Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAROLO 8

Se Baebele e se Bolelelang Pele se Nna Boammaaruri

Se Baebele e se Bolelelang Pele se Nna Boammaaruri

Baebele ga e re bolelele fela boammaaruri ka dilo tse di diregileng mo nakong e e fetileng mme gape e re bolelela le ka tse di tla diregang mo nakong e e tlang. Batho ga ba ka ke ba kgona go re bolelela dilo tse di tla diregang mo nakong e e tlang. Ke ka lebaka leo re itseng gore Baebele e tswa kwa Modimong. Baebele ya reng ka dilo tsa nako e e tlang?

E re bolelela ka ntwa e kgolo ya Modimo. Mo ntweng eno Modimo o tla fedisa bosula jotlhe le batho botlhe ba ba bosula mo lefatsheng, mme o tla boloka ba ba mo direlang. Kgosi e e tlhomilweng ke Modimo, e bong Jesu Keresete, o tla tlhomamisa gore batlhanka ba Modimo ba tshela ka kagiso le boitumelo, le gore ga ba kitla ba tlhola ba lwala kgotsa ba swa.

Re itumelela gore Modimo o tla dira paradaise e ntšha mo lefatsheng, a ga go jalo? Mme gone re tshwanetse go dira sengwe fa re batla go tshela mo paradaiseng eo. Mo polelong ya bofelo ya buka eno, re tla ithuta se re tshwanetseng go se dira gore re tle re itumelele dilo tse di molemo tse Modimo a di solofeditseng ba ba mo direlang. Ka jalo, bala KAROLO 8 mme o bone se Baebele e se buang ka dilo tse di tla diregang mo nakong e e tlang.

 

MO KAROLONG ENO

POLELO 114

Go Fela ga Bosula Jotlhe

Ke eng fa Modimo a romela sesole sa gagwe se se eteletsweng pele ke Jesu go tla go lwa mo ntweng ya Haramagedona?

POLELO 115

Paradaise e Ntšha mo Lefatsheng

Batho ba kile ba tshela mo Paradaiseng, mme e tlile go nna gone gape.

POLELO 116

Kafa re ka Tshelelang Ruri ka Gone

A go lekane go itse fela Jehofa le Jesu? Fa e le gore ga go a nna jalo, ke eng gape se se tlhokegang?