Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 105

Ba Letile mo Jerusalema

Ba Letile mo Jerusalema

BATHO bano ke balatedi ba ga Jesu. Ba utlwile taelo ya gagwe mme ba nna mo Jerusalema. Mme fa botlhe ba ntse ba letile, go utlwala modumo o mogolo o tlala mo ntlong yotlhe. O utlwala jaaka phefo e e maatla e e fokang. Go tswa foo, diteme tsa molelo di simolola go bonala mo ditlhogong tsa barutwa bano. A o bona molelo mo tlhogong ya mongwe le mongwe wa bone? Seno se kaya eng?

Ke kgakgamatso! Jesu o boetse kwa legodimong o na le Rraagwe, mme o tshololela moya wa Modimo o o boitshepo mo balateding ba gagwe. A o itse gore moya ono o ba thusa go dira eng? Botlhe ba simolola go bua ka dipuo tse di farologaneng.

Batho ba le bantsi mo Jerusalema ba utlwa modumo ono o e keteng wa phefo e e maatla, mme ba tla go bona se se diragalang. Bangwe ba batho bano ba tswa kwa ditšhabeng tse dingwe tse di tlileng mono mo moletlong wa Baiseraele wa Pentekosete. Ruri baeti bano ba gakgametse! Ba utlwa barutwa ba bua ka dipuo tsa bone ka ga dilo tse di gakgamatsang tse Modimo a di dirileng.

Baeti bano ba re: ‘Batho bano botlhe ba tswa mo Galalea. Go tla jang gore ba bo ba kgona go bua dipuo tse di farologaneng tsa dinaga tse re tswang kwa go tsone?’

Jaanong Petere o a ema mme o a ba tlhalosetsa. O tlhatlosetsa lentswe la gagwe kwa godimo a bo a bolelela batho kafa Jesu a neng a bolawa ka gone le gore Jehofa o ne a mo tsosa mo baswing. Petere o ba raya a re: ‘Jaanong Jesu o kwa legodimong ka fa seatleng sa moja sa Modimo. Mme o sa tswa go tsholola moya o o boitshepo o o neng o solofeditswe. Ke ka lebaka leo lo boneng le go utlwa dikgakgamatso tseno.’

Ka gone, fa Petere a bua dilo tseno, batho ba le bantsi ba hutsafadiwa ke se Jesu a se dirilweng. Ba mmotsa jaana: ‘Re tshwanetse go dira eng?’ Petere o ba raya a re: ‘Lo tshwanetse go fetola matshelo a lona mme lo kolobediwe.’ Ka jalo, mo go lone letsatsi leo go kolobediwa batho ba ka nna 3 000 mme ba nna balatedi ba ga Jesu.