Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 108

Mo Tseleng e e Yang Damaseko

Mo Tseleng e e Yang Damaseko

A O ITSE gore monna yo o wetseng fa fatshe yono ke mang? Ke Saulo. Se lebale gore ke ene yo o neng a tlhokometse diaparo tsa ka fa ntle tsa banna ba ba neng ba kgobotletsa Setefane ka maje. A o bona lesedi leo le le phatsimang? Go diragala eng?

Fa Setefane a sena go bolawa, Saulo o etelela pele mo go batleng balatedi ba ga Jesu le go ba bogisa. O tsena mo matlong otlhe a bo a ba gogagoga le go ba latlhela mo kgolegelong. Bontsi jwa barutwa ba tshabela kwa metseng e mengwe mme ba simolola go rera “dikgang tse di molemo” koo. Le fa go ntse jalo, Saulo o ya kwa metseng e mengwe go ya go batla balatedi ba ga Jesu. Jaanong o mo loetong lwa go ya Damaseko. Mme fa a ntse a le mo tseleng, go direga sengwe se se gakgamatsang:

Ka tshoganyetso fela lesedi le le tswang legodimong le phatsima go dikologa Saulo. O wela fa fatshe, jaaka o bona fano. Go tswa foo, lentswe la re: ‘Saulo, Saulo! O mpogisetsang?’ Banna ba ba nang le Saulo ba bona lesedi e bile ba utlwa lentswe, le fa go ntse jalo ga ba tlhaloganye se se buiwang.

Saulo o botsa jaana: ‘O mang Morena?’

Lentswe le mo raya le re: ‘Ke nna Jesu yo o mmogisang.’ Jesu o bua seno ka gonne fa Saulo a bogisa balatedi ba gagwe, Jesu o utlwa e kete go bogisiwa ene.

Jaanong Saulo o botsa jaana: ‘Ke tshwanetse go dira eng, Morena?’

Jesu o mo raya a re: ‘Emelela mme o ye kwa Damaseko. Fa o tsena koo o tla bolelelwa se o tshwanetseng go se dira.’ Fa Saulo a emelela mme a bula matlho, ga a kgone go bona sepe. O foufetse! Ka jalo, banna ba ba nang le ene ba mo tshwara ka seatla mme ba mo isa kwa Damaseko.

Jaanong Jesu o bua le mongwe wa barutwa ba gagwe yo o kwa Damaseko, o mo raya a re: ‘Ananiase, tsamaya o ye kwa mmileng o o bidiwang Tlhamalalo. Fa o goroga kwa ntlong ya ga Judase o batle monna yo o bidiwang Saulo. Ke mo tlhophile gore a nne motlhanka wa me yo o kgethegileng.’

Ananiase o dira jalo. Fa a kopana le Saulo, o mmaya diatla a bo a re: ‘Morena o nthomile kwa go wena gore o kgone go bona gape, o bo o tladiwe ka moya o o boitshepo.’ Gone fela foo, go wa dilo tse e keteng makape mo matlhong a ga Saulo, mme o kgona go bona gape.

Saulo o dirisiwa ka tsela e e gakgamatsang go rerela batho ba ditšhaba di le dintsi. O itsege e le moaposetoloi Paulo, yo re tla ithutang go le gontsi ka ene moragonyana. Le fa go ntse jalo, a re bone gore ke eng se Modimo a romang Petere gore a se dire.