rapela thapelo e e sa tlwaelegang. Ke eng se a se buang.

POLELO 108

Mo Tseleng e e Yang Damaseko

Lesedi le le foufatsang le lentswe le le tswang legodimong di fetola botshelo jwa ga Saulo.

POLELO 109

Petere o Etela Korenelio

A Modimo o leba batho ba lotso kgotsa setšhaba se sengwe ba le botoka mo go ba bangwe?

POLELO 110

Timotheo—Mothusi yo Mosha wa ga Paulo

Timotheo o tlogela legae la gaabo gore a tsamaye le Paulo mo loetong lwa go rera lo lo itumedisang.

POLELO 111

Mosimane yo o Neng a Robala

Yutiko o ne a robala fa Paulo a beile puo ya gagwe ya ntlha, mme e seng ka puo ya gagwe ya bobedi. Se se diragetseng magareng ga dipuo tseno tse pedi e ne e le kgakgamatso e kgolo.

POLELO 112

Sekepe se Thubega mo Setlhaketlhakeng

Fela fa botlhe ba ne ba setse ba felelwa ke tsholofelo, Paulo o amogela molaetsa o o tswang kwa Modimong o o mo nayang tsholofelo.

POLELO 113

Paulo Kwa Roma

Paulo a ka kgona go dira tiro ya gagwe ya go nna moaposetoloi jang e le legolegwa?