Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 106

Ba Gololwa mo Kgolegelong

Ba Gololwa mo Kgolegelong

A O BONA moengele yo o butseng lebati la kgolegelo? Banna bano ba a ba gololang ke baaposetoloi ba ga Jesu. A re bone gore go tlile jang gore ba bo ba le mo kgolegelong.

Ke nakwana fela moya o o boitshepo o sena go tshololelwa mo barutweng ba ga Jesu. Mme seno ke se se diregang: Letsatsi lengwe go le thapama Petere le Johane ba tsena mo tempeleng mo Jerusalema. Teng koo, gaufi le kgoro, go na le monna mongwe yo o sa leng a tsholwa a le segole. Batho ba mo tlisa fano gore a kope madi mo bathong ba ba tsenang mo tempeleng. Fa a bona Petere le Johane, o ba kopa gore ba mo fe sengwe. Mme gone baaposetoloi bano ba tla dira eng?

Ba a ema mme ba leba monna yono. Petere o mo raya a re: ‘Ga ke na madi, mme ke tla go fa se ke nang le sone. Ka leina la ga Jesu ema o tsamaye!’ Go tswa foo, Petere o tshwara monna yono ka seatla mme ka yone nako eo o a tlola a bo a simolola go tsamaya. Fa batho ba bona seno, ba gakgametse e bile ba itumetse fela thata ka ntlha ya kgakgamatso eno e e kgatlhang.

Petere a re: ‘Re dirile kgakgamatso eno ka maatla a Modimo yo o tsositseng Jesu mo baswing.’ Fa ene le Johane ba ntse ba bua, baeteledipele bangwe ba bodumedi ba a tla. Ba galefile ka gonne Petere le Johane ba bolelela batho ka go tsosiwa ga ga Jesu mo baswing. Ka jalo, ba a ba tshwara mme ba ba tsenya mo kgolegelong.

Mo letsatsing le le latelang baeteledipele ba bodumedi ba nna le pokano e kgolo. Go tlisiwa Petere le Johane le monna yo ba mo fodisitseng. Baeteledipele ba bodumedi ba ba botsa jaana: ‘Lo dirile kgakgamatso eno ka maatla a ga mang?’

Petere o ba bolelela gore ke ka maatla a Modimo yo o tsositseng Jesu mo baswing. Baperesiti ga ba itse se ba ka se dirang, ka gonne ga ba ka ke ba ganetsa gore tota kgakgamatso eno e diregile. Ka jalo, ba tlhagisa baaposetoloi gore ba se ka ba tlhola ba bua ka Jesu, mme ba ba lesa ba tsamaya.

Fa malatsi a ntse a ya, baaposetoloi ba tswelela ba rera ka ga Jesu e bile ba fodisa ba ba lwalang. Dikgang ka ga dikgakgamatso tseno di a anama. Tota le boidiidi jwa batho go tswa mo metseng e e dikologileng Jerusalema ba tlisa balwetse ba bone mo baaposetoloing gore ba ba fodise. Seno se dira gore baeteledipele ba bodumedi ba nne lefufa, ka jalo ba tshwara baaposetoloi mme ba ba tsenya mo kgolegelong. Le fa go ntse jalo, ga ba nne lobaka lo loleele moo.

Fa go le bosigo moengele wa Modimo o bula lebati la kgolegelo, jaaka o bona fano. Moengele o ba raya a re: ‘Tsamayang lo ye go ema mo tempeleng mme lo tswelele lo bua le batho.’ Mo mosong o o latelang, fa baeteledipele ba bodumedi ba romela banna go ya go tsaya baaposetoloi, ba fitlhela ba seyo. Moragonyana banna bao ba ba fitlhela ba ruta mo tempeleng mme ba ba isa kwa holong ya Sanehederine.

Baeteledipele ba bodumedi ba ba raya ba re: ‘Re lo boleletse go utlwala gore lo se ka lwa tlhola lo ruta ka Jesu. Mme lo tladitse Jerusalema ka thuto eno ya lona.’ Le fa go ntse jalo, baaposetoloi ba ba araba ba re: ‘Re tshwanetse go utlwa Modimo e le mmusi bogolo go batho.’ Ka jalo, ba tswelela ba ruta “dikgang tse di molemo.” A seno ga se sekao se se molemo se re ka se latelang?