Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 104

Jesu o Boela Legodimong

Jesu o Boela Legodimong

FA MALATSI a ntse a feta, Jesu o iponatsa mo balateding ba gagwe ka makgetlo a le mantsi. Mo lekgetlong le lengwe o bonwa ke barutwa ba ka nna 500. Fa Jesu a iponatsa mo go bone, a o itse gore o bua le bone ka eng? Ka bogosi jwa Modimo. Jehofa o rometse Jesu mo lefatsheng go tla go ruta ka Bogosi. Mme o nna a dira seno tota le fa a sena go tsosiwa mo baswing.

A o sa ntse o gopola gore bogosi jwa Modimo ke eng? Ee, ke puso ya mmatota ya Modimo e e kwa legodimong, mme Jesu ke Ene yo Modimo a mo tlhophileng go nna kgosi. Jaaka re setse re ithutile, ruri Jesu o ile a itshupa gore o tla nna kgosi e e molemo tota fa a ne a fepa ba ba tshwerweng ke tlala, a fodisa ba ba lwalang, le e leng go tsosa batho ba ba suleng gore ba tshele gape!

Jaanong, fa Jesu a setse a busa e le kgosi kwa legodimong ka dingwaga di le sekete, go tla bo go ntse jang mo lefatsheng? Lefatshe lotlhe le tla fetoga go nna paradaise e ntle. Go tla bo go sa tlhole go na le dintwa, kgotsa bokebekwa, kgotsa bolwetse le e leng lone loso tota. Re itse gore seno se boammaaruri ka gonne Modimo o ne a dirile lefatshe gore e nne paradaise e batho ba tla itumelelang go tshela mo go yone. Ke gone ka moo kwa tshimologong a neng a dirile tshingwana ya Edene. Mme Jesu o tla tlhomamisa gore kgabagare se Modimo a batlang se dirwa, se a diragala.

Jaanong ke nako ya gore Jesu a boele kwa legodimong. Jesu o ne a ntse a iponatsa mo barutweng ba gagwe ka malatsi a le 40. Ka jalo, ba tlhatswegile pelo gore o a tshela. Le fa go ntse jalo, pele Jesu a tsamaya, o ba raya a re: ‘Nnang mo Jerusalema mme lo lete go fitlha lo amogela moya o o boitshepo.’ Moya o o boitshepo ke maatla a Modimo a a dirang, o tshwana le phefo e e fokang, e e tla thusang balatedi ba gagwe go dira thato ya Modimo. Kwa bofelong, Jesu o ba raya a re: ‘Lo tshwanetse go rera ka ga me go fitlha kwa dikarolong tse di kgakalakgakala tsa lefatshe.’

Fa Jesu a sena go bua jalo, go direga sengwe se se gakgamatsang. O simolola go ya kwa godimo kwa legodimong, jaaka fa o bona. Go tswa foo, leru le a mo khurumetsa mme barutwa ba gagwe ga ba tlhole ba mmona gape. Jesu o ya legodimong, mme o simolola go busa balatedi ba gagwe ba ba mo lefatsheng a le koo.