Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 110

Timotheo—Mothusi yo Mosha wa ga Paulo

Timotheo—Mothusi yo Mosha wa ga Paulo

LEKAWANA le o le bonang fano le na le moaposetoloi Paulo ke Timotheo. Timotheo o nna le ba lelapa la gaabo kwa Lisetera. Mmaagwe o bidiwa Yunise mme mmaagwemogolo ene o bidiwa Loise.

Leno ke lekgetlo la boraro Paulo a etela mo Lisetera. Mo e ka nnang ngwaga kgotsa nako nngwe pele ga foo, Paulo le Barenabase ba ne ba etela fano lekgetlo la ntlha ba le mo loetong lwa go rera. Mme jaanong Paulo o etetse fano gape a na le tsala ya gagwe e bong Silase.

A o itse gore Paulo o raya Timotheo a reng? O mmotsa jaana: ‘A o ka rata go tsamaya le nna le Silase? O ka re thusa go rerela batho ba ba kwa mafelong a a kgakala thata.’

Timotheo o araba jaana: ‘Ee, nka rata go tsamaya le lona.’ Ka jalo, morago ga moo Timotheo o tlogela ba lelapa la gaabo mme o tsamaya le Paulo le Silase. Mme pele ga re ithuta ka loeto lwa bone, a re bone se se ntseng se diragalela Paulo. E setse e le dingwaga di ka nna 17 fa e sa le Jesu a iponatsa mo go ene fa a le mo tseleng a ya Damaseko.

Se lebale gore Paulo o ne a ya Damaseko go ya go bogisa barutwa ba ga Jesu, mme jaanong le ene ke morutwa! Moragonyana baba bangwe ba batla go bolaya Paulo ka gonne ba sa rate go bo a ruta ka Jesu. Le fa go ntse jalo, barutwa ba thusa Paulo go tshaba. Ba mo tsenya mo serotong mme ba mo folosetsa ka kwa ntle ga dithako tsa motse.

Morago ga moo, Paulo o ya go rera kwa Antioka. Ke gone kwa balatedi ba ga Jesu ba ileng ba bidiwa Bakeresete lekgetlo la ntlha gone. Go tswa foo, Paulo le Barenabase ba ne ba romelwa go tswa mo Antioka go ya go rera kwa dinageng tse di kgakala thata. Mongwe wa metse e ba neng ba e etela ke Lisetera, kwa gaabo Timotheo.

Jaanong, mo e ka nnang ngwaga moragonyana, Paulo o boetse gape mo Lisetera a le mo loetong lwa gagwe lwa bobedi. A o itse gore fa Timotheo a tsamaya le Paulo le Silase, ba ya kae? Leba mo mmapeng mme re ithute mangwe a mafelo a ba neng ba ya kwa go one.

La ntlha ba ne ba ya kwa motseng o o gaufi o o bidiwang Ikonio, go tswa foo ba ya kwa motseng o mongwe o le one o bidiwang Antioka. Morago ga moo ba ne ba ya Teroase, go tswa foo ba ya Filipi, Thesalonika le kwa Berea. A o kgona go bona Athena mo mmapeng? Paulo o ya go rera koo. Morago ga moo ba fetsa ngwaga le halofo ba rera kwa Korintha. La bofelo ba ema ka lobakanyana kwa Efeso. Go tswa foo ba boa ka mokoro ba ya Kaesarea, ba bo ba ya Antioka kwa Paulo a nnang teng.

Ka jalo, Timotheo o tsamaya dikilometara di le makgolokgolo a thusa Paulo go rera “dikgang tse di molemo” le go simolola diphuthego tsa Bokeresete di le dintsi. A le wena fa o gola o tla nna motlhanka wa Modimo yo o ikanyegang jaaka Timotheo?