Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 111

Mosimane yo o Neng a Robala

Mosimane yo o Neng a Robala

IJA! Go diragalang fano? A mosimane yo o rapaletseng fa fatshe yono o gobetse thata? Bona! mongwe wa banna ba ba tswang mo ntlong ke Paulo! A o bona le Timotheo foo? A mosimane yono o ole ka fensetere?

Ee. Paulo o ne a le kwa Teroase a neela barutwa ba gagwe puo. O ne a itse gore go tla feta lobaka lo loleele ba sa mmone, ka gonne o ne a tshwanetse go tsamaya ka mokoro letsatsi le le latelang. Ka jalo, o ne a bua go fitlha bosigogare.

Mosimane yono yo o bidiwang Yutiko o ne a ntse fa fensetereng, mme a thulamela. O ne a wela kwa tlase ka fensetere, go tswa kwa boalong jwa boraro! Ka jalo, o kgona go bona lebaka la go bo batho ba lebega ba hutsafetse. Fa banna bano ba tsholetsa mosimane, go ntse fela jaaka ba akantse. O sule!

Fa Paulo a bona gore mosimane o sule, o rapama mo godimo ga gagwe a bo a mo tlamparela. A bo a re: ‘Lo se ka lwa tshwenyega. O siame!’ Go ntse fela jalo! Ke kgakgamatso! Paulo o mo tsositse! Boidiidi jono bo itumela fela thata.

Botlhe ba boela kwa boalong jo bo kwa godimo mme ba ya go ja. Paulo o tswelela a bua go fitlha letsatsi le tlhaba. Mme gone o ka tlhomamisega gore Yutiko ga a thulamele gape! Go tswa foo, Paulo, Timotheo le ba ba tsamayang le bone ba tsena mo mokorong. A o itse gore ba ya kae?

Paulo o feleletsa loeto lwa gagwe lwa boraro lwa go rera mme jaanong o ya gae. Mo loetong lono, Paulo o ne a fetsa dingwaga di le tharo mo motseng wa Efeso o le nosi. Ka jalo, lono ke loeto lo loleele go gaisa lwa bobedi.

Fa ba sena go tswa kwa Teroase, mokoro o ema kwa Mileto ka lobakanyana. E re ka Efeso e le dikilometara di se kae go tloga foo, Paulo o romela gore go bidiwe banna ba bagolo ba phuthego gore ba tle kwa go ene kwa Mileto, a tle a bue le bone la bofelo. Morago ga moo, fa e setse e le nako ya gore mokoro o tsamaye, ba hutsafala fela thata go bo Paulo a tsamaya.

La bofelo mokoro o boela kwa Kaesarea. Fa Paulo a nna fano mo ntlong ya ga Filipo, moporofeti Agabuse o a mo tlhagisa. O bolelela Paulo gore o tla golegwa fa a goroga kwa Jerusalema. Go direga fela jaaka a buile. Go tswa foo, fa Paulo a sena go nna legolegwa dingwaga di le pedi kwa Kaesarea, o romelwa kwa Roma go ya go sekisiwa fa pele ga molaodi wa Roma e bong Kaesara. A re bone se se diregang mo loetong go ya kwa Roma.