Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 113

Paulo Kwa Roma

Paulo Kwa Roma

BONA fela dikeetane tse Paulo a bofilweng ka tsone le lesole la Moroma le le mo disitseng. Paulo ke legolegwa kwa Roma. O letile koo go fitlha Kaesara wa Roma a swetsa ka gore o tla dira eng ka ene. Le fa gone e le legolegwa, batho ba letlelelwa go mo etela.

Malatsi a le mararo Paulo a sena go fitlha kwa Roma, o roma gore go bidiwe baeteledipele bangwe ba Bajuda gore ba tle go mmona. Ka ntlha ya seno, Bajuda ba le bantsi kwa Roma ba tla kwa go ene. Paulo o ba rerela ka Jesu le ka bogosi jwa Modimo. Bangwe ba a dumela mme ba nna Bakeresete fa ba bangwe bone ba sa dumele.

Gape Paulo o rerela masole a a farologaneng a a mo disang. Mo dingwageng tse pedi tse Paulo a tswaletsweng fano ka tsone e le legolegwa, o rerela mongwe le mongwe ka mo a ka kgonang ka teng. Ka ntlha ya seno, tota le ba ntlo ya ga Kaesara ba utlwa dikgang tse di molemo tsa Bogosi mme bangwe ba bone ba nna Bakeresete.

A o bona moeti yo o fa tafoleng yo o kwalang? O akanya gore ke mang? Ke Timotheo. Timotheo le ene o ne a le mo kgolegelong ka ntlha ya go rera ka Bogosi, le fa go ntse jalo o golotswe. O tlile fano go tla go thusa Paulo. A o itse gore Timotheo o kwala eng? A re bone.

A o gopola motse wa Filipi le wa Efeso e re badileng ka yone mo Polelo 110? Paulo o ne a thusa go simolola diphuthego tsa Bokeresete mo metseng eo. Jaanong fa Paulo a ntse a le mo kgolegelong o kwalela Bakeresete bano makwalo. Makwalo ano a mo Baebeleng mme a bidiwa Baefeso le Bafilipi. Paulo jaanong o bolelela Timotheo se a tshwanetseng go se kwalela ditsala tsa bone tsa Bakeresete tse di kwa Filipi.

Bafilipi ba ntse ba bontsha Paulo bopelonomi. Ba ne ba romelela Paulo mpho a ntse a le mo kgolegelong, ka jalo Paulo o ba lebogela mpho eo. Epaforodito ke ene a neng a tlisa mpho eo. Le fa go ntse jalo, o ne a lwala fela thata mo a batlileng a swa. Jaanong o fodile mme o ipaakanyetsa go ya gae. O tla tsamaya le lekwalo leno le le tswang mo go Paulo le Timotheo fa a boela kwa Filipi.

Fa Paulo a ntse a le mo kgolegelong, o kwala makwalo a mangwe a mabedi a le one a leng mo Baebeleng. Le lengwe ke le le yang kwa Bakereseteng ba ba kwa motseng wa Kolosa. A o itse gore le bidiwa eng? Bakolosa. Le lengwe ke lekwalo le a le kwaletseng tsala ya gagwe e bong Filemone yo le ene a nnang kwa Kolosa. Lekwalo leno le bua ka motlhanka wa ga Filemone yo o bidiwang Onesimo.

Onesimo o ne a tshaba kwa go Filemone mme a tla mo Roma. Ka tsela nngwe Onesimo o utlwa gore Paulo o mo kgolegelong teng mo Roma. O etela Paulo, mme Paulo o a mo rerela. Go ise go ye kae, Onesimo o nna Mokeresete. Jaanong Onesimo o a ikwatlhaya go bo a ile a tshaba. Ka jalo, a o itse se Paulo a se kwalang mo lekwalong le le yang kwa go Filemone?

Paulo o kopa Filemone gore a itshwarele Onesimo. O kwala jaana: ‘Ke mo romela gape kwa go wena. Mme jaanong ga e tlhole e le motlhanka fela. Gape ke mokaulengwe wa gago yo o molemo wa Mokeresete.’ Fa Onesimo a boela kwa Kolosa, o tsamaya a tshotse makwalo ano a mabedi, le lengwe la Bakolosa mme le lengwe la ga Filemone. Akanya fela ka boitumelo jo Filemone a nnang le jone fa a utlwa gore jaanong motlhanka wa gagwe ke Mokeresete.

Fa Paulo a kwalela Bafilipi le Filemone, o ba bolelela dikgang tse di molemo tota. Paulo o bolelela Bafilipi jaana: ‘Ke romela Timotheo kwa go lona. Le fa go ntse jalo, le nna ke tla lo etela mo bogautshwaneng.’ Mme o kwalela Filemone jaana: ‘O mpaakanyetse lefelo le ke tla nnang mo go lone koo.’

Fa Paulo a gololwa, o etela bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe ba Bakeresete mo mafelong a le mantsi. Le fa go ntse jalo, moragonyana Paulo o tsenngwa gape mo kgolegelong kwa Roma. Mo lekgetlong leno o a itse gore o tlile go bolawa. Ka jalo o kwalela Timotheo mme o mo kopa gore a tle kwa go ene ka bonako. Paulo o kwala jaana: ‘Ke ntse ke ikanyega mo Modimong, mme Modimo o tla ntuela.’ Dingwaga di se kae fa Paulo a sena go bolawa, Jerusalema e senngwa gape mme mo lekgetlong leno ke Baroma.

Le fa go ntse jalo, go na le dilo di le dintsi tse re ka ithutang tsone mo Baebeleng. Jehofa Modimo o dira gore moaposetoloi Johane a kwale dibuka tsa bofelo tsa Baebele, go akaretsa le buka ya Tshenolo. Buka eno ya Baebele e bua ka isagwe. A jaanong re ithute ka dilo tse di tla diregang mo nakong e e tlang.