Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 103

Mo Phaposing e e Lotletsweng

Mo Phaposing e e Lotletsweng

FA Petere le Johane ba sena go tswa kwa lebitleng le mmele wa ga Jesu o neng o le mo go lone, Marea o sala a le nosi koo. O simolola go lela. Go tswa foo, o a obega a bo a okomela mo teng ga lebitla, jaaka re bone mo setshwantshong se se fetileng. O bona baengele ba le babedi mo teng! Ba mmotsa jaana: ‘O lelela eng?’

Marea o araba jaana: ‘Ba tsere Morena wa me, mme ga ke itse kwa ba mmeileng gone.’ Go tswa foo Marea o a retologa mme o bona monna mongwe. Monna yoo o mmotsa jaana: ‘Ke mang yo o mmatlang?’

Marea o akanya gore monna yono ke modiri wa mo tshimong le gore gongwe a ka tswa a tsere mmele wa ga Jesu. Ka jalo, Marea a re: ‘Fa e le gore ke wena o mo tsereng, mpolelele gore o mmeile kae.’ Le fa go ntse jalo, tota monna yono ke Jesu. O mo mmeleng o Marea a sa o itseng. Mme fa Jesu a mmitsa ka leina, Marea o lemoga gore ke Jesu. O tabogela kwa barutweng mme o ba raya a re: ‘Ke bone Morena!’

Moragonyana mo go lone letsatsi leo, fa barutwa bangwe ba babedi ba ya kwa motseng wa Emao, monna mongwe o tsamaya le bone. Barutwa bano ba hutsafetse ka gonne Jesu o bolailwe. Mme fa ba ntse ba tsamaya, monna yono o tlhalosa dilo di le dintsi tse di tswang mo Baebeleng tse di dirang gore ba ikutlwe ba le botoka. Kgabagare, fa barutwa bano ba ema gore ba je, ba lemoga gore monna yono ke Jesu. Go tswa foo, Jesu o a nyelela mme barutwa bano ba babedi ba a itlhaganela ba boela kwa Jerusalema go ya go bolelela baaposetoloi ka ga Jesu.

Fa dilo tseno di ntse di diragala, Jesu o iponatsa le kwa go Petere. Barutwa ba bangwe ba a itumela fa ba utlwa seno. Barutwa bano ba babedi ba ya Jerusalema mme ba bona baaposetoloi. Ba ba bolelela kafa Jesu a iponaditseng mo go bone ka gone fa ba le mo tseleng. Mme fa ba ntse ba bua ka seno, a o itse gore go direga eng se se gakgamatsang?

Leba setshwantsho seno. Jesu o bonala mo phaposing eno, tota le fa lebati le lotletswe. Ruri barutwa ba itumetse! A leno ga se letsatsi le le itumedisang? A o ka kgona go bala makgetlo a Jesu a iponaditseng ka one mo balateding ba gagwe go tla go fitlha jaanong? A o badile makgetlo a le matlhano?

Fa Jesu a iponatsa mo go bone, moaposetoloi Thomase o ne a seyo. Ka jalo, barutwa ba bangwe ba mo raya ba re: ‘Re bone Morena!’ Le fa go ntse jalo, Thomase a re fa a ka iponela Jesu ka boene ke gone a ka dumelang. Mme malatsi a le robedi moragonyana, barutwa ba phuthegile mmogo gape mo phaposing e e kwa godimo, mo lekgetlong leno Thomase o na le bone. Ka tshoganyetso fela Jesu o iponatsa gape mo go bone mo phaposing eno. Jaanong Thomase o a dumela.