Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 102

Jesu o a Tshela

Jesu o a Tshela

A O ITSE gore mosadi yono le banna bano ba babedi ke bomang? Mosadi yono ke Marea Magadalena, tsala ya ga Jesu. Mme banna ba ba apereng diaparo tse ditshweu ke baengele. Phaposi eno e nnye e Marea a okometseng mo go yone ke lefelo le mmele wa ga Jesu o neng wa tsenngwa mo go lone fa a sena go swa. E bidiwa lebitla. Mme jaanong mmele wa gagwe ga o yo! Ke mang yo o o tsereng? A re bone.

Fa Jesu a sena go swa, baperesiti ba raya Pilato ba re: ‘Fa Jesu a sa ntse a tshela, o ne a re o tla tsosiwa mo baswing morago ga malatsi a le mararo. Ka jalo, laela gore lebitla le disiwe. Gore barutwa ba gagwe ba se ka ba utswa mmele wa gagwe mme ba bo ba re o tsositswe mo baswing!’ Pilato o laela baperesiti go romela masole gore a ye go disa lebitla.

Le fa go ntse jalo, ka makuku mo letsatsing la boraro Jesu a sena go swa, ka tshoganyetso fela moengele wa ga Jehofa o a tla. O pitikolola leje mme o le ntsha mo lebitleng. Masole a tshogile fela thata mo a sa kgoneng le go tshikinyega. La bofelo fa ba leba mo lebitleng, mmele wa ga Jesu ga o yo! Masole a mangwe a ya kwa motseng go ya go bolelela baperesiti. A o itse gore baperesiti bano ba ba bosula ba dira eng? Ba duela masole gore a bue maaka. Baperesiti ba raya masole ba re: ‘Lo bue lo re barutwa ba gagwe ba ne ba tla bosigo re sa ntse re robetse mme ba utswa mmele wa gagwe.’

Ka yone nako eo, basadi bangwe ba ditsala tsa ga Jesu ba ya kwa lebitleng. Ba gakgametse tota fa ba fitlhela lebitla le se na sepe! Ka tshoganyetso fela go bonala baengele ba babedi ba apere diaparo tse di phatsimang. Ba botsa basadi bano jaana: ‘Ke ka ntlha yang fa lo batla Jesu fano? O tsositswe mo baswing. Itlhaganeleng mme lo bolelele barutwa ba gagwe.’ Basadi bano ba betsega ka lobelo! Mme fa ba le mo tseleng monna mongwe o a ba emisa. A o itse gore ke mang? Ke Jesu! O ba raya a re: ‘Tsamayang lo ye go bolelela barutwa ba me.’

Fa basadi ba bolelela barutwa gore Jesu o a tshela le gore ba mmone, barutwa ba fitlhela go le thata go dumela seno. Petere le Johane ba tabogela kwa lebitleng go ya go iponela, le fa go ntse jalo ba fitlhela lebitla le se na sepe! Fa Petere le Johane ba tsamaya, Marea Magadalena o sala kwa morago. O okomela mo lebitleng mme o bona baengele ba babedi.

A o itse gore go diragetse eng ka mmele wa ga Jesu? Modimo o dirile gore o nyelele. Modimo ga a ka a tsosa Jesu ka mmele wa nama o a neng a na le one pele ga a swa. O ne a naya Jesu mmele wa semoya o o tshwanang le wa baengele kwa legodimong. Le fa go ntse jalo, Jesu o kgona go ikapesa mmele o batho ba o bonang gore a bontshe barutwa ba gagwe gore o a tshela. Re tla ithuta ka seno.