Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 115

Paradaise e Ntšha mo Lefatsheng

Paradaise e Ntšha mo Lefatsheng

BONA ditlhare tseno tse ditelele, dithunya tse dintle le dithaba tse di kwa godimo. A ga di dintle? A o bona kgama eno e e jang mo seatleng sa mosimanyana? Bona ditau le dipitse tse di emetseng kgakajana mo bojannyeng. A o ka se rate go nna mo ntlong e e mo lefelong le le tshwanang le leno?

Modimo o batla gore o tshelele ruri mo lefatsheng la paradaise. Mme ga a batle gore o nne le ditlhabi tse dintsi tse di tshwenyang batho gompieno. Baebele e solofetsa batho ba ba tla tshelang mo paradaiseng e ntšha gore: ‘Modimo o tla nna le bone. Go tla bo go sa tlhole go na le loso kgotsa selelo kgotsa botlhoko. Dilo tsa pele di fetile.’

Jesu o tla tlhomamisa gore dilo tseno tse di molemo di a direga. A o itse gore di tla direga leng? Fa a sena go fedisa bosula le batho botlhe ba ba bosula mo lefatsheng. Se lebale gore fa Jesu a ne a le mo lefatsheng o ne a fodisa mefuta yotlhe ya malwetse mo bathong a bo a tsosa le ba ba suleng. Jesu o ne a dira seno go bontsha se a tla se dirang mo lefatsheng lotlhe, fa a setse a le Kgosi ya bogosi jwa Modimo.

Akanya fela gore go tla nna monate jang mo lefatsheng le lesha la paradaise! Jesu le batho bangwe ba a ba tlhophang ba tla bo ba busa kwa legodimong. Babusi bano ba tla tlhokomela mongwe le mongwe le go tlhomamisa gore batho ba nna ba itumetse. A re bone gore ke eng se re tshwanetseng go se dira gore Modimo a tle a re neye botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le lesha la paradaise.