Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tsa go Ithuta Tsa Buka Ya me Ya Dipolelo Tsa Baebele

Dipotso Tsa go Ithuta Tsa Buka Ya me Ya Dipolelo Tsa Baebele

Polelo 1

Modimo o Simolola go Bopa Dilo

  1. Dilo tsotlhe tse di molemo di tswa kae, a o ka umaka sekai?

  2. Selo sa ntlha se Modimo a neng a se bopa ke eng?

  3. Ke eng fa moengele wa ntlha a ne a kgethegile?

  4. Tlhalosa gore lefatshe le ne le ntse jang kwa tshimologong. (Bona setshwantsho.)

  5. Modimo o ne a simolola jang go baakanyetsa batho le diphologolo lefatshe?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Jeremia 10:12.

    Ke dinonofo dife tsa Modimo tse di bonalang mo dilong tse a di bopileng? (Isa. 40:26; Bar. 11:33)

  2. Bala Bakolosa 1:15-17.

    Jesu o nnile le seabe sefe mo popong mme seno se tshwanetse go ama jang tsela e re mo lebang ka yone? (Bakol. 1:15-17)

  3. Bala Genesise 1:1-10.

    1. Lefatshe le simologile jang? (Gen. 1:1)

    2. Go ne ga direga eng mo letsatsing la ntlha la popo? (Gen. 1:3-5)

    3. Tlhalosa gore go ne ga direga eng mo letsatsing la bobedi la popo. (Gen. 1:7, 8)

Polelo 2

Tshingwana e Ntle

  1. Modimo o ne a baakanya jang lefatshe gore e nne legae la rona?

  2. Tlhalosa diphologolo tse dintsi tse di farologaneng tse Modimo a di dirileng. (Bona setshwantsho.)

  3. Ke ka ntlha yang fa tshimo ya Edene e ne e kgethegile?

  4. Modimo o ne a batla gore lefatshe lotlhe e nne eng?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Genesise 1:11-25.

    1. Modimo o ne a bopa eng mo letsatsing la boraro la popo? (Gen. 1:12)

    2. Go ne ga direga eng mo letsatsing la bonè la popo? (Gen. 1:16)

    3. Modimo o ne a bopa diphologolo dife mo letsatsing la botlhano le la borataro la popo? (Gen. 1:20, 21, 25)

  2. Bala Genesise 2:8, 9.

    Ke ditlhare dife tse pedi tse di kgethegileng tse Modimo a neng a di baya mo tshimong, mme di ne di tshwantshetsa eng?

Polelo 3

Monna le Mosadi wa Ntlha

  1. Setshwantsho se se mo Polelo 3 se farologana jang le se se mo Polelo 2?

  2. Ke mang yo o bopileng motho wa ntlha, mme leina la motho yoo ke mang?

  3. Modimo o ne a naya Adame tiro efe gore a e dire?

  4. Ke ka ntlha yang fa Modimo a ile a dira gore Adame a robale boroko jo bogolo?

  5. Adame le Efa ba ne ba tla tshela lobaka lo lo kae, mme Jehofa o ne a batla gore ba dire tiro efe?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Pesalema 83:18.

    Leina la Modimo ke mang, mme o na le boemo bofe jo bo tlhomologileng mo godimo ga lefatshe? (Jer. 16:21; Dan. 4:17)

  2. Bala Genesise 1:26-31.

    1. Modimo o ne a feleletsa popo ya gagwe ka go bopa eng mo letsatsing la borataro, mme popo eno e ne e farologane jang le diphologolo? (Gen. 1:26)

    2. Jehofa o ne a tlamela batho le diphologolo ka eng? (Gen. 1:30)

  3. Bala Genesise 2:7-25.

    1. Tiro e Adame a neng a e neilwe ya go taya diphologolo maina e ne e akaretsa eng? (Gen. 2:19)

    2. Genesise 2:24 e re thusa jang go tlhaloganya tsela e Jehofa a lebang lenyalo, go kgaogana le tlhalo ka yone? (Math. 19:4-6, 9)

Polelo 4

Lebaka La go Bo ba Latlhegetswe ke Legae la Bone

  1. Ke eng se se diregang ka Adame le Efa mo setshwantshong?

  2. Ke eng fa Jehofa a ne a ba otlhaya?

  3. Noga e ne ya raya Efa ya reng?

  4. Ke mang yo o neng a dira gore noga e bue le Efa?

  5. Ke ka ntlha yang fa Adame le Efa ba ile ba latlhegelwa ke legae la bone la Paradaise?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Genesise 2:16, 17 le 3:1-13, 24.

    1. Potso e noga e neng ya e botsa Efa e ne e senya Jehofa leina jang? (Gen. 3:1-5; 1 Joh. 5:3)

    2. Ke ka tsela efe Efa e leng sekai se se re tlhagisang? (Bafil. 4:8; Jak. 1:14, 15; 1 Joh. 2:16)

    3. Ke ka tsela efe Adame le Efa ba ileng ba palelwa ke go rwala boikarabelo jwa se ba neng ba se dirile? (Gen. 3:12, 13)

    4. Ditšheruba tse di neng di tlhomilwe ka fa botlhaba jwa tshimo ya Edene di ile tsa tshegetsa bolaodi jwa ga Jehofa jang? (Gen. 3:24)

  2. Bala Tshenolo 12:9.

    Satane o atlegile go le kana kang mo go direng gore batho ba nne kgatlhanong le puso ya Modimo? (1 Joh. 5:19)

Polelo 5

Botshelo jo bo Boima bo a Simologa

  1. Botshelo jo Adame le Efa ba neng ba bo tshela ka kwa ntle ga tshimo ya Edene bo ne bo ntse jang?

  2. Adame le Efa ba ne ba simolola go diragalelwa ke eng, mme ka ntlha yang?

  3. Ke ka ntlha yang fa bana ba ga Adame le Efa ba ne ba tlile go tsofala ba bo ba swa?

  4. Fa Adame le Efa ba ka bo ba ile ba ikobela Jehofa, bone le bana ba bone ba ne ba tla tshela botshelo jo bo ntseng jang?

  5. Go tlhoka kutlo ga ga Efa go ne ga mo tlisetsa matshwenyego jang?

  6. Maina a barwa ba ntlha ba babedi ba ga Adame le Efa e ne e le bomang?

  7. Bana ba bangwe ba ba mo setshwantshong seno ke bomang?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Genesise 3:16-23 le 4:1, 2.

    1. Go hutsiwa ga mmu go ne ga ama botshelo jwa ga Adame jang? (Gen. 3:17-19; Bar. 8:20, 22)

    2. Ke eng fa leina Efa, le le rayang “Motshedi” le ne le tshwanela? (Gen. 3:20)

    3. Jehofa o ile a bontsha jang gore o akanyetsa Adame le Efa le fa ba sena go leofa? (Gen. 3:7, 21)

  2. Bala Tshenolo 21:3, 4.

    “Dilo tsa pele” tse o lebeletseng go bona di fedisiwa ke dife?

Polelo 6

Morwa yo o Molemo, Le yo O Bosula

  1. Kaine le Abele ba dira ditiro dife?

  2. Kaine le Abele ba tlisetsa Jehofa dimpho dife?

  3. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a itumelela mpho ya ga Abele, mme ke eng fa a sa itumelele ya ga Kaine?

  4. Kaine ke motho yo o ntseng jang, mme Jehofa o leka jang go mo thusa?

  5. Kaine o dira eng fa a na le monnawe ba le babedi fela kwa nageng?

  6. Tlhalosa gore ke eng se se neng sa diragalela Kaine fa a sena go bolaya monnawe?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Genesise 4:2-26.

    1. Jehofa o ne a tlhalosa jang boemo jo bo kotsi jo Kaine a neng a le mo go jone? (Gen. 4:7)

    2. Kaine o ile a bontsha jang boikutlo jo bo mo pelong ya gagwe? (Gen. 4:9)

    3. Jehofa o leba jang go tshololwa ga madi a a se nang molato? (Gen. 4:10; Isa. 26:21)

  2. Bala 1 Johane 3:11, 12.

    1. Ke ka ntlha yang fa Kaine a ile a tuka bogale, mme seno ke tlhagiso jang mo go rona gompieno? (Gen. 4:4, 5; Dia. 14:30; 28:22)

    2. Baebele e bontsha jang gore tota le fa maloko otlhe a lelapa la rona a ganetsa Jehofa, re sa ntse re ka kgona go boloka bothokgami jwa rona? (Pes. 27:10; Math. 10:21, 22)

  3. Bala Johane 11:25.

    Ke eng se Jehofa a se tlhomamisetsang botlhe ba ba swang ka ntlha ya go dira tshiamo? (Joh. 5:24)

Polelo 7

Monna yo o Pelokgale

  1. Enoke o ne a farologane jang le batho ba bangwe?

  2. Ke ka ntha yang fa batho ba motlha wa ga Enoke ba ne ba dira dilo tse dintsi tse di bosula?

  3. Ke dilo dife tse di bosula tse batho ba neng ba di dira? (Bona setshwantsho.)

  4. Ke eng fa Enoke a ne a tshwanetse go nna pelokgale?

  5. Batho ba ne ba tshela lobaka lo lo kae ka nako eo, mme Enoke ene o ne a tshela lobaka lo lo kae?

  6. Go ne ga direga eng fa Enoke a sena go swa?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Genesise 5:21-24, 27.

    1. Enoke o ne a na le kamano e e ntseng jang le Jehofa? (Gen. 5:24)

    2. Go ya ka Baebele, monna yo o neng a godile go feta botlhe ba ba kileng ba tshela ke mang, mme o sule a le dingwaga tse kae? (Gen. 5:27)

  2. Bala Genesise 6:5.

    Maemo a ile a nna maswe go le kana kang mo lefatsheng fa Enoke a sena go swa, mme maemo ao a tshwana jang le a motlha wa rona? (2 Tim. 3:13)

  3. Bala Bahebera 11:5.

    Ke nonofo efe ya ga Enoke e e neng ya “itumedisa Modimo,” mme seno se ne sa felela ka eng? (Gen. 5:22)

  4. Bala Jude 14, 15.

    Gompieno, Bakeresete ba ka etsa bopelokgale jwa ga Enoke jang fa ba tlhagisa batho ka go tla ga ntwa ya Haramagedona? (2 Tim. 4:2; Baheb. 13:6)

Polelo 8

Diganka mo Lefatsheng

  1. Go ne ga direga eng fa baengele bangwe ba Modimo ba ne ba reetsa Satane?

  2. Ke ka ntlha yang fa baengele bangwe ba ile ba tlogela tiro ya bone kwa legodimong mme ba tla mo lefatsheng?

  3. Ke eng fa go ne go le phoso gore baengele bangwe ba tle mo lefatsheng mme ba fetole mebele ya bone go nna ya batho?

  4. Bana ba baengele ba ne ba farologane jang le bana ba bangwe?

  5. Jaaka fa o bona mo setshwantshong seno, bana ba baengele ba ne ba dira eng fa ba sena go nna diganka?

  6. Ke monna ofe yo o molemo yo o neng a tshela mo lefatsheng morago ga ga Enoke, mme ke eng fa Modimo a ne a mo rata?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Genesise 6:1-8.

    Genesise 6:6 e bontsha jang gore boitshwaro jwa rona bo ka ama Jehofa mo maikutlong? (Pes. 78:40, 41; Dia. 27:11)

  2. Bala Jude 6.

    Ke jang baengele “ba ba sa kang ba boloka boemo jwa bone jwa kwa tshimologong” mo motlheng wa Noa e leng tlhagiso mo go rona gompieno? (1 Bakor. 3:5-9; 2 Pet. 2:4, 9, 10)

Polelo 9

Noa o Aga Araka

  1. Go ne go na le batho ba le kae mo lelapeng la ga Noa, mme maina a bomorwawe ba bararo e ne e le bomang?

  2. Modimo o ne a kopa Noa go dira eng se se sa tlwaelegang, mme ka ntlha yang?

  3. Baagelani ba ga Noa ba ne ba itshwara jang fa a ne a ba bolelela ka araka?

  4. Modimo o ne a laela Noa gore a dire eng ka diphologolo?

  5. Fa Modimo a sena go tswala lebati la araka, Noa le ba lelapa la gagwe ba ne ba tshwanelwa ke go dira eng?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Genesise 6:9-22.

    1. Ke eng se se neng sa dira gore Noa a nne moobamedi yo o tlhomologileng wa Modimo wa boammaaruri? (Gen. 6:9, 22)

    2. Jehofa o ikutlwa jang ka thubakanyo, mme seno se tshwanetse sa ama jang boitlosobodutu jo re bo tlhophang? (Gen. 6:11, 12; Pes. 11:5)

    3. Re ka etsa Noa jang fa re amogela kaelo e e tswang mo phuthegong ya ga Jehofa? (Gen. 6:22; 1 Joh. 5:3)

  2. Bala Genesise 7:1-9.

    Lebaka la go bo Jehofa a ile a leba monna yo o sa itekanelang e bong Noa e le yo o siameng, le re kgothatsa jang gompieno? (Gen. 7:1; Dia. 10:16; Isa. 26:7)

Polelo 10

Morwalela o Mogolo

  1. Ke ka ntlha yang fa go ne go se ope yo o ka kgonang go tsena mo arakeng fa pula e setse e simolotse go na?

  2. Jehofa o ne a dira gore pula e ne malatsi le masigo a le kae, mme metsi a ne a nna boteng jo bo kana kang?

  3. Go ne ga direga eng ka araka fa metsi a simolola go khurumetsa lefatshe?

  4. A diganka di ne tsa falola Morwalela, mme go ne ga direga eng ka borraatsone?

  5. Go ne ga direga eng ka araka morago ga dikgwedi tse tlhano?

  6. Ke ka ntlha yang fa Noa a ne a ntshetsa legakabe kwa ntle ga araka?

  7. Noa o itsile jang gore metsi a ne a kokobetse mo lefatsheng?

  8. Modimo o ne a raya Noa a reng fa ene le ba lelapa la gagwe ba sena go nna mo arakeng lobaka lo lo fetang ngwaga?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Genesise 7:10-24.

    1. Go ne ga senngwa ditshedi tse di kana kang mo lefatsheng? (Gen. 7:23)

    2. Metsi a Morwalela a tsere lobaka lo lo kana kang gore a kokobele? (Gen. 7:24)

  2. Bala Genesise 8:1-17.

    Genesise 8:17 e bontsha jang gore boikaelelo jwa ntlhantlha jwa ga Jehofa ka lefatshe bo ne bo sa fetoga? (Gen. 1:22)

  3. Bala 1 Petere 3:19, 20.

    1. Fa baengele ba batsuolodi ba boela kwa legodimong, ba ne ba atlholwa ka katlholo efe? (Jude 6)

    2. Pego ya ga Noa le ba lelapa la gagwe e nonotsha jang tsholofelo e re nang le yone ya gore Jehofa o kgona go golola batho ba gagwe? (2 Pet. 2:9)

Polelo 11

Motshe wa Godimo wa Ntlha

  1. Jaaka go bontshitswe mo setshwantshong seno, selo sa ntlha se Noa a neng a se dira fa a tswa mo arakeng ke eng?

  2. Ke taelo efe e Modimo a neng a e naya Noa le ba lelapa la gagwe morago ga Morwalela?

  3. Modimo o ne a mo solofetsa eng?

  4. Re tshwanetse go gopola eng fa re bona motshe wa godimo?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Genesise 8:18-22.

    1. Gompieno re ka kgona jang go naya Jehofa “lonko lo lo ritibatsang”? (Gen. 8:21; Baheb. 13:15, 16)

    2. Jehofa o ne a reng ka boemo jwa pelo ya motho, mme ke eng se re tshwanetseng go nna kelotlhoko ka sone? (Gen. 8:21; Math. 15:18, 19)

  2. Bala Genesise 9:9-17.

    1. Jehofa o ne a dira kgolagano efe le ditshedi tsotlhe tsa lefatshe? (Gen. 9:10, 11)

    2. Kgolagano ya motshe wa godimo e tla nna e ntse e dira ka lobaka lo lo kae? (Gen. 9:16)

Polelo 12

Batho ba Aga Tora e Kgolo

  1. Nimerode e ne e le mang, mme Modimo o ne a ikutlwa jang ka ene?

  2. Mo setshwantshong seno, ke eng fa batho ba ne ba dira ditena?

  3. Ke eng fa Jehofa a ne a sa rate tiro eno ya go aga?

  4. Modimo o ne a emisa jang go agiwa ga tora eno?

  5. Motse ono o ne o bidiwa eng, mme leina leo le ne le kaya eng?

  6. Go ne ga direga eng ka batho fa Modimo a sena go tlhakatlhakanya dipuo tsa bone?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Genesise 10:1, 8-10.

    Nimerode o ne a na le mekgwa efe, mme seno se re naya tlhagiso efe? (Dia. 3:31)

  2. Bala Genesise 11:1-9.

    Maikaelelo a go aga tora eno e ne e le afe, mme ke eng fa tiro eno e se kile ya atlega? (Gen. 11:4; Dia. 16:18; Joh. 5:44)

Polelo 13

Aborahame—Tsala ya Modimo

  1. Go ne go nna batho ba mofuta ofe kwa motseng wa Ure?

  2. Monna yo o mo setshwantshong seno ke mang, o tsetswe leng, mme o ne a nna kae?

  3. Modimo o ne a raya Aborahame a re a dire eng?

  4. Ke eng fa Aborahame a ne a bidiwa tsala ya Modimo?

  5. Ke mang yo o neng a tsamaya le Aborahame fa a ne a tswa kwa Ure?

  6. Modimo o ne a raya Aborahame a reng fa a goroga kwa lefatsheng la Kanana?

  7. Modimo o ne a solofetsa Aborahame eng fa a ne a le dingwaga di le 99?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Genesise 11:27-32.

    1. Aborahame le Lote ba ne ba amana jang ka losika? (Gen. 11:27)

    2. Le mororo go bolelwa gore Tera o ne a swetsa ka gore a fudusetse lelapa la gagwe go ela kwa Kanana, re itse jang gore tota Aborahame ke ene yo o neng a tla ka tshwetso eno, mme ke eng fa a ne a dira jalo? (Gen. 11:31; Dit. 7:2-4)

  2. Bala Genesise 12:1-7.

    Jehofa o ne a atolosa jang kgolagano e a neng a e dirile le Aborahame fa a sena go goroga kwa lefatsheng la Kanana? (Gen. 12:7)

  3. Bala Genesise 17:1-8, 15-17.

    1. Leina la ga Aberame le ne la fetolwa go nna mang fa a le dingwaga di le 99, mme ka ntlha yang? (Gen. 17:5)

    2. Jehofa o ne a solofetsa Sara masego afe a mo isagweng? (Gen. 17:15, 16)

  4. Bala Genesise 18:9-19.

    1. Mo go Genesise 18:19, borre ba neilwe maikarabelo afe? (Dute. 6:6, 7; Baef. 6:4)

    2. Ke eng se se neng sa diragalela Sara se se bontshang gore ga go na sepe se re ka se fitlhelang Jehofa? (Gen. 18:12, 15; Pes. 44:21)

Polelo 14

Modimo o Leka Tumelo ya ga Aborahame

  1. Ke tsholofetso efe e Modimo a neng a e dira le Aborahame, mme Modimo o ne a diragatsa tsholofetso eo jang?

  2. Jaaka go bontshitswe mo setshwantshong seno, Modimo o ne a leka jang tumelo ya ga Aborahame?

  3. Aborahame o ne a dira eng le mororo a ne a sa tlhaloganye lebaka la taelo e Modimo a neng a e mo neile?

  4. Go ne ga direga eng fa Aborahame a ne a ntsha thipa a re o bolaya morwawe?

  5. Tumelo ya ga Aborahame mo Modimong e ne e nonofile go le kana kang?

  6. Modimo o ne a naya Aborahame eng gore a ntshe setlhabelo, mme o dirile seo jang?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Genesise 21:1-7.

    Ke eng fa Aborahame a ne a rupisa morwawe mo letsatsing la borobedi? (Gen. 17:10-12; 21:4)

  2. Bala Genesise 22:1-18.

    Isake o ne a bontsha jang gore o ikobela rraagwe e bong Aborahame, mme seno se ne se tshwantshetsa jang tiragalo nngwe e e botlhokwa thata ya mo isagweng? (Gen. 22:7-9; 1 Bakor. 5:7; Bafil. 2:8, 9)

Polelo 15

Mosadi wa ga Lote O ne A Gadima Kwa Morago

  1. Ke eng fa Aborahame le Lote ba ile ba kgaogana?

  2. Ke eng fa Lote a ne a tlhopha go ya go nna kwa Sodoma?

  3. Go ne go nna batho ba ba ntseng jang kwa Sodoma?

  4. Ke tlhagiso efe e baengele ba babedi ba neng ba e naya Lote?

  5. Ke eng fa mosadi wa ga Lote a ne a fetoga pilara ya letswai?

  6. Re ka ithuta eng mo kgannyeng ya mosadi wa ga Lote?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Genesise 13:5-13.

    Re ka ithuta thuto efe mo go Aborahame malebana le go rarabolola dikgotlhang? (Gen. 13:8, 9; Bar. 12:10; Bafil. 2:3, 4)

  2. Bala Genesise 18:20-33.

    Tsela e Jehofa a neng a dirisana le Aborahame ka yone e re naya jang tshepo ya gore Jehofa le Jesu ba tla atlhola ka tshiamo? (Gen. 18:25, 26; Math. 25:31-33)

  3. Bala Genesise 19:1-29.

    1. Pego eno ya Baebele e bontsha gore Modimo o leba jang bosodoma? (Gen. 19:5, 13; Lefi. 20:13)

    2. Tsela e Lote le Aborahame ba tsibogelang kaelo ya Modimo ka yone e farologana jang, mme re ka ithuta eng mo go seno? (Gen. 19:15, 16, 19, 20; 22:3)

  4. Bala Luke 17:28-32.

    Mosadi wa ga Lote o ne a ikutlwa jang ka dikhumo, mme seno ke tlhagiso jang mo go rona? (Luke 12:15; 17:31, 32; Math. 6:19-21, 25)

  5. Bala 2 Petere 2:6-8.

    Ka go etsa sekao sa ga Lote, re tshwanetse go leba jang lefatshe le le boikepo le le re dikologileng? (Esek. 9:4; 1 Joh. 2:15-17)

Polelo 16

Isake o Bona Mosadi yo o Molemo

  1. Monna le mosadi ba ba mo setshwantshong seno ke bomang?

  2. Aborahame o ne a dira eng gore a batlele morwawe mosadi, mme ka ntlha yang?

  3. Thapelo ya motlhanka wa ga Aborahame e ne ya arabiwa jang?

  4. Rebeka o ne a araba jang fa a ne a bodiwa gore a o batla go nyalwa ke Isake?

  5. Ke eng se se neng sa dira gore Isake a itumele gape?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Genesise 24:1-67.

    1. Rebeka o ne a bontsha dinonofo dife tse di molemo fa a ne a kopana le motlhanka wa ga Aborahame kwa sedibeng? (Gen. 24:17-20; Dia. 31:17, 31)

    2. Thulaganyo e Aborahame a neng a e direla Isake e tlhomela Bakeresete sekao sefe se se molemo gompieno? (Gen. 24:37, 38; 1 Bakor. 7:39; 2 Bakor. 6:14)

    3. Ke eng fa re tshwanetse go ipha nako ya go tlhatlhanya, fela jaaka Isake a ne a dira? (Gen. 24:63; Pes. 77:12; Bafil. 4:8)

Polelo 17

Mawelana A a Sa Tshwaneng

  1. Esau le Jakobe e ne e le bomang, mme ba ne ba sa tshwane ka tsela efe?

  2. Esau le Jakobe ba ne ba na le dingwaga di le kae fa rraabonemogolo e bong Aborahame a tlhokafala?

  3. Esau o ne a dira eng se se neng sa hutsafatsa mmaagwe le rraagwe?

  4. Ke eng fa Esau a ne a galefela morwarraagwe e bong Jakobe thata?

  5. Isake o ne a naya Jakobe morwawe taelo efe?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Genesise 25:5-11, 20-34.

    1. Jehofa o ne a bolelela pele eng ka barwa ba babedi ba ga Rebeka? (Gen. 25:23)

    2. Tsela e Jakobe le Esau ba neng ba leba tshwanelo ya botsalwapele ka yone e ne e farologana jang? (Gen. 25:31-34)

  2. Bala Genesise 26:34, 35; 27:1-46; le 28:1-5.

    1. Go sa anaanele dilo tsa semoya ga ga Esau go ne ga bonala jang? (Gen. 26:34, 35; 27:46)

    2. Isake o ne a raya Jakobe a re a direng gore a tle a amogele masego a Modimo? (Gen. 28:1-4)

  3. Bala Bahebera 12:16, 17.

    Sekao sa ga Esau se bontsha eng malebana le ditlamorago tse di tlelang batho ba ba nyatsang dilo tse di boitshepo?

Polelo 18

Jakobe o ya Harana

  1. Morweetsana yo o mo setshwantshong seno ke mang, mme Jakobe o ne a mo direla eng?

  2. Jakobe o ne a ikemiseditse go dira eng gore a nyale Ragele?

  3. Labane o ne a dira eng fa go tla nako ya gore Jakobe a nyale Ragele?

  4. Jakobe o ne a dumela go dira eng gore a newe Ragele go nna mosadi wa gagwe?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Genesise 29:1-30.

    1. Tota le fa Labane a ne a tsieditse Jakobe, Jakobe o ne a bontsha jang gore ke motho yo o ikanyegang, mme re ka ithuta eng mo go seno? (Gen. 25:27; 29:26-28; Math. 5:37)

    2. Sekao sa ga Jakobe se bontsha jang pharologano fa gare ga lorato lwa mmatota le lorato lwa go tseega maikutlo? (Gen. 29:18, 20, 30; Sefela 8:6)

    3. Ke basadi bafe ba le banè ba ba neng ba nna maloko a ntlo ya ga Jakobe mme moragonyana ba mo tsholela bana ba basimane? (Gen. 29:23, 24, 28, 29)

Polelo 19

Jakobe O na Le Lelapa le Legolo

  1. Maina a barwa ba le barataro ba ga Jakobe ba a neng a ba tsholetswe ke mosadi wa gagwe wa ntlha e bong Lea, e ne e le bomang?

  2. Lelata la ga Lea e bong Silepa le ne la tsholela Jakobe barwa bafe ba babedi?

  3. Maina a barwa ba babedi ba lelata la ga Ragele e bong Bileha le neng la ba tsholela Jakobe e ne e le bomang?

  4. Ragele o ne a tshola barwa bafe ba babedi, mme go ne ga direga eng fa a ne a tshola morwa wa bobedi?

  5. Go ya ka setshwantsho seno, Jakobe o ne a na le barwa ba le kae, mme go ne ga tswa eng mo go bone?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Genesise 29:32-35; 30:1-26; le 35:16-19.

    Jaaka go bontshitswe mo kgannyeng ya bomorwa Jakobe ba ba 12, bana ba basimane ba Bahebera ba ne ba tewa maina jang mo metlheng ya bogologolo?

  2. Bala Genesise 37:35.

    Le mororo Baebele e umaka Dina fela, re itse jang gore Jakobe o ne a na le bana ba bangwe ba basetsana? (Gen. 37:34, 35)

Polelo 20

Dina o Tsena mo Mathateng

  1. Ke eng fa Aborahame le Isake ba ne ba sa batle gore bana ba bone ba nyale batho ba lefatshe la Kanana?

  2. A Jakobe o ne a dumela gore morwadie a tsalane le basetsana ba Bakanana?

  3. Monna yo o lebileng Dina mo setshwantshong seno ke mang, mme ke bosula bofe jo a neng a bo dira?

  4. Bokgaitsadie Dina e bong Simeone le Lefi ba ne ba dira eng fa ba utlwa ka se se neng se diragetse?

  5. A Jakobe o ne a dumalana le se se neng se dirilwe ke Simeone le Lefi?

  6. Mathata otlhe a lelapa a simologile jang?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Genesise 34:1-31.

    1. A Dina o ne a etetse bomorwadia lefatshe la Kanana gangwe fela? Tlhalosa. (Gen. 34:1)

    2. Ke eng fa Dina a ne a le molato ka tsela nngwe mo go latlhegelweng ke bokgarebane jwa gagwe? (Bagal. 6:7)

    3. Gompieno basha ba ka bontsha jang gore ba tsaya tsia sekao se se tlhagisang sa ga Dina? (Dia. 13:20; 1 Bakor. 15:33; 1 Joh. 5:19)

Polelo 21

Bomogolowe Josefa ba mo Tlhoile

  1. Ke eng fa bomogolowe Josefa ba ne ba mo fufegela, mme ba ne ba dira eng?

  2. Bomogolowe Jakobe ba ne ba batla go mo dira eng, mme Rubene ene o ba raya a reng?

  3. Go direga eng fa bagwebi ba Baishemaele ba tla?

  4. Barwarraagwe Josefa ba dira eng go dira gore rraabone a akanye gore Josefa o sule?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Genesise 37:1-35.

    1. Bakeresete ba ka etsa jang sekao sa ga Josefa ka go bega dilo tse di bosula tse di dirwang mo phuthegong? (Gen. 37:2; Lefi. 5:1; 1 Bakor. 1:11)

    2. Ke eng se se neng sa dira gore barwarraagwe Josefa ba mo direle boferefere? (Gen. 37:11, 18; Dia. 27:4; Jak. 3:14-16)

    3. Jakobe o ne a dirang se e leng tsela e e tlwaelegileng ya go hutsafala? (Gen. 37:35)

Polelo 22

Josefa o Tsenngwa mo Kgolegelong

  1. Josefa o dingwaga di le kae fa a isiwa kwa Egepeto, mme go diregang fa a fitlha teng?

  2. Go tlile jang gore Josefa a feleletse a le mo kgolegelong?

  3. Josefa o newa maikarabelo afe mo kgolegelong?

  4. Fa Josefa a le mo kgolegelong, ke eng se a neng a se direla motsholasenwelo le mmesi wa senkgwe wa ga Faro?

  5. Go diregang fa motsholasenwelo a sena go gololwa mo kgolegelong?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Genesise 39:1-23.

    E re ka go ne go se na molao ope o o kwadilweng o o tswang kwa Modimong o o neng o kgala boaka mo motlheng wa ga Josefa, ke eng se se neng sa mo tlhotlheletsa gore a tshabe fa mosadi wa ga Potifaro a mo raela? (Gen. 2:24; 20:3; 39:9)

  2. Bala Genesise 40:1-23.

    1. Tlhalosa ka bokhutshwane toro ya motsholasenwelo le tlhaloso ya yone e Jehofa a neng a e naya Josefa. (Gen. 40:9-13)

    2. Mmesi wa senkgwe o ne a lora toro efe, mme e ne e kaya eng? (Gen. 40:16-19)

    3. Setlhopha sa motlhanka yo o botlhale le yo o boikanyego se ne sa etsa jang boikutlo jwa ga Josefa gompieno? (Gen. 40:8; Pes. 36:9; Joh. 17:17; Dit. 17:2, 3)

    4. Genesise 40:20 e re thusa jang go bona tsela e Bakeresete ba lebang meletlo ya malatsi a botsalo ka yone? (Mor. 7:1; Mar. 6:21-28)

Polelo 23

Ditoro Tsa ga Faro

  1. Go direga eng ka Faro mo bosigong bongwe?

  2. Ke eng fa la bofelo motsholasenwelo a gopola Josefa?

  3. Jaaka go bontshitswe mo setshwantshong seno, Faro o lora ditoro dife tse pedi?

  4. Josefa a re ditoro tseno di kaya eng?

  5. Go tla jang gore Josefa a nne monna yo o botlhokwa go ba gaisa botlhe mo Egepeto, a fetwa fela ke Faro?

  6. Ke eng fa bomogolowe Josefa ba tla mo Egepeto, mme ke eng fa ba sa mo lemoge?

  7. Josefa o gakologelwa toro efe, mme e mo thusa go tlhaloganya eng?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Genesise 41:1-57.

    1. Josefa o ne a lebisa tlhokomelo jang kwa go Jehofa, mme Bakeresete ba ka etsa sekao sa gagwe jang gompieno? (Gen. 41:16, 25, 28; Math. 5:16; 1 Pet. 2:12)

    2. Dingwaga tsa letlotlo kwa Egepeto tse di neng tsa salwa morago ke dingwaga tsa lehuma di tshwana jang le boemo jwa semoya jwa batho ba ga Jehofa gompieno le jwa batho ba dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete? (Gen. 41:29, 30; Amos. 8:11, 12)

  2. Bala Genesise 42:1-8 le 50:20.

    A go phoso gore baobamedi ba ga Jehofa ba obame fa pele ga motho e le go tlotla boemo jwa gagwe fa e le gore seo ke tlwaelo ya naga e ba nnang mo go yone? (Gen. 42:6)

Polelo 24

Josefa o Leka Bomogolowe

  1. Ke eng fa Josefa a latofatsa bomogolowe ka gore ke ditlhola?

  2. Ke eng fa Jakobe a letla morwawe wa gofejane e bong Benjamine gore a ye kwa Egepeto?

  3. Senwelo sa selefera sa ga Josefa se tsene jang mo kgetsing ya ga Benjamine?

  4. Juda o ithaopela go dira eng gore Benjamine a gololwe?

  5. Bomogolowe Josefa ba ne ba fetogile ka tsela efe?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Genesise 42:9-38.

    Ke jang se Josefa a neng a se bua mo go Genesise 42:18 e leng kgakololo e e molemo mo go ba ba nang le boikarabelo mo phuthegong ya ga Jehofa gompieno? (Neh. 5:15; 2 Bakor. 7:1, 2)

  2. Bala Genesise 43:1-34.

    1. Le mororo Rubene e ne e le motsalwapele, go na le bosupi bofe jwa gore Juda e ne ya nna ene a buelelang barwarraagwe? (Gen. 43:3, 8, 9; 44:14, 18; 1 Ditir. 5:2)

    2. Go bonala Josefa a ne a leka bomogolowe jang, mme ka ntlha yang? (Gen. 43:33, 34)

  3. Bala Genesise 44:1-34.

    1. E re ka Josefa a ne a sa batle gore bomogolowe ba mo lemoge, o itlhagisa jang mo go bone? (Gen. 44:5, 15; Lefi. 19:26)

    2. Bomogolowe Josefa ba ne ba bontsha jang gore jaanong ba ne ba sa tlhole ba na le moya wa lefufa o ba neng ba na le one mo nakong e e fetileng? (Gen. 44:13, 33, 34)

Polelo 25

Lelapa le Fudugela Kwa Egepeto

  1. Go diregang fa Josefa a bolelela bomogolowe gore ke ene mang?

  2. Josefa o ne a tlhalosetsa bomogolowe eng ka bopelonomi?

  3. Faro o ne a reng fa a utlwa ka bomogolowe Josefa?

  4. Lelapa la ga Jakobe le ne le le legolo go le kana kang fa le fudugela kwa Egepeto?

  5. Lelapa la ga Jakobe le ne la bidiwa jang, mme ka ntlha yang?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Genesise 45:1-28.

    Pego ya Baebele ya ga Josefa e bontsha jang gore Jehofa a ka kgona go fetola selo se boikaelelo jwa sone e leng go utlwisa batlhanka ba gagwe botlhoko gore e nne selo se se molemo? (Gen. 45:5-8; Isa. 8:10; Bafil. 1:12-14)

  2. Bala Genesise 46:1-27.

    Ke eng se Jehofa a neng a se tlhomamisetsa Jakobe fa a le mo tseleng a ya Egepeto? (Gen. 46:1-4)

Polelo 26

Jobe o Ikanyega mo Modimong

  1. Jobe e ne e le mang?

  2. Satane o ne a leka go dira eng, mme gone, a o ile a atlega?

  3. Jehofa o ne a naya Satane tetla ya go dira eng, mme ka ntlha yang?

  4. Ke eng fa Mosadi wa ga Jobe a ne a raya Jobe a re a ‘tlhapatse Modimo mme a swe’? (Bona setshwantsho.)

  5. Jaaka o bona mo setshwantshong sa bobedi, Jehofa o ne a segofatsa Jobe jang, mme ka ntlha yang?

  6. Fa re ikanyega mo Modimong jaaka Jobe, re tla bona masego afe?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Jobe 1:1-22.

    Bakeresete ba ka etsa Jobe jang gompieno? (Jobe 1:1; Bafil. 2:15; 2 Pet. 3:14)

  2. Bala Jobe 2:1-13.

    Tsela e Jobe a neng a lebana le pogiso ya ga Satane ka yone e ne e farologana jang le ya mosadi wa gagwe? (Jobe 2:9, 10; Dia. 19:3; Mik. 7:7; Mal. 3:14)

  3. Bala Jobe 42:10-17.

    1. Masego a Jobe a neng a a amogela ka ntlha ya go tshela ka boikanyegi a tshwana jang le a Jesu a neng a a amogela? (Jobe 42:12; Bafil. 2:9-11)

    2. Masego a Jobe a neng a a amogela ka ntlha ya go ikanyega mo Modimong a re kgothatsa jang? (Jobe 42:10, 12; Baheb. 6:10; Jak. 1:2-4, 12; 5:11)

Polelo 27

Kgosi e e Bosula e Busa Egepeto

  1. Mo setshwantshong seno, monna yo o tshwereng seme ke mang, mme o itaya mang?

  2. Fa Josefa a sena go swa, go ne ga direga eng ka Baiseraele?

  3. Ke eng fa Baegepeto ba ne ba simolola go boifa Baiseraele?

  4. Faro o ne a naya basadi ba ba neng ba belegisa basadi ba Baiseraele taelo efe?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Ekesodo 1:6-22.

    1. Ke ka tsela efe Jehofa a neng a simolola go diragatsa tsholofetso ya gagwe mo go Aborahame? (Ekes. 1:7; Gen. 12:2; Dit. 7:17)

    2. Babelegisi ba Bahebera ba ne ba bontsha jang gore ba tlotla boitshepo jwa botshelo? (Ekes. 1:17; Gen. 9:6)

    3. Babelegisi bano ba ne ba segofadiwa jang ka ntlha ya go ikanyega ga bone mo go Jehofa? (Ekes. 1:20, 21; Dia. 19:17)

    4. Satane o ne a leka jang go dira gore boikaelelo jwa ga Jehofa bo senyege malebana le losika lo lo solofeditsweng lwa ga Aborahame? (Ekes. 1:22; Math. 2:16)

Polelo 28

Kafa Lesea Moshe le Falotseng ka Gone

  1. Lesea le le mo setshwantshong seno ke mang, mme le tshwere monwana wa ga mang?

  2. Mmaagwe Moshe o ne a dirang go mo falotsa gore a se ka a bolawa?

  3. Mosetsanyana yo o mo setshwantshong seno ke mang, mme o ne a dirang?

  4. Fa morwadia Faro a sena go bona lesea leno, Miriame o ne a akantsha eng?

  5. Morwadiakgosi o ne a raya mmaagwe Moshe a reng?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Ekesodo 2:1-10.

    Mmaagwe Moshe o ne a nna le sebaka sefe sa go thapisa Moshe le go mo ruta fa a ne a sa ntse a le lesea, mme seno se tlhomela batsadi sekao sefe gompieno? (Ekes. 2:9, 10; Dute. 6:6-9; Dia. 22:6; Baef. 6:4; 2 Tim. 3:15)

Polelo 29

Lebaka La go Bo Moshe a Ile a Tshaba

  1. Moshe o goletse kae, mme o ne a itse eng ka batsadi ba gagwe?

  2. Moshe o ne a dirang fa a le dingwaga di le 40?

  3. Moshe o ne a raya monna wa Moiseraele yo o neng a lwa a reng, mme monna yono o ne a mo araba a reng?

  4. Ke eng fa Moshe a ile a tshaba kwa Egepeto?

  5. Moshe o ne a tshabela kae, mme a kopana le mang koo?

  6. Moshe o ne a dirang mo dingwageng di le 40 tsa fa a sena go tshaba kwa Egepeto?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Ekesodo 2:11-25.

    Go sa kgathalesege dingwaga tse ka tsone Moshe a neng a rutwa botlhale jwa Baegepeto, o ne a supa jang gore o ikanyega mo go Jehofa le mo bathong ba gaabo? (Ekes. 2:11, 12; Baheb. 11:24)

  2. Bala Ditiro 7:22-29.

    Re ithuta eng mo kgannyeng ya ga Moshe ya go leka ka boene go golola Baiseraele mo bokgobeng jwa kwa Egepeto? (Dit. 7:23-25; 1 Pet. 5:6, 10)

Polelo 30

Setlhatshana se se Shang

  1. Leina la thaba e e mo setshwantshong seno ke mang?

  2. Tlhalosa selo se se sa tlwaelegang se Moshe a neng a se bona fa a ne a ile kwa thabeng eo le dinku tsa gagwe.

  3. Lentswe le le neng la tswa mo setlhatshaneng se se shang seno le ne la reng, mme e ne e le lentswe la ga mang?

  4. Moshe o ne a araba jang fa Modimo a mmolelela gore o tla etelela batho ba Gagwe pele go ba ntsha kwa Egepeto?

  5. Modimo o ne a raya Moshe a re a arabe jang fa batho ba mmotsa gore o romilwe ke mang?

  6. Moshe o ne a tla ntsha jang bosupi jwa gore o ne a romilwe ke Modimo?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Ekesodo 3:1-22.

    Se se neng sa diragalela Moshe se re naya jang tshepo ya gore le fa re ka ikutlwa re sa tshwanelege go diragatsa kabelo nngwe e re e neilweng ya puso ya Modimo, Jehofa o tla re ema nokeng? (Ekes. 3:11, 13; 2 Bakor. 3:5, 6)

  2. Bala Ekesodo 4:1-20.

    1. Maikutlo a ga Moshe a ne a fetoga jang mo dingwageng di le 40 tse a di ntseng kwa Midiana, mme ba ba lekang go tshwanelegela ditshiamelo mo phuthegong ba ka ithuta eng mo go seno? (Ekes. 2:11, 12; 4:10, 13; Mik. 6:8; 1 Tim. 3:1, 6, 10)

    2. Le fa re otlhaiwa ke Jehofa a dirisa phuthego ya gagwe, sekao sa ga Moshe se ka re naya tshepo efe? (Ekes. 4:12-14; Pes. 103:14; Baheb. 12:4-11)

Polelo 31

Moshe le Arone ba Etela Faro

  1. Dikgakgamatso tse Moshe le Arone ba neng ba di dira di ne tsa ama Baiseraele jang?

  2. Moshe le Arone ba ne ba raya Faro ba reng, mme Faro o ne a ba araba jang?

  3. Jaaka go bontshitswe mo setshwantshong seno, go ne ga direga eng fa Arone a latlhela thobane ya gagwe fa fatshe?

  4. Jehofa o ne a ruta Faro thuto nngwe e e botlhokwa jang, mme Faro o ne a itshwara jang?

  5. Go ne ga direga eng morago ga petso ya bolesome?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Ekesodo 4:27-31 le 5:1-23.

    Faro o ne a raya goreng fa a ne a re: “Ga ke itse Jehofa”? (Ekes. 5:2; 1 Sam. 2:12; Bar. 1:21)

  2. Bala Ekesodo 6:1-13, 26-30.

    1. Jehofa o ne a se ka a ikitsise Aborahame, Isake le Jakobe ka tsela efe? (Ekes. 3:13, 14; 6:3; Gen. 12:8)

    2. Go itse gore Jehofa o ile a dirisa Moshe le mororo Moshe a ne a ikutlwa a sa tshwanelege go dira tiro e a neng a e abetswe, go dira gore re ikutlwe jang? (Ekes. 6:12, 30; Luke 21:13-15)

  3. Bala Ekesodo 7:1-13.

    1. Fa Moshe le Arone ba ne ba bolelela Faro dikatlholo tsa ga Jehofa ka bopelokgale, ba ne ba tlhomela batlhanka ba Modimo sekao sefe gompieno? (Ekes. 7:2, 3, 6; Dit. 4:29-31)

    2. Jehofa o ne a bontsha jang gore o mogolo mo medimong ya Egepeto? (Ekes. 7:12; 1 Ditir. 29:12)

Polelo 32

Dipetso Tse 10

  1. O dirisa ditshwantsho tse di fano, tlhalosa dipetso tsa ntlha tse tharo tse Jehofa a neng a di tlisa mo Egepeto.

  2. Dipetso tsa ntlha tse tharo di ne di farologana jang le dipetso tse dingwe tsotlhe?

  3. Petso ya bonè, ya botlhano le ya borataro e ne e le dife?

  4. Tlhalosa petso ya bosupa, ya borobedi le ya borobongwe.

  5. Jehofa o ne a laela Baiseraele gore ba direng pele ga petso ya bolesome?

  6. Petso ya bolesome e ne e le efe, mme go ne ga direga eng morago ga yone?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Ekesodo 7:19–8:23.

    1. Le mororo baperesiti ba ba neng ba dira maselamose ba Baegepeto ba ne ba kgona go dira dikgakgamatso tse pedi tsa ntlha tsa ga Jehofa, ba ne ba patelesega go dumela eng morago ga petso ya boraro? (Ekes. 8:18, 19; Math. 12:24-28)

    2. Petso ya bonè e ne ya bontsha jang gore Jehofa o kgona go sireletsa batho ba gagwe, mme go itse seno go dira gore batho ba Modimo ba ikutlwe jang fa ba ntse ba letetse go tla ga “pitlagano e kgolo” e e boleletsweng pele? (Ekes. 8:22, 23; Tshen. 7:13, 14; 2 Ditir. 16:9)

  2. Bala Ekesodo 8:24; 9:3, 6, 10, 11, 14, 16, 23-25; le 10:13-15, 21-23.

    1. Dipetso Tse di Lesome di ne tsa senola ditlhopha dife tse pedi, mme seno se ama jang tsela e re lebang ditlhopha tseo ka yone gompieno? (Ekes. 8:10, 18, 19; 9:14)

    2. Ekesodo 9:16 e re thusa jang go tlhaloganya lebaka la go bo Jehofa a letlile Satane go nna a ntse a le teng go fitlha gone jaanong? (Bar. 9:21, 22)

  3. Bala Ekesodo 12:21-32.

    Tlolaganyo e ne ya dira jang gore batho ba le bantsi ba kgone go bolokwa, mme Tlolaganyo e ne e tshwantshetsa eng? (Ekes. 12:21-23; Joh. 1:29; Bar. 5:18, 19, 21; 1 Bakor. 5:7)

Polelo 33

Go Kgabaganya Lewatle le Lehibidu

  1. Ke banna ba le kae ba Baiseraele mmogo le basadi le bana, ba ba neng ba tswa kwa Egepeto, mme ke bomang ba ba neng ba tsamaya le bone?

  2. Faro o ne a ikutlwa jang fa a sena go lesa Baiseraele ba tsamaya, mme o ne a dira eng?

  3. Jehofa o ne a dira eng go thibela Baegepeto gore ba se ka ba tlhasela batho ba gagwe?

  4. Go ne ga direga eng fa Moshe a ne a otlololela thobane ya gagwe fa godimo ga Lewatle le Lehibidu, mme Baiseraele ba ne ba dira eng?

  5. Go ne ga direga eng fa Baegepeto ba itlhaganelela mo lewatleng ba setse Baiseraele morago?

  6. Baiseraele ba ne ba bontsha jang gore ba itumetse le gore ba leboga Jehofa go bo ba bolokilwe?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Ekesodo 12:33-36.

    Jehofa o ne a tlhomamisa jang gore batho ba gagwe ba duelelwa dingwaga tsotlhe tsa bokgoba tse ba di ntseng kwa Egepeto? (Ekes. 3:21, 22; 12:35, 36)

  2. Bala Ekesodo 14:1-31.

    Mafoko a ga Moshe a a mo go Ekesodo 14:13, 14 a ama batlhanka ba ga Jehofa jang gompieno fa ba ntse ba lebane le ntwa e e tlang ya Haramagedona? (2 Ditir. 20:17; Pes. 91:8)

  3. Bala Ekesodo 15:1-8, 20, 21.

    1. Ke ka ntlha yang fa batlhanka ba ga Jehofa ba tshwanetse go mo opelela dipako? (Ekes. 15:1, 2; Pes. 105:2, 3; Tshen. 15:3, 4)

    2. Miriame le basadi ba bangwe kwa Lewatleng le Lehibidu, ba ne ba tlhomela basadi ba Bakeresete ba gompieno sekao sefe sa go baka Jehofa? (Ekes. 15:20, 21; Pes. 68:11)

Polelo 34

Mofuta o Mosha wa Dijo

  1. Mo setshwantshong seno, ke eng se batho ba se selang fa fatshe, mme se bidiwa eng?

  2. Moshe o naya batho taelo efe ka go sela mana?

  3. Jehofa o raya batho a re ba dire eng mo letsatsing la borataro, mme ka ntlha yang?

  4. Jehofa o dira kgakgamatso efe fa mana a bewa go fitlha ka letsatsi la bosupa?

  5. Jehofa o tlamela batho ka mana lobaka lo lo kae?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Ekesodo 16:1-36 le Dipalo 11:7-9.

    1. Ekesodo 16:8 e bontsha eng malebana le go tlotla ga rona banna ba ba tlhomilweng go ya ka puso ya Modimo mo phuthegong ya Bokeresete? (Baheb. 13:17)

    2. Fa Baiseraele ba ne ba le mo sekakeng, ba ne ba gakololwa jang letsatsi le letsatsi gore ba ikaege ka Jehofa? (Ekes. 16:14-16, 35; Dute. 8:2, 3)

    3. Jesu o ne a re mana a tshwantshetsa eng, mme re solegelwa molemo jang ke “senkgwe go tswa legodimong”? (Joh. 6:31-35, 40)

  2. Bala Joshua 5:10-12.

    Baiseraele ba feditse dingwaga di le kae ba ntse ba ja mana, seno se ne sa ba leka jang, mme re ka ithuta eng mo pegong eno? (Ekes. 16:35; Dipa. 11:4-6; 1 Bakor. 10:10, 11)

Polelo 35

Jehofa o Ntsha Melao ya Gagwe

  1. Baiseraele ba thibelela kae mo e ka nnang dikgwedi di le pedi morago ga gore ba tswe kwa Egepeto?

  2. Jehofa o raya batho a re o batla gore ba dire eng, mme ba araba jang?

  3. Ke eng fa Jehofa a naya Moshe maje a mabedi a a sephaphathi?

  4. Mo godimo ga Melao e e Lesome, Jehofa o ne a naya Baiseraele melao efe e mengwe?

  5. Jesu Keresete o ne a re melao e mebedi e megolo go feta e mengwe yotlhe ke efe?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Ekesodo 19:1-25; 20:1-21; 24:12-18; le 31:18.

    Mafoko a a mo go Ekesodo 19:8 a re thusa jang go tlhaloganya gore boineelo jwa Bokeresete bo akaretsang? (Math. 16:24; 1 Pet. 4:1-3)

  2. Bala Duteronome 6:4-6; Lefitiko 19:18; le Mathaio 22:36-40.

    Bakeresete ba bontsha jang gore ba rata Modimo le moagelani wa bone? (Mar. 6:34; Dit. 4:20; Bar. 15:2)

Polelo 36

Namane ya Gauta

  1. Mo setshwantshong seno, batho ba dira eng, mme ka ntlha yang?

  2. Ke eng fa Jehofa a galefile, mme Moshe o dira eng fa a bona se batho ba se dirang?

  3. Moshe o bolelela banna bangwe gore ba dire eng?

  4. Polelo eno e tshwanetse go re ruta eng?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Ekesodo 32:1-35.

    1. Pego eno e bontsha gore Jehofa o ikutlwa jang ka go kopanya bodumedi jwa maaka le jwa boammaaruri? (Ekes. 32:4-6, 10; 1 Bakor. 10:7, 11)

    2. Ke eng se Bakeresete ba tshwanetseng go se ela tlhoko ka boitlosobodutu jo ba bo tlhophang, jaaka go opela le go bina? (Ekes. 32:18, 19; Baef. 5:15, 16; 1 Joh. 2:15-17)

    3. Lotso lwa ga Lefi lo ne lwa tlhoma jang sekao se se molemo sa go emela tshiamo? (Ekes. 32:25-28; Pes. 18:25)

Polelo 37

Tente ya Kobamelo

  1. Kago e e mo setshwantshong seno e bidiwa eng, mme e dirisediwa eng?

  2. Ke eng fa Jehofa a ne a bolelela Moshe gore a age tente e e ka kgonang go rutlololwa motlhofo?

  3. Lebokoso le le mo kamoreng e potlana e e kwa bofelong jwa tente ke eng, mme lebokoso leo le na le eng?

  4. Jehofa o tlhopha mang go nna moperesiti yo mogolo, mme moperesiti yo mogolo o dira eng?

  5. Umaka dilo tse tharo tse di mo kamoreng e kgolo ya tente eno.

  6. Go na le dilo dife tse pedi mo lolwapeng lwa motlaagana, mme di dirisediwa eng?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Ekesodo 25:8-40; 26:1-37; 27:1-8; le 28:1.

    Ditšheruba tse di mo godimo ga “letlole la tshupo” di emela eng? (Ekes. 25:20, 22; Dipa. 7:89; 2 Dikg. 19:15)

  2. Bala Ekesodo 30:1-10, 17-21; 34:1, 2; le Bahebera 9:1-5.

    1. Ke eng fa Jehofa a ne a gatelela botlhokwa jwa gore baperesiti ba ba neng ba direla mo tenteng ba nne phepa mo mmeleng, mme seno se tshwanetse sa re ama jang gompieno? (Ekes. 30:18-21; 40:30, 31; Baheb. 10:22)

    2. Moaposetoloi Paulo o bontsha jang gore motlaagana le kgolagano ya Molao di ne di sa tlhole di dira ka nako ya fa a ne a kwalela Bakeresete ba Bahebera? (Baheb. 9:1, 9; 10:1)

Polelo 38

Ditlhola Tse 12

  1. O lemoga eng ka ngata ya diterebe e e mo setshwantshong seno, mme e tswa kae?

  2. Ke ka ntlha yang fa Moshe a romela ditlhola tse 12 kwa lefatsheng la Kanana?

  3. Ditlhola tse di lesome di raya Moshe di reng fa di boela kwa go ene?

  4. Ditlhola tse pedi di bontsha jang gore di ikanya Jehofa, mme maina a tsone ke bomang?

  5. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a galefile, mme o raya Moshe a reng?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Dipalo 13:1-33.

    1. Go ne go tlhophilwe bomang go ya go tlhola lefatshe, mme ba ne ba na le tshono efe e e molemo? (Dipa. 13:2, 3, 18-20)

    2. Ke ka ntlha yang fa tsela e Joshua le Kalebe ba neng ba leba dilo ka yone e ne e sa tshwane le ya ditlhola tse dingwe, mme re ithuta eng mo go seno? (Dipa. 13:28-30; Math. 17:20; 2 Bakor. 5:7)

  2. Bala Dipalo 14:1-38.

    1. Re tshwanetse go utlwa tlhagiso efe malebana le go ngongorega ka baemedi ba ga Jehofa ba ba mo lefatsheng? (Dipa. 14:2, 3, 27; Math. 25:40, 45; 1 Bakor. 10:10)

    2. Dipalo 14:24 e bontsha jang gore Jehofa o kgatlhegela mongwe le mongwe wa batlhanka ba gagwe? (1 Dikg. 19:18; Dia. 15:3)

Polelo 39

Thobane ya ga Arone e Mela Dithunya

  1. Ke bomang ba ba tsuologelang bolaodi jwa ga Moshe le Arone, mme ba raya Moshe ba reng?

  2. Moshe o raya Kora le balatedi ba gagwe ba ba 250 a re ba dire eng?

  3. Moshe o raya batho a reng, mme go direga eng ka bonako fela fa a fetsa go bua?

  4. Go direga eng ka Kora le balatedi ba gagwe ba ba 250?

  5. Eliasare morwa Arone o dira eng ka ditsholamolelo tsa banna ba ba suleng, mme ka ntlha yang?

  6. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a dira gore thobane ya ga Arone e mele dithunya? (Bona setshwantsho.)

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Dipalo 16:1-49.

    1. Kora le balatedi ba gagwe ba ne ba dira eng, mme ke eng fa go dira jalo e ne e le go tsuologela Jehofa? (Dipa. 16:9, 10, 18; Lefi. 10:1, 2; Dia. 11:2)

    2. Kora le “dikgosana tsa phuthego” di le 250 ba ne ba leba dilo ka tsela efe e e phoso? (Dipa. 16:1-3; Dia. 15:33; Isa. 49:7)

  2. Bala Dipalo 17:1-11 le 26:10.

    1. Go mela dithunya ga thobane ya ga Arone go ne go bolela eng, mme ke eng fa Jehofa a ne a laela gore e bewe mo teng ga letlole? (Dipa. 17:5, 8, 10)

    2. Re ka ithuta thuto efe e e botlhokwa mo go se se bolelwang ke thobane ya ga Arone? (Dipa. 17:10; Dit. 20:28; Bafil. 2:14; Baheb. 13:17)

Polelo 40

Moshe o Itaya Lefika

  1. Jehofa o tlhokomela Baiseraele jang fa ba ntse ba le mo nageng?

  2. Baiseraele ba ngongorega ka eng fa ba thibeletse mo Kadeshe?

  3. Jehofa o tlamela batho le diphologolo tsa bone jang ka metsi?

  4. Mo setshwantshong seno, monna yo o itshupileng yono ke mang, mme ke eng fa a dira jalo?

  5. Ke eng fa Jehofa a galefetse Moshe le Arone, mme ba otlhaiwa jang?

  6. Go direga eng kwa Thabeng ya Hore, mme ke mang yo o nnang moperesiti yo mogolo wa Iseraele?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Dipalo 20:1-13, 22-29 le Duteronome 29:5.

    1. Re ithuta eng ka tsela e Jehofa a neng a tlhokometse Baiseraele ka yone mo nageng? (Dute. 29:5; Math. 6:31; Baheb. 13:5; Jak. 1:17)

    2. Jehofa o ne a leba jang kgang ya go bo Moshe le Arone ba ile ba palelwa ke go mo galaletsa fa pele ga Baiseraele? (Dipa. 20:12; 1 Bakor. 10:12; Tshen. 4:11)

    3. Re ka ithuta eng mo tseleng e Moshe a ileng a itshwara ka yone fa Jehofa a mo otlhaya? (Dipa. 12:3; 20:12, 27, 28; Dute. 32:4; Baheb. 12:7-11)

Polelo 41

Noga ya Kgotlho

  1. Mo setshwantshong seno, ke eng se se thatheletsweng mo koteng, mme ke eng fa Jehofa a ne a laela Moshe gore a e pege mo go yone?

  2. Batho ba bontsha jang gore ga ba lebogele dilo tsotlhe tse Modimo a di ba diretseng?

  3. Batho ba kopa Moshe go dira eng fa Jehofa a sena go romela dinoga tse di botlhole gore di ba lome?

  4. Ke eng fa Jehofa a laela Moshe gore a dire noga ya kgotlho?

  5. Re ka ithuta eng mo polelong eno?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Dipalo 21:4-9.

    1. Go ngongorega ga Baiseraele ka dilo tse Jehofa a ba tlamelang ka tsone go re naya tlhagiso efe? (Dipa. 21:5, 6; Bar. 2:4)

    2. Mo makgolong a dingwaga moragonyana, Baiseraele ba ile ba dirisa jang noga ya kgotlho, mme Kgosi Hesekia o ne a tsaya kgato efe? (Dipa. 21:9; 2 Dikg. 18:1-4)

  2. Bala Johane 3:14, 15.

    Go pegiwa ga noga ya kgotlho mo koteng ya tshwantshetso go tshwantshetsa jang go bapolwa ga ga Jesu Keresete? (Bagal. 3:13; 1 Pet. 2:24)

Polelo 42

Esele e a Bua

  1. Balake ke mang, mme ke ka ntlha yang fa a roma mongwe go ya go bitsa Balaame?

  2. Ke ka ntlha yang fa esele ya ga Balaame e nna fa fatshe mo tseleng?

  3. Balaame o utlwa esele e reng?

  4. Moengele o raya Balaame a reng?

  5. Go direga eng fa Balaame a leka go hutsa Baiseraele?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Dipalo 21:21-35.

    Ke eng fa Baiseraele ba ile ba fenya Kgosi Sihone wa Baamore le Kgosi Oge wa Bashana? (Dipa. 21:21, 23, 33, 34)

  2. Bala Dipalo 22:1-40.

  3. Maikaelelo a ga Balaame e ne e le afe fa a ne a leka go hutsa Baiseraele, mme re ka ithuta eng mo go seno? (Dipa. 22:16, 17; Dia. 6:16, 18; 2 Pet. 2:15; Jude 11)

  4. Bala Dipalo 23:1-30.

    Le fa gone Balaame a ne a bua jaaka e kete ke moobamedi wa ga Jehofa, ditiro tsa gagwe di ne di bontsha jang gore ga a obamele Jehofa? (Dipa. 23:3, 11-14; 1 Sam. 15:22)

  5. Bala Dipalo 24:1-25.

    Pego eno ya Baebele e nonotsha jang tumelo ya rona mo go diragadiweng ga maikaelelo a ga Jehofa? (Dipa. 24:10; Isa. 54:17)

Polelo 43

Joshua o Nna Moeteledipele

  1. Banna ba babedi ba ba emeng le Moshe mo setshwantshong seno ke bomang?

  2. Jehofa o raya Joshua a reng?

  3. Ke eng fa Moshe a palamela kwa godimo ga Thaba ya Nebo, mme Jehofa o mo raya a reng?

  4. Moshe o swa a le dingwaga di le kae?

  5. Ke eng fa batho ba hutsafetse, mme ba na le lebaka lefe la go itumela?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Dipalo 27:12-23.

    Jehofa o ne a naya Joshua kabelo efe e e boima, mme tsela e Jehofa a tlhokomelang batho ba gagwe ka yone e bonala jang gompieno? (Dipa. 27:15-19; Dit. 20:28; Baheb. 13:7)

  2. Bala Duteronome 3:23-29.

    Ke eng fa Jehofa a ile a se ka a letla Moshe le Arone gore ba tsene mo lefatsheng la tsholofetso, mme re ka ithuta eng mo go seno? (Dute. 3:25-27; Dipa. 20:12, 13)

  3. Bala Duteronome 31:1-8, 14-23.

    Mafoko a Moshe a a buang fa a laela Baiseraele a bontsha jang gore o ne a amogetse kotlhao ya ga Jehofa ka boikokobetso? (Dute. 31:6-8, 23)

  4. Bala Duteronome 32:45-52.

    Lefoko la Modimo le tshwanetse go ama matshelo a rona jang? (Dute. 32:47; Lefi. 18:5; Baheb. 4:12)

  5. Bala Duteronome 34:1-12.

    Le fa gone Moshe a ise a ko a tsamaye a bone Jehofa, Duteronome 34:10 e bontsha gore o ne a na le kamano e e ntseng jang le Jehofa? (Ekes. 33:11, 20; Dipa. 12:8)

Polelo 44

Rahabe o Fitlha Ditlhola

  1. Rahabe o nna kae?

  2. Banna ba babedi ba ba mo setshwantshong seno ke bomang, mme ke eng fa ba le mo Jeriko?

  3. Kgosi ya Jeriko e laela Rahabe gore a dire eng, mme Rahabe o araba jang?

  4. Rahabe o thusa jang banna bano ba babedi, mme o ba kopa gore ba mo direle eng se se molemo?

  5. Ditlhola tse pedi di solofetsa Rahabe eng?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Joshua 2:1-24.

    Tsholofetso ya ga Jehofa e e mo go Ekesodo 23:28 e ne ya diragadiwa jang fa Baiseraele ba ne ba tla go tlhasela Jeriko? (Josh. 2:9-11)

  2. Bala Bahebera 11:31.

    Sekao sa ga Rahabe se gatelela jang botlhokwa jwa go nna le tumelo? (Bar. 1:17; Baheb. 10:39; Jak. 2:25)

Polelo 45

Ba Kgabaganya Noka ya Joredane

  1. Jehofa o dira kgakgamatso efe gore Baiseraele ba kgone go kgabaganya Noka ya Joredane?

  2. Baiseraele ba tshwanetse go dira eng se se bontshang gore ba na le tumelo gore ba kgone go kgabaganya Noka ya Joredane?

  3. Ke eng fa Jehofa a laela Joshua go kgobokanya maje a le 12 a magolo a a tswang mo nokeng?

  4. Go direga eng ka bonako fela fa baperesiti ba tswa mo nokeng ya Joredane?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Joshua 3:1-17.

    1. Jaaka fa pego eno e bontsha, re tshwanetse go dira eng gore Jehofa a re thuse le go re segofatsa? (Josh. 3:13, 15; Dia. 3:5; Jak. 2:22, 26)

    2. Noka ya Joredane e ne e le mo boemong jo bo ntseng jang fa Baiseraele ba e kgabaganya gore ba tsene mo Lefatsheng le le Solofeditsweng, mme seno se ne sa godisa leina la ga Jehofa jang? (Josh. 3:15; 4:18; Pes. 66:5-7)

  2. Bala Joshua 4:1-18.

    Maje a a 12 a a neng a tsewa mo nokeng ya Joredane a bo a tlhomiwa kwa Gilegala a ne a kaya eng? (Josh. 4:4-7)

Polelo 46

Dipota Tsa Jeriko

  1. Jehofa o laela batlhabani le baperesiti gore ba dire eng malatsi a le marataro?

  2. Banna bano ba tshwanetse go dira eng mo letsatsing la bosupa?

  3. Jaaka fa o bona mo setshwantshong seno, go direga eng ka dithako tsa Jeriko?

  4. Ke eng fa go na le mogala o mohibidu o o lepeletseng mo fensetereng?

  5. Joshua o laela batlhabani gore ba dire eng ka batho le motse wa bone, mme ba dire eng ka selefera, gauta, kgotlho le tshipi?

  6. Ditlhola tse pedi di laelwa go dira eng?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Joshua 6:1-25.

    1. Go gwanta ga Baiseraele ba dikologa motse wa Jeriko mo letsatsing la bosupa go tshwana jang le tiro ya go rera e e dirwang ke Basupi ba ga Jehofa mo metlheng eno ya bofelo? (Josh. 6:15, 16; Isa. 60:22; Math. 24:14; 1 Bakor. 9:16)

    2. Boporofeti jo bo mo go Joshua 6:26 bo ne jwa diragadiwa jang dingwaga di le 500 moragonyana, mme seno se re ruta eng ka lefoko la ga Jehofa? (1 Dikg. 16:34; Isa. 55:11)

Polelo 47

Legodu mo Iseraele

  1. Mo setshwantshong seno, ke mang monna yono yo o fitlhang dikhumo tse a di tsereng kwa motseng wa Jeriko, mme o thusiwa ke bomang?

  2. Ke eng fa se Akane le ba lelapa la gagwe ba se dirileng se le masisi thata jaana?

  3. Jehofa a reng fa Joshua a mmotsa gore ke eng fa Baiseraele ba fentswe mo ntweng kwa Ai?

  4. Fa Akane le ba lelapa la gagwe ba sena go tlisiwa kwa go Joshua, go direga eng ka bone?

  5. Go atlholwa ga ga Akane go re ruta thuto efe e e botlhokwa?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Joshua 7:1-26.

    1. Dithapelo tsa ga Joshua di ne di senola eng ka kamano e a neng a na le yone le Mmopi wa gagwe? (Josh. 7:7-9; Pes. 119:145; 1 Joh. 5:14)

    2. Sekai sa ga Akane se bontsha eng, mme seno ke tlhagiso jang mo go rona? (Josh. 7:11, 14, 15; Dia. 15:3; 1 Tim. 5:24; Baheb. 4:13)

  2. Bala Joshua 8:1-29.

    Mongwe le mongwe wa rona o na le boikarabelo bofe mo phuthegong ya Bokeresete gompieno? (Josh. 7:13; Lefi. 5:1; Dia. 28:13)

Polelo 48

Bagibeone ba ba Botlhale

  1. Batho ba kwa Gibeone ba farologana jang le Bakanana ba ba mo metseng e e fa gaufi?

  2. Jaaka go bontshitswe mo setshwantshong seno, Bagibeone ba dira eng, mme ka ntlha yang?

  3. Joshua le baeteledipele ba Baiseraele ba solofetsa Bagibeone eng, mme ke eng se ba se lemogang morago ga malatsi a mararo?

  4. Go direga eng fa dikgosi tsa metse e mengwe di utlwa gore Bagibeone ba dirile kagiso le Baiseraele?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Joshua 9:1-27.

    1. E re ka Jehofa a laetse setšhaba sa Iseraele go “nyeletsa banni botlhe ba lefatshe,” go boloka Bagibeone ga gagwe go bontsha gore o na le dinonofo dife? (Josh. 9:22, 24; Math. 9:13; Dit. 10:34, 35; 2 Pet. 3:9)

    2. Ka go ngaparela kgolagano e a neng a e dirile le Bagibeone, Joshua o ne a tlhomela Bakeresete sekao sefe se se molemo gompieno? (Josh. 9:18, 19; Math. 5:37; Baef. 4:25)

  2. Bala Joshua 10:1-5.

    Gompieno, boidiidi jo bogolo bo etsa Bagibeone jang, mme seno se dira gore ba lebane le boemo bofe? (Josh. 10:4; Seka. 8:23; Math. 25:35-40; Tshen. 12:17)

Polelo 49

Letsatsi le Ema le sa Sute

  1. Mo setshwantshong seno, Joshua a reng, mme ke eng fa a bua jalo?

  2. Jehofa o thusa Joshua le batlhabani ba gagwe jang?

  3. Joshua o fenya dikgosi tse kae tse e leng baba ba bone, mme go tsaya lobaka lo lo kae?

  4. Ke ka ntlha yang fa Joshua a kgaoganya lefatshe la Kanana?

  5. Joshua o swa a le dingwaga tse kae, mme batho ba diragalelwa ke eng morago ga moo?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Joshua 10:6-15.

    Re na le tsholofelo efe gompieno ka ntlha ya go itse gore Jehofa o ne a dira gore letsatsi le ngwedi di eme di sa sute go thusa Baiseraele? (Josh. 10:8, 10, 12, 13; Pes. 18:3; Dia. 18:10)

  2. Bala Joshua 12:7-24.

    Ke mang yo tota a neng a fenya dikgosi tse 31 kwa Kanana, mme ke eng fa seno se le botlhokwa mo go rona gompieno? (Josh. 12:7; 24:11-13; Dute. 31:8; Luke 21:9, 25-28)

  3. Bala Joshua 14:1-5.

    Ditso tsa Iseraele di ne tsa kgaoganyediwa lefatshe jang, mme seno se supa eng malebana le boswa jo re tla nnang le jone kwa Paradaiseng? (Josh. 14:2; Isa. 65:21; Esek. 47:21-23; 1 Bakor. 14:33)

  4. Bala Baatlhodi 2:8-13.

    Jaaka Joshua kwa Iseraele, ke mang gompieno yo e leng thibelo kgatlhanong le botlhanogi? (Baatlh. 2:8, 10, 11; Math. 24:45-47; 2 Bathes. 2:3-6; Tito 1:7-9; Tshen. 1:1; 2:1, 2)

Polelo 50

Basadi ba Babedi ba ba Pelokgale

  1. Baatlhodi ke bomang, mme maina a bangwe ba bone ke bomang?

  2. Debora o na le tshiamelo efe e e kgethegileng, mme seno se akaretsa eng?

  3. Fa Iseraele e ne e tshosediwa ke Kgosi Jabine le moeteledipele wa masole a gagwe e bong Sisera, Debora o ne a naya Moatlhodi Barake molaetsa ofe o o tswang kwa go Jehofa, mme a re go tla tlotlomadiwa mang?

  4. Jaele o bontsha jang gore ke mosadi yo o pelokgale?

  5. Go direga eng fa Kgosi Jabine a sena go swa?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Baatlhodi 2:14-22.

    Baiseraele ba ile ba itlisetsa jang bogale jwa ga Jehofa, mme re ka ithuta eng mo go seno? (Baatlh. 2:20; Dia. 3:1, 2; Esek. 18:21-23)

  2. Bala Baatlhodi 4:1-24.

    Ke dithuto dife tse di amanang le tumelo le bopelokgale tse basadi ba Bakeresete gompieno ba ka di ithutang mo sekaong sa ga Debora le Jaele? (Baatlh. 4:4, 8, 9, 14, 21, 22; Dia. 31:30; 1 Bakor. 16:13)

  3. Bala Baatlhodi 5:1-31.

    Pina ya phenyo ya ga Barake le Debora e ka dirisiwa jang jaaka thapelo malebana le go tla ga ntwa ya Haramagedona? (Baatlh. 5:3, 31; 1 Ditir. 16:8-10; Tshen. 7:9, 10; 16:16; 19:19-21)

Polelo 51

Ruthe le Naomi

  1. Go tlile jang gore Naomi a bo a le mo lefatsheng la Moabe?

  2. Ruthe le Orepa ke bomang?

  3. Ruthe le Orepa ba ne ba araba jang fa Naomi a ba bolelela gore ba boele kwa bathong ba gaabo?

  4. Boase ke mang, mme o thusa Ruthe le Naomi jang?

  5. Leina la ngwana wa ga Boase le Ruthe ke mang, mme ke eng fa re tshwanetse go mo gakologelwa?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Ruthe 1:1-17.

    1. Ruthe o bua mafoko afe a a kgatlhang a a bontshang lorato lo lo ikanyegang? (Ruthe 1:16, 17)

    2. Boikutlo jwa ga Ruthe bo bontsha sentle jang maikutlo a “dinku tse dingwe” di nang le one ka batlodiwa ba ba mo lefatsheng gompieno? (Joh. 10:16; Seka. 8:23)

  2. Bala Ruthe 2:1-23.

    Ruthe o tlhomela basadi ba babotlana sekao se se molemo jang gompieno? (Ruthe 2:17, 18; Dia. 23:22; 31:15)

  3. Bala Ruthe 3:5-13.

    1. Boase o leba jang go iketleeletsa ga ga Ruthe go nyalwa ke ene go na le go nyalwa ke monna yo a sa ntseng a le mosha?

    2. Boikutlo jwa ga Ruthe bo re ruta eng ka go nna le lorato lo lo ikanyegang? (Ruthe 3:10; 1 Bakor. 13:4, 5)

  4. Bala Ruthe 4:7-17.

    Banna ba Bakeresete gompieno ba ka tshwana jang le Boase? (Ruthe 4:9, 10; 1 Tim. 3:1, 12, 13; 5:8)

Polelo 52

Gideone le Banna ba Gagwe ba le 300

  1. Ke eng fa Baiseraele ba le mo mathateng a magolo mme ba tsene jang mo go one?

  2. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a bolelela Gideone gore o na le masole a mantsi mo mophatong wa gagwe?

  3. Go sala banna ba le kae fa Gideone a sena go bolelela banna ba ba boifang gore ba boele gae?

  4. O lebile setshwantsho seno, tlhalosa gore Jehofa o fokotsa jang palo ya masole a ga Gideone gore go sale banna ba le 300.

  5. Gideone o rulaganya jang banna ba gagwe ba ba 300, mme Baiseraele ba fenya ntwa jang?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Baatlhodi 6:36-40.

    1. Gideone o ne a tlhomamisa jang gore thato ya ga Jehofa ke eng?

    2. Gompieno, re ka kgona go bona jang gore thato ya ga Jehofa ke eng? (Dia. 2:3-6; Math. 7:7-11; 2 Tim. 3:16, 17)

  2. Bala Baatlhodi 7:1-25.

    1. Re ka ithuta eng mo banneng ba le 300 ba ba neng ba nna ba disitse fa re ba bapisa le ba ba neng ba se kelotlhoko? (Baatlh. 7:3, 6; Bar. 13:11, 12; Baef. 5:15-17)

    2. Fela jaaka banna ba ba 300 ba ne ba ithuta ka go leba se Gideone a neng a se dira, rona re ithuta jang ka go leba Gideone yo Mogolwane, e bong Jesu Keresete? (Baatlh. 7:17; Math. 11:29, 30; 28:19, 20; 1 Pet. 2:21)

    3. Baatlhodi 7:21 e re thusa jang go kgotsofalela go direla gongwe le gongwe kwa re abetsweng gone mo phuthegong ya ga Jehofa? (1 Bakor. 4:2; 12:14-18; Jak. 4:10)

  3. Bala Baatlhodi 8:1-3.

    Fa go tla mo kgannyeng ya go rarabolola dikgotlhang le mokaulengwe kgotsa kgaitsadi, re ka ithuta eng mo tseleng e Gideone a neng a rarabolola dikgotlhang ka yone le Baeferaime? (Dia. 15:1; Math. 5:23, 24; Luke 9:48)

Polelo 53

Tsholofetso ya ga Jefetha

  1. Jefetha ke mang, mme o tshetse mo motlheng ofe?

  2. Jefetha o solofetsa Jehofa eng?

  3. Ke eng fa Jefetha a hutsafala fa a boela gae a sena go fenya Baamone?

  4. Morwadia Jefetha a reng fa a sena go utlwa ka tsholofetso e rraagwe a neng a e dirile?

  5. Ke eng fa batho ba rata morwadia Jefetha?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Baatlhodi 10:6-18.

    Ke tlhagiso efe e re tshwanetseng go e tsaya tsia e e mo pegong e e buang ka Baiseraele ba ba neng ba sa ikanyege mo go Jehofa? (Baatlh. 10:6, 15, 16; Bar. 15:4; Tshen. 2:10)

  2. Bala Baatlhodi 11:1-11, 29-40.

    1. Re itse jang gore fa Jefetha a ntsha morwadie go nna “tshupelo e e fisiwang” go ne go sa reye gore o ne a mo isa tshupelo ka go mo fisa mo molelong a ntsha setlhabelo sa motho? (Baatlh. 11:31; Lefi. 16:24; Dute. 18:10, 12)

    2. Ke ka tsela efe Jefetha a ileng a ntsha morwadie tshupelo?

    3. Re ka ithuta eng ka boikutlo jo Jefetha a neng a bo bontsha malebana le ikano e a neng a e direla Jehofa? (Baatlh. 11:35, 39; Mor. 5:4, 5; Math. 16:24)

    4. Morwadie Jefetha o tlhometse Bakeresete ba babotlana sekao se se molemo jang ka go gagamalela tirelo ya nako e e tletseng? (Baatlh. 11:36; Math. 6:33; Bafil. 3:8)

Polelo 54

Monna yo o Nonofileng go Gaisa Botlhe

  1. Leina la monna yo o nonofileng go gaisa botlhe yo o kileng ga tshela ke mang, mme ke mang yo o neng a mo naya maatla?

  2. Nako nngwe, Samesone o ne a dira eng tau e kgolo, jaaka fa o bona mo setshwantshong?

  3. Mo setshwantshong seno, Samesone o bolelela Delila sephiri sefe, mme seno se dira jang gore a feleletse a tshwerwe ke Bafilisitia?

  4. Samesone o ne a bolaya jang baba ba le 3 000 ba Bafilisitia, mo letsatsing le a neng a swa ka lone?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Baatlhodi 13:1-14.

    Manoa le mosadi wa gagwe ba tlhomela batsadi sekao se se molemo jang sa go godisa bana ba bone? (Baatlh. 13:8; Pes. 127:3; Baef. 6:4)

  2. Bala Baatlhodi 14:5-9 le 5:9-16.

    1. Pego ya gore Samesone o ne a bolaya tau, a kgaola megala e mesha e a neng a bofilwe ka yone, a bolaya banna ba le 1 000 ka lerapo la lotlhaa lwa esele, e bontsha eng ka go dira ga moya o o boitshepo wa ga Jehofa?

    2. Moya o o boitshepo o re thusa jang gompieno? (Baatlh. 14:6; 15:14; Seka. 4:6; Dit. 4:31)

  3. Bala Baatlhodi 16:18-31.

    Samesone o ne a amiwa jang ke go nna le ditsala tse di sa siamang, mme re ka ithuta eng mo go seno? (Baatlh. 16:18, 19; 1 Bakor. 15:33)

Polelo 55

Mosimanyana o Direla Modimo

  1. Leina la mosimanyana yo o mo setshwantshong seno ke mang, mme ba bangwe bone ke bomang?

  2. Hana o rapela thapelo efe letsatsi lengwe fa a ile kwa motlaaganeng wa ga Jehofa, mme Jehofa o mo araba jang?

  3. Samuele o dingwaga tse kae fa a isiwa kwa tenteng ya ga Jehofa go ya go direla teng, mme mmaagwe o mo direla eng ngwaga le ngwaga?

  4. Maina a bomorwa Eli ke bomang, mme ke banna ba ba ntseng jang?

  5. Jehofa o bitsa Samuele jang, mme o mo naya molaetsa ofe?

  6. Samuele o nna eng fa a gola, mme go direga eng fa a tsofala?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala 1 Samuele 1:1-28.

    1. Elekana o tlhomela ditlhogo tsa malapa sekao sefe se se molemo sa go etelela pele mo kobamelong ya boammaaruri? (1 Sam. 1:3, 21; Math. 6:33; Bafil. 1:10)

    2. Re ithuta eng mo sekaong sa ga Hana sa go lebana le bothata jo bo boima? (1 Sam. 1:10, 11; Pes. 55:22; Bar. 12:12)

  2. Bala 1 Samuele 2:11-36.

    Ke ka tsela efe Eli a neng a tlotla barwa ba gagwe go feta Jehofa, mme seno e ka nna tlhagiso jang mo go rona? (1 Sam. 2:22-24, 27, 29; Dute. 21:18-21; Math. 10:36, 37)

  3. Bala 1 Samuele 4:16-18.

    Go ne ga tla melaetsa efe e menè ya masetlapelo go tswa kwa moleng wa tlhabano, mme e ama Eli jang?

  4. Bala 1 Samuele 8:4-9.

    Baiseraele ba ne ba kgopisa Jehofa thata go le kana kang, mme re ka tshegetsa Bogosi jwa gagwe jang ka boikanyegi gompieno? (1 Sam. 8:5, 7; Joh. 17:16; Jak. 4:4)

Polelo 56

Saulo—Kgosi ya Ntlha ya Iseraele

  1. Ke eng se Saulo a se dirang mo setshwantshong seno, mme ka ntlha yang?

  2. Ke eng fa Jehofa a rata Saulo, mme ke monna yo o ntseng jang?

  3. Leina la morwa wa ga Saulo ke mang, mme morwa yono o dira eng?

  4. Ke eng fa Saulo a ntsha setlhabelo go na le go emela Samuele gore e nne ene a se ntshang?

  5. Re ka ithuta eng mo pegong eno e e buang ka Saulo?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala 1 Samuele 9:15-21 le 10:17-27.

    Go ikokobetsa ga ga Saulo go ne ga mo thusa jang gore a se ka a dira dilo ka mafega fa banna bangwe ba ne ba bua ka ene ka go tlhoka tlotlo? (1 Sam. 9:21; 10:21, 22, 27; Dia. 17:27)

  2. Bala 1 Samuele 13:5-14.

    Saulo o ne a dira boleo bofe kwa Gilegala? (1 Sam. 10:8; 13:8, 9, 13)

  3. Bala 1 Samuele 15:1-35.

    1. Ke boleo bofe jo bo masisi jo Saulo a neng a bo dira malebana le Agage, kgosi ya Amaleke? (1 Sam. 15:2, 3, 8, 9, 22)

    2. Saulo o ne a leka jang go nyenyefatsa diphoso tsa gagwe le go pega ba bangwe molato? (1 Sam. 15:24)

    3. Ke tlhagiso efe e re tshwanetseng go e latela gompieno fa re newa kgakololo? (1 Sam. 15:19-21; Pes. 141:5; Dia. 9:8, 9; 11:2)

Polelo 57

Modimo o Tlhopha Dafide

  1. Leina la mosimane yo o mo setshwantshong seno ke mang, mme re itse jang gore o pelokgale?

  2. Dafide o nna kae, mme leina la ga rraagwe le la ga rraagwemogolo ke mang?

  3. Ke eng fa Jehofa a laela Samuele gore a ye kwa ntlong ya ga Jese kwa Bethelehema?

  4. Go direga eng fa Jese a tlisa barwa ba gagwe ba ba supa kwa go Samuele?

  5. Fa go tlisiwa Dafide, Jehofa o raya Samuele a reng?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala 1 Samuele 17:34, 35.

    Ditiragalo tseno di gatelela jang bopelokgale jwa ga Dafide le go ikaega ga gagwe ka Jehofa? (1 Sam. 17:37)

  2. Bala 1 Samuele 16:1-14.

    1. Mafoko a ga Jehofa a a mo go 1 Samuele 16:7 a re thusa jang gore re se ka ra nna le tlhaolele le gore re se ka ra nna le maikutlo a a sa siamang ka motho ka go leba fela tsela e a lebegang ka yone ka fa ntle? (Dit. 10:34, 35; 1 Tim. 2:4)

    2. Sekao sa ga Saulo se bontsha jang gore fa Jehofa a tlosa moya wa gagwe o o boitshepo mo mothong, moya oo o ka tseelwa sebaka ke o o bosula, kgotsa tlhotlheletso ya gore a dire se se sa siamang? (1 Sam. 16:14; Math. 12:43-45; Bagal. 5:16)

Polelo 58

Dafide le Goliathe

  1. Goliathe o gwetlha masole a Baiseraele jang?

  2. Goliathe o bogolo jo bo kana kang, mme Kgosi Saulo o solofetsa gore o tla naya motho yo o bolayang Goliathe eng?

  3. Dafide a reng fa Saulo a mmolelela gore ga a ka ke a kgona go lwa le Goliathe ka gonne Dafide e le mosimanyana fela?

  4. Fa Dafide a araba Goliathe, o bontsha jang gore o ikanya Jehofa?

  5. Jaaka fa o bona mo setshwantshong seno, Dafide o dirisa eng go bolaya Goliathe, mme go direga eng ka Bafilisitia morago ga moo?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala 1 Samuele 17:1-54.

    1. Ke eng se se neng sa thusa Dafide gore a se ka a boifa, mme re ka etsa jang bopelokgale jwa gagwe? (1 Sam. 17:37, 45; Baef. 6:10, 11)

    2. Ke eng fa Bakeresete ba tshwanetse go tila moya wa kgaisano o o tshwanang le wa ga Goliathe fa ba nna le seabe mo metshamekong kgotsa fa ba itlosa bodutu? (1 Sam. 17:8; Bagal. 5:26; 1 Tim. 4:8)

    3. Mafoko a ga Dafide a bontsha jang gore o ne a na le tumelo ya gore Modimo o ne a tla mo ema nokeng? (1 Sam. 17:45-47; 2 Ditir. 20:15)

    4. Go na le gore pego eno e tlhalose fela ntwa fa gare ga mephato e mebedi, e bontsha jang gore e ne e le ntwa fa gare ga medimo ya maaka le Modimo wa boammaaruri, Jehofa? (1 Sam. 17:43, 46, 47)

    5. Masalela a a tloditsweng a etsa jang sekao sa ga Dafide sa go ikanya Jehofa? (1 Sam. 17:37; Jer. 1:17-19; Tshen. 12:17)

Polelo 59

Lebaka La go Bo Dafide a Tshwanetse go Tshaba

  1. Ke eng fa Saulo a fufegela Dafide, mme morwa Saulo e bong Jonathane, ene o farologana jang le rraagwe?

  2. Go direga eng letsatsi lengwe fa Dafide a leletsa Saulo harepa?

  3. Saulo o raya Dafide a re a dire eng pele a ka tsaya morwadia Saulo e bong Mikale go nna mosadi wa gagwe, mme ke eng fa Saulo a bua jalo?

  4. Fa Dafide a leletsa Saulo harepa, ke eng se se diregang e le lekgetlo la boraro, jaaka fa setshwantsho seno se bontsha?

  5. Mikale o ne a thusa go boloka botshelo jwa ga Dafide jang, mme morago ga moo Dafide o ne a tshwanelwa ke go dira eng dingwaga di le supa?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala 1 Samuele 18:1-30.

    1. Lorato lo lo nonofileng lwa ga Jonathane mo go Dafide lo ne lo tshwantshetsa jang lorato lo lo neng lo tla nna teng fa gare ga “dinku di sele” le “letsomanyane”? (1 Sam. 18:1; Joh. 10:16; Luke 12:32; Seka. 8:23)

    2. E re ka Jonathane e le ene a tshwanetseng go ka bo a ile a nna moruaboswa wa ga Saulo, 1 Samuele 18:4 e bontsha jang gore Jonathane o ne a ineetse ka botlalo mo go yo o neng a tlhophilwe go nna kgosi?

    3. Sekao sa ga Saulo se bontsha jang gore lefufa le ka felela ka gore motho a dire boleo jo bo masisi, mme seno se re naya tlhagiso efe? (1 Sam. 18:7-9, 25; Jak. 3:14-16)

  2. Bala 1 Samuele 19:1-17.

    Jonathane o ne a baya botshelo jwa gagwe jang mo kotsing fa a ne a bua le Saulo? (1 Sam. 19:1, 4-6; Dia. 16:14)

Polelo 60

Abigaile le Dafide

  1. Leina la mosadi yo o tlang go kgatlhantsha Dafide mo setshwantshong seno ke mang, mme ke motho yo o ntseng jang?

  2. Nabale ke mang?

  3. Ke eng fa Dafide a roma banna bangwe ba gagwe gore ba ye go kopa Nabale gore a ba bontshe kutlwelobotlhoko?

  4. Nabale o raya banna ba ga Dafide a reng, mme Dafide o tsibogela seo jang?

  5. Abigaile o bontsha jang gore ke mosadi yo o botlhale?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala 1 Samuele 22:1-4.

    Lelapa la ga Dafide le ile la tlhoma sekao se se molemo jang sa kafa re tshwanetseng go tshegetsana ka gone jaaka bakaulengwe ba Bakeresete? (Dia. 17:17; 1 Bathes. 5:14)

  2. Bala 1 Samuele 25:1-43.

    1. Ke eng fa Nabale a tlhalosiwa ka tsela e e nyatsegang jaana? (1 Sam. 25:2-5, 10, 14, 21, 25)

    2. Basadi ba ba nyetsweng ba Bakeresete ba ka ithuta eng gompieno mo sekaong sa ga Abigaile? (1 Sam. 25:32, 33; Dia. 31:26; Baef. 5:24)

    3. Abigaile o ne a thibela Dafide gore a se ka a dira dilo dife tse pedi tse di sa siamang? (1 Sam. 25:31, 33; Bar. 12:19; Baef. 4:26)

    4. Tsela e Dafide a ileng a tsibogela mafoko a ga Abigaile ka yone e thusa jang banna gompieno gore ba lebe basadi ka tsela e Jehofa a ba lebang ka yone? (Dit. 21:8, 9; Bar. 2:11; 1 Pet. 3:7)

Polelo 61

Dafide o Dirwa Kgosi

  1. Dafide le Abishai ba ile ba dira eng fa Saulo a robetse mo bothibelelong jwa gagwe?

  2. Dafide o botsa Saulo dipotso dife?

  3. Dafide o ya kae fa a sena go kgaogana le Saulo?

  4. Dafide o hutsafadiwa ke eng thata se se neng sa dira gore a kwale pina e e monate?

  5. Dafide o dingwaga di le kae fa a tlhomiwa go nna kgosi kwa Heberone, mme maina a bangwe ba bomorwawe ke bomang?

  6. Moragonyana Dafide o busa kae e le kgosi?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala 1 Samuele 26:1-25.

    1. Mafoko a ga Dafide a a mo go 1 Samuele 26:11 a bontsha gore o na le maikutlo a a ntseng jang ka thulaganyo ya puso ya Modimo? (Pes. 37:7; Bar. 13:2)

    2. Fa re iteka ka natla gore re bontshe ba bangwe bopelonomi jwa lorato mme ba sa anaanele se re se dirang, mafoko a ga Dafide a a mo go 1 Samuele 26:23 a ka re thusa jang gore re lebe dilo ka tsela e e tshwanetseng? (1 Dikg. 8:32; Pes. 18:20)

  2. Bala 2 Samuele 1:26.

    Gompieno, Bakeresete ba ka bontshana jang gore ‘ba ratana ka lorato lo logolo’ jaaka go ne go ntse ka Dafide le Jonathane? (1 Pet. 4:8; Bakol. 3:14; 1 Joh. 4:12)

  3. Bala 2 Samuele 5:1-10.

    1. Dafide o busitse dingwaga di le kae e le kgosi, mme lobaka loo lwa nako lo ne lwa kgaoganngwa jang? (2 Sam. 5:4, 5)

    2. Ke eng se se dirileng gore Dafide a fitlhelele bogolo jwa gagwe, mme seno ke kgakololo jang mo go rona gompieno? (2 Sam. 5:10; 1 Sam. 16:13; 1 Bakor. 1:31; Bafil. 4:13)

Polelo 62

Mathata mo Ntlong ya ga Dafide

  1. Ka thuso ya ga Jehofa, kgabagare go direga eng ka lefatshe la Kanana?

  2. Go direga eng maitseboa mangwe fa Dafide a le kwa godimo ga ntlo ya gagwe ya segosi?

  3. Ke eng fa Jehofa a galefetse Dafide thata?

  4. Mo setshwantshong seno, Jehofa o roma mang go ya go bolelela Dafide ka maleo a gagwe, mme monna yoo o raya Dafide a re o tla diragalelwa ke eng?

  5. Dafide o nna le mathata afe?

  6. 6. Ke mang yo o nnang kgosi ya Iseraele morago ga ga Dafide?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala 2 Samuele 11:1-27.

    1. Go nna re tshwaregile mo tirelong ya ga Jehofa go re sireletsa jang?

    2. Dafide o ne a raelesega jang gore a leofe, mme seno ke tlhagiso jang mo batlhankeng ba ga Jehofa gompieno? (2 Sam. 11:2; Math. 5:27-29; 1 Bakor. 10:12; Jak. 1:14, 15)

  2. Bala 2 Samuele 12:1-18.

    1. Bagolwane le batsadi ba ka ithuta eng mo tseleng e Nathane a ileng a bua le Dafide ka yone fa a ne a mo naya kgakololo? (2 Sam. 12:1-4; Dia. 12:18; Math. 13:34)

    2. Ke eng fa Jehofa a ile a utlwela Dafide botlhoko? (2 Sam. 12:13; Pes. 32:5; 2 Bakor. 7:9, 10)

Polelo 63

Kgosi e e Botlhale e Bong Solomone

  1. Jehofa o botsa Solomone potso efe mme o e araba jang?

  2. E re ka Jehofa a ne a itumedisitswe ke kopo ya ga Solomone, o solofetsa go mo naya eng?

  3. Basadi bangwe ba babedi ba tlisa bothata bofe jo bogolo mo go Solomone?

  4. Jaaka o bona mo setshwantshong seno, Solomone o rarabolola bothata jono jang?

  5. Puso ya ga Solomone e ntse jang, mme ka ntlha yang?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala 1 Dikgosi 3:3-28.

    1. Banna ba ba neilweng maikarabelo mo phuthegong ya Modimo gompieno ba ka ithuta eng mo mafokong a Solomone a neng a a bua go tswa pelong mo go 1 Dikgosi 3:7? (Pes. 119:105; Dia. 3:5, 6)

    2. Kopo ya ga Solomone ke sekai se se molemo jang sa dilo tse di siameng tse re tshwanetseng go di rapelela? (1 Dikg. 3:9, 11; Dia. 30:8, 9; 1 Joh. 5:14)

    3. Tsela e Solomone a neng a rarabolola kgotlhang ya basadi ba babedi bano ka yone e re naya tshepo efe ka puso ya mo isagweng ya ga Solomone yo Mogolwane, e bong Jesu Keresete? (1 Dikg. 3:28; Isa. 9:6, 7; 11:2-4)

  2. Bala 1 Dikgosi 4:29-34.

    1. Jehofa o ne a araba jang kopo ya ga Solomone ya go nna le pelo e e utlwang? (1 Dikg. 4:29)

    2. Ka ntlha ya maiteko a batho ba ileng ba a dira a go utlwa botlhale jwa ga Solomone, re tshwanetse go ikutlwa jang ka go ithuta Lefoko la Modimo? (1 Dikg. 4:29, 34; Joh. 17:3; 2 Tim. 3:16)

Polelo 64

Solomone o Aga Tempele

  1. Go tsere Solomone lobaka lo lo kae go wetsa kago ya tempele ya ga Jehofa, mme ke eng fa e ja madi a le mantsi thata?

  2. Tempele eno e na le dikamore di le kae tse dikgolo, mme go tsentswe eng mo kamoreng e e kwa teng?

  3. Solomone o ne a reng mo thapelong ya gagwe fa tempele e sena go wediwa?

  4. Jehofa o bontsha jang gore o amogetse thapelo ya ga Solomone?

  5. Basadi ba ga Solomone ba mo tlhotlheletsa gore a dire eng, mme go direga eng ka ene?

  6. Ke eng fa Jehofa a galefetse Solomone, mme Jehofa o mo raya a reng?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala 1 Ditiragalo 28:9, 10.

    Go ya ka mafoko a ga Dafide a a mo go 1 Ditiragalo 28:9, 10, re tshwanetse go leka go dira eng mo botshelong jwa rona jwa letsatsi le letsatsi? (Pes. 19:14; Bafil. 4:8, 9)

  2. Bala 2 Ditiragalo 6:12-21, 32-42.

    1. Solomone o ne a bontsha jang gore ga go na kago epe e e dirilweng ke motho e Modimo Mogodimodimo a ka nnang mo go yone? (2 Ditir. 6:18; Dit. 17:24, 25)

    2. Mafoko a ga Solomone a a mo go 2 Ditiragalo 6:32, 33 a bontsha eng ka Jehofa? (Dit. 10:34, 35; Bagal. 2:6)

  3. Bala 2 Ditiragalo 7:1-5.

    Fela jaaka bana ba Baiseraele ba ne ba tlhotlheletsega go baka Jehofa fa ba bona kgalalelo ya gagwe, rona re tshwanetse go amega jang gompieno fa re akanya ka tshegofatso ya ga Jehofa mo bathong ba gagwe? (2 Ditir. 7:3; Pes. 22:22; 34:1; 96:2)

  4. Bala 1 Dikgosi 11:9-13.

    Tsela e Solomone a neng a tshela ka yone e bontsha jang botlhokwa jwa go ikanyega go fitlha kwa bokhutlong? (1 Dikg. 11:4, 9; Math. 10:22; Tshen. 2:10)

Polelo 65

Bogosi bo a Kgaoganngwa

  1. Maina a banna ba babedi ba ba mo setshwantshong seno ke bomang, mme ditiro tsa bone ke eng?

  2. Ahija o dira eng ka seaparo se a se apereng, mme tiragalo eo e supa eng?

  3. Solomone o leka go dira eng ka Jeroboame?

  4. Ke eng fa batho ba tlhoma Jeroboame go nna kgosi ya ditso tse di lesome?

  5. Ke eng fa Jeroboame a dira dinamane tse pedi tsa gauta, mme go direga eng mo nageng ka bonako fela morago ga moo?

  6. Go direga eng ka bogosi jwa ditso tse pedi le tempele ya ga Jehofa kwa Jerusalema?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala 1 Dikgosi 11:26-43.

    Jeroboame e ne e le motho yo o ntseng jang, mme Jehofa o ne a mo solofetsa eng fa a ne a ka boloka Molao wa Gagwe? (1 Dikg. 11:28, 38)

  2. Bala 1 Dikgosi 12:1-33.

    1. Batsadi le bagolwane ba ka ithuta eng mo sekaong se se sa siamang sa ga Rehoboame sa go dirisa taolo ka tsela e e sa tshwanelang? (1 Dikg. 12:13; Mor. 7:7; 1 Pet. 5:2, 3)

    2. Basha ba tshwanetse go kopa kaelo e e siameng mo go mang gompieno fa ba batla go dira ditshwetso tse di masisi mo botshelong? (1 Dikg. 12:6, 7; Dia. 1:8, 9; 2 Tim. 3:16, 17; Baheb. 13:7)

    3. Jeroboame o ne a tlhotlhelediwa ke eng gore a tlhome mafelo a mabedi a go obamelwang namane mo go one, mme seno se bontsha jang gore o ne a tlhaela tumelo gotlhelele mo go Jehofa? (1 Dikg. 11:37; 12:26-28)

    4. Ke mang yo o neng a dira gore batho ba bogosi jwa ditso tse di lesome ba tsuologele kobamelo ya boammaaruri? (1 Dikg. 12:32, 33)

Polelo 66

Jesebele—Kgosigadi e e Bosula

  1. Jesebele ke mang?

  2. Ke eng fa Kgosi Ahabe a ne a hutsafetse ka letsatsi lengwe?

  3. Jesebele o dira eng gore a tseye tshimo ya ga Nabothe mme a e neye monna wa gagwe e bong Ahabe?

  4. Jehofa o roma mang go ya go otlhaya Jesebele?

  5. Jaaka fa o bona mo setshwantshong seno, go direga eng fa Jehu a goroga kwa ntlong ya segosi ya ga Jesebele?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala 1 Dikgosi 16:29-33 le 18:3, 4.

    Maemo a ne a le maswe go le kana kang kwa Iseraele ka nako ya ga Kgosi Ahabe? (1 Dikg. 14:9)

  2. Bala 1 Dikgosi 21:1-16.

    1. Nabothe o ne a bontsha jang bopelokgale le go ikanyega mo go Jehofa? (1 Dikg. 21:1-3; Lefi. 25:23-28)

    2. Sekai sa ga Ahabe se re ruta eng malebana le go itshokela go swabisiwa? (1 Dikg. 21:4; Bar. 5:3-5)

  3. Bala 2 Dikgosi 9:30-37.

    Re ka ithuta eng mo tseleng e Jehu a neng a tlhoafaletse go dira thato ya ga Jehofa ka yone? (2 Dikg. 9:4-10; 2 Bakor. 9:1, 2; 2 Tim. 4:2)

Polelo 67

Jehoshafate o Ikanya Jehofa

  1. Jehoshafate ke mang, mme o ne a tshela mo motlheng ofe?

  2. Ke eng fa Baiseraele ba boifa, mme bontsi jwa bone ba dira eng?

  3. Jehofa o araba jang thapelo ya ga Jehoshafate?

  4. Jehofa o dira gore go direge eng pele ga ntwa?

  5. Re ka ithuta eng mo go Jehoshafate?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala 2 Ditiragalo 20:1-30.

    1. Jehoshafate o ne a bontsha jang se batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba tshwanetseng go se dira fa ba lebane le maemo a a kotsi? (2 Ditir. 20:12;Pes. 25:15; 62:1)

    2. E re ka Jehofa a sa bolo go nna a buisana le batho ba gagwe ba a dirisanang le bone, o dirisa tsela efe ya go buisana le bone gompieno? (2 Ditir. 20:14, 15; Math. 24:45-47; Joh. 15:15)

    3. Fa Modimo a tlhasela ka ‘ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo, Mothatayotlhe,’ boemo jwa rona bo tla bo bo tshwana jang le jwa ga Jehoshafate? (2 Ditir. 20:15, 17; 32:8; Tshen. 16:14, 16)

    4. Ka go etsa sekao sa Balefi, babulatsela le barongwa ba thusa jang mo tirong ya go rera ya lefatshe lotlhe gompieno? (2 Ditir. 20:19, 21; Bar. 10:13-15; 2 Tim. 4:2)

Polelo 68

Basimane ba Babedi ba ba Neng ba Tshela Gape

  1. Batho ba bararo ba ba mo setshwantshong seno ke bomang, mme go direga eng ka mosimanyana yono?

  2. Ke eng se Elija a se rapelelang ka mosimane yono, mme go diregang morago ga moo?

  3. Leina la mothusi wa ga Elija ke mang?

  4. Ke eng fa Elisha a bilediwa kwa ntlong ya mosadi mongwe wa kwa Shunema?

  5. Elisha o dira eng, mme go diregang ka ngwana yo o suleng?

  6. Jehofa o na le maatla afe, jaaka go bontshitswe ka Elija le Elisha?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala 1 Dikgosi 17:8-24.

    1. Go nna kutlo ga ga Elija le tumelo ya gagwe di ne tsa lekwa jang? (1 Dikg. 17:9; 19:1-4, 10)

    2. Ke eng fa motlholagadi wa kwa Sarepate a ne a na le tumelo e e tlhomologileng? (1 Dikg. 17:12-16; Luke 4:25, 26)

    3. Se se neng sa diragalela motlholagadi wa kwa Sarepate se bontsha jang boammaaruri jwa mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 10:41, 42? (1 Dikg. 17:10-12, 17, 23, 24)

  2. Bala 2 Dikgosi 4:8-37.

    1. Mosadi wa kwa Shunema o re ruta eng ka go amogela baeng? (2 Dikg. 4:8; Luke 6:38; Bar. 12:13; 1 Joh. 3:17)

    2. Re ka direla jang batlhanka ba Modimo ditiro tsa bopelonomi gompieno? (Dit. 20:35; 28:1, 2; Bagal. 6:9, 10; Baheb. 6:10)

Polelo 69

Mosetsanyana o Thusa Monna yo o Tlotlegang

  1. Mosetsanyana yo o mo setshwantshong seno o bolelela mmè yono ka eng?

  2. Mmè yo o mo setshwantshong seno ke mang, mme mosetsanyana yono o dira eng mo ntlong ya gagwe?

  3. Elisha o laela motlhanka wa gagwe gore a reye Naamane a reng, mme ke eng fa Naamane a galefa?

  4. Go diragalang fa Naamane a reetsa batlhanka ba gagwe?

  5. Ke eng fa Elisha a gana mpho ya ga Naamane, mme Gehasi o dira eng?

  6. Go direga eng ka Gehasi, mme re ka ithuta eng mo go seno?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala 2 Dikgosi 5:1-27.

    1. Sekao sa mosetsanyana wa Moiseraele se ka kgothatsa basha jang gompieno? (2 Dikg. 5:3; Pes. 8:2; 148:12, 13)

    2. Ke eng fa re tshwanetse go nna re gakologetswe sekao sa ga Naamane fa re newa kgakololo e e tswang mo Dikwalong? (2 Dikg. 5:15; Baheb. 12:5, 6; Jak. 4:6)

    3. Re ka ithuta eng fa re bapisa sekao sa ga Elisha le sa ga Gehasi? (2 Dikg. 5:9, 10, 14-16, 20; Math. 10:8; Dit. 5:1-5; 2 Bakor. 2:17)

Polelo 70

Jona le Tlhapi e Kgolo

  1. Jona ke mang, mme Jehofa o mo laela go dira eng?

  2. E re ka Jona a sa batle go ya kwa Jehofa a mo laelang go ya gone, o dira eng?

  3. Jona o laela batsamaisi ba sekepe gore ba dire eng gore phefo e emise?

  4. Jaaka o bona mo setshwantshong seno, go direga eng fa Jona a nwela mo metsing?

  5. Jona o ntse lobaka lo lo kae mo teng ga tlhapi e kgolo, mme o dira eng fa a ntse a le mo teng ga yone?

  6. Jona o ya kae fa a sena go tswa mo teng ga tlhapi e kgolo, mme seno se re ruta eng?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Jona 1:1-17.

    Go bonala Jona a ne a ikutlwa jang ka kabelo ya gagwe ya go ya go rerela Baninife? (Jona 1:2, 3; Dia. 3:7; Mor. 8:12)

  2. Bala Jona 2:1, 2, 10.

    Se se neng sa diragalela Jona se re naya jang tsholofelo ya gore Jehofa o tla araba dithapelo tsa rona? (Pes. 22:24; 34:6; 1 Joh. 5:14)

  3. Bala Jona 3:1-10.

    1. Lebaka la go bo Jehofa a ile a tswelela a dirisa Jona le fa a ile a se ka a diragatsa kabelo ya gagwe kwa tshimologong le re kgothatsa jang? (Pes. 103:14; 1 Pet. 5:10)

    2. Kgang ya ga Jona malebana le Baninife e re ruta eng ka go atlhola batho mo tshimong ya rona re ise re bue le bone? (Jona 3:6-9; Mor. 11:6; Dit. 13:48)

Polelo 71

Modimo o Solofetsa Paradaise

  1. Isaia e ne e le mang, o ne a nna kae, mme Jehofa o ne a mmontsha eng?

  2. Lefoko “paradaise” le bolelang, mme le go gopotsa eng?

  3. Jehofa o ne a bolelela Isaia gore a kwale eng ka Paradaise e ntšha?

  4. Ke eng fa Adame le Efa ba ile ba latlhegelwa ke legae la bone le lentle?

  5. Jehofa o solofetsa batho ba ba mo ratang eng?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Isaia 11:6-9.

    1. Lefoko la Modimo le tlhalosa jang kagiso e e tla nnang teng fa gare ga diphologolo le batho mo lefatsheng le lesha? (Pes. 148:10, 13; Isa. 65:25; Esek. 34:25)

    2. Mafoko a ga Isaia a diragadiwa jang ka tsela ya semoya mo bathong ba ga Jehofa gompieno? (Bar. 12:2; Baef. 4:23, 24)

    3. Ke mang yo o tshwanetseng go newa tlotlo ka ntlha ya go fetoga ga batho gone jaanong le mo lefatsheng le lesha? (Isa. 48:17, 18; Bagal. 5:22, 23; Bafil. 4:7)

  2. Bala Tshenolo 21:3, 4.

    1. Dikwalo di bontsha jang gore boago jwa Modimo le batho bo raya gore o na le bone mo lefatsheng ka tsela ya tshwantshetso, e seng ka tsela ya mmatota? (Lefi. 26:11, 12; 2 Ditir. 6:18; Isa. 66:1; Tshen. 21:2, 3, 22-24)

    2. Go tla fedisiwa dikeledi le kutlobotlhoko tsa mofuta ofe? (Luke 8:49-52; Bar. 8:21, 22; Tshen. 21:4)

Polelo 72

Modimo o Thusa Kgosi Hesekia

  1. Monna yono yo o mo setshwantshong ke mang, mme ke eng fa a le mo mathateng a magolo jaana?

  2. Makwalo a Hesekia a a beileng fa pele ga Modimo ke a eng, mme Hesekia o rapelela eng?

  3. . Hesekia ke kgosi e e ntseng jang, mme Jehofa o mo romelela molaetsa ofe ka moporofeti Isaia?

  4. Moengele wa ga Jehofa o dira eng ka Baasiria, jaaka go bontshitswe mo setshwantshong seno?

  5. Le mororo bogosi jwa ditso tse pedi bo ne jwa fetsa nakonyana bo le mo kagisong, go diregang fa Hesekia a sena go swa?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala 2 Dikgosi 18:1-36.

    1. Mmueledi wa Baasiria e bong Rabeshake o ne a leka jang go koafatsa tumelo ya Baiseraele? (2 Dikg. 18:19, 21; Ekes. 5:2; Pes. 64:3)

    2. Basupi ba ga Jehofa ba dirisa jang sekai sa ga Hesekia fa ba dirisana le baganetsi ba bone? (2 Dikg. 18:36; Pes. 39:1; Dia. 26:4; 2 Tim. 2:24)

  2. Bala 2 Dikgosi 19:1-37.

    1. Gompieno, batho ba ga Jehofa ba etsa jang Hesekia mo dinakong tsa matshwenyego? (2 Dikg. 19:1, 2; Dia. 3:5, 6; Baheb. 10:24, 25; Jak. 5:14, 15)

    2. Senakeribe o ne a fenngwa ka ditsela dife tse tharo, mme o tshwantshetsa mang mo boporofeting? (2 Dikg. 19:32, 35, 37; Tshen. 20:2, 3)

  3. Bala 2 Dikgosi 21:1-6, 16.

    Ke eng fa go ka bolelwa gore Manase e ne e le kgosi e e bosula go di gaisa tsotlhe e e kileng ya busa mo Jerusalema? (2 Ditir. 33:4-6, 9)

Polelo 73

Kgosi ya Bofelo e e Siameng mo Iseraele

  1. Josia o na le dingwaga di le kae fa a nna kgosi, mme o simolola go dira eng fa a sena go nna kgosi dingwaga di le supa?

  2. O bona Josia a dira eng mo setshwantshong sa ntlha?

  3. Moperesiti yo mogolo o bona eng fa banna ba baakanya tempele?

  4. Ke eng fa Josia a gagoganya diaparo tsa gagwe?

  5. Moporofeti wa mosadi e bong Huleda o naya Josia molaetsa ofe o o tswang kwa go Jehofa?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala 2 Ditiragalo 34:1-28.

    1. Josia o tlhomela ba ba ka tswang ba ile ba tshwanelwa ke go itshokela mathata fa ba ne ba sa le bannye sekao sefe? (2 Ditir. 33:21-25; 34:1, 2; Pes. 27:10)

    2. Josia o ne a tsaya dikgato dife tse di botlhokwa tsa go tsweletsa kobamelo ya boammaaruri mo ngwageng wa bo8, wa bo12 le wa bo18 wa puso ya gagwe? (2 Ditir. 34:3, 8)

    3. Sekao se se tlhomilweng ke Kgosi Josia le Moperesiti yo Mogolo e bong Hilekia se re ruta eng ka go tlhokomela mafelo a rona a kobamelo? (2 Ditir. 34:9-13; Dia. 11:14; 1 Bakor. 10:31)

Polelo 74

Monna Yo o Sa Boifeng Sepe

  1. Lekawana le le mo setshwantshong seno ke mang?

  2. Jeremia o ikutlwa jang ka go nna moporofeti, mme Jehofa o mo raya a reng?

  3. Ke molaetsa ofe o Jeremia a nnang a ntse a o bolelela batho?

  4. Baperesiti ba leka jang go emisa Jeremia, mme o bontsha jang gore ga a boife?

  5. Go direga eng fa Baiseraele ba sa fetole ditsela tsa bone tse di bosula?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Jeremia 1:1-8.

    1. Jaaka fa sekao sa ga Jeremia se bontsha, ke eng se se dirang gore motho a tshwanelegele go direla Jehofa? (2 Bakor. 3:5, 6)

    2. Sekao sa ga Jeremia se kgothatsa basha ba Bakeresete jang gompieno? (Mor. 12:1; 1 Tim. 4:12)

  2. Bala Jeremia 10:1-5.

    Jeremia o dirisa setshwantsho sefe se se maatla go bontsha gore go ikanya medingwana ga go na mosola? (Jer. 10:5; Isa. 46:7; Hab. 2:19)

  3. Bala Jeremia 26:1-16.

    1. Masalela a a tloditsweng a ne a tsaya tsia jang taelo e Jehofa a neng a e naya Jeremia ya gore ‘a se ka a loba lefoko lepe’ fa a bolelela ba bangwe molaetsa wa tlhagiso gompieno? (Jer. 26:2; Dute. 4:2; Dit. 20:27)

    2. Jeremia o tlhometse Basupi ba ga Jehofa sekao sefe se se molemo gompieno sa go bolelela ditšhaba ka tlhagiso ya ga Jehofa? (Jer. 26:8, 12, 14, 15; 2 Tim. 4:1-5)

  4. Bala 2 Dikgosi 24:1-17.

    Go tlhoka boikanyegi ga ga Juda mo go Jehofa go ne ga felela ka ditlamorago dife tse di utlwisang botlhoko? (2 Dikg. 24:2-4, 14)

Polelo 75

Basimane ba Banè Kwa Babelona

  1. Basimane ba banè bano ba ba mo setshwantshong ke bomang, mme ke eng fa ba le mo Babelona?

  2. Nebukadenesare o rulagantse gore go dirwe eng ka basimane ba banè bano, mme o naya batlhanka ba gagwe ditaelo dife?

  3. Daniele o dira kopo efe ka dijo le dino tsa gagwe le tsa ditsala tsa gagwe tse tharo?

  4. Fa Daniele le ditsala tsa gagwe tse tharo ba sena go ja merogo malatsi a le lesome, ba lebega jang fa ba bapisiwa le makawana a mangwe?

  5. Go tlile jang gore Daniele le ditsala tsa gagwe tse tharo ba iphitlhele ba le mo ntlong ya segosi, mme ba botoka jang go gaisa baperesiti le banna ba ba botlhale?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Daniele 1:1-21.

    1. Ke maiteko afe a re tshwanetseng go a dira gore re kgone go emelana le dithaelo le go fenya makoa a rona? (Dan. 1:8; Gen. 39:7, 10; Bagal. 6:9)

    2. Gompieno basha ba ka raelwa kgotsa ba gatelelwa ka ditsela dife gore ba ineelele mo dilong tse bangwe ba di lebang e le tsa “maemo”? (Dan. 1:8; Dia. 20:1; 2 Bakor. 6:17–7:1)

    3. Pego ya Baebele ya basha ba banè ba Bahebera e re thusa go lemoga eng ka go nna le thuto ya lefatshe? (Dan. 1:20; Isa. 54:13; 1 Bakor. 3:18-20)

Polelo 76

Jerusalema e a Senngwa

  1. Go diregang ka Jerusalema le ka Baiseraele ba ba mo setshwantshong seno?

  2. Esekiele ke mang, mme Jehofa o mmontsha dilo dife tse di tshosang?

  3. E re ka Baiseraele ba sa tlotle Jehofa, o ba solofetsa eng?

  4. Kgosi Nebukadenesare o dira eng fa Baiseraele ba sena go mo tsuologela?

  5. Ke eng fa Jehofa a letla gore Baiseraele ba diragalelwe ke tshenyo e e maswe thata eno?

  6. Lefatshe la Iseraele le tlogelwa jang le se na batho, mme ka lobaka lo lo kae?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala 2 Dikgosi 25:1-26.

    1. Sedekia e ne e le mang, go ne ga diregang ka ene, mme seno se ne sa diragatsa boporofeti jwa Baebele jang? (2 Dikg. 25:5-7; Esek. 12:13-15)

    2. Ke mang yo Jehofa a neng a dira gore a ikarabele ka ntlha ya ditiro tsotlhe tsa go sa ikanyege tse di neng di dirwa ke Baiseraele? (2 Dikg. 25:9, 11, 12, 18, 19; 2 Ditir. 36:14, 17)

  2. Bala Esekiele 8:1-18.

    Dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete di ile tsa etsa jang Baiseraele ba ba neng ba tlhanogetse tumelo ya boammaaruri ba ba neng ba obamela letsatsi? (Esek. 8:16; Isa. 5:20, 21; Joh. 3:19-21; 2 Tim. 4:3)

Polelo 77

Ga ba Obamele Setshwantsho

  1. Nebukadenesare kgosi ya Babelona o ne a naya batho taelo efe?

  2. Ke eng fa ditsala tse tharo tsa ga Daniele di sa obamele setshwantsho sa gauta?

  3. Fa Nebukadenesare a naya Bahebera ba bararo bano tshono e nngwe gape ya gore ba obame, ba bontsha jang gore ba ikanya Jehofa?

  4. Nebukadenesare o ne a laela banna ba gagwe gore ba direng ka Shaderake, Meshake le Abedenego?

  5. Nebukadenesare o bona eng fa a leba mo teng ga leubelo?

  6. Ke eng fa kgosi e baka Modimo wa ga Shaderake, Meshake le Abedenego, mme ba re tlhometse sekao sefe?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Daniele 3:1-30.

    1. Ke boikutlo bofe jo bo neng jwa bontshiwa ke Bahebera ba bararo jo batlhanka botlhe ba Modimo ba tshwanetseng go bo etsa fa boikanyegi jwa bone bo lekwa? (Dan. 3:17, 18; Math. 10:28; Bar. 14:7, 8)

    2. Jehofa Modimo o ne a ruta Nebukadenesare thuto efe ya botlhokwa? (Dan. 3:28, 29; 4:34, 35)

Polelo 78

Mokwalo mo Loboteng

  1. Go diregang fa kgosi ya Babelona e dirile moletlo o mogolo e bile e dirisa dinwelo le megopo tse di tserweng mo tempeleng ya ga Jehofa kwa Jerusalema?

  2. Beleshasare o raya banna ba gagwe ba ba botlhale a reng, mme ga ba kgone go dira eng?

  3. Mmaagwe kgosi o e laela gore e dire eng?

  4. Go ya ka se Daniele a se bolelelang kgosi, ke eng fa Modimo a rometse seatla gore se kwale mo loboteng?

  5. Daniele o tlhalosa jang bokao jwa mafoko a a mo loboteng?

  6. Go diregang fa Daniele a sa ntse a bua?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Daniele 5:1-31.

    1. Tlhalosa gore poifomodimo e farologana jang le poifo e Beleshasare a neng a e bontsha fa a ne a bona mokwalo mo loboteng. (Dan. 5:6, 7; Pes. 19:9; Bar. 8:35-39)

    2. Daniele o ne a bontsha jang bopelokgale jo bogolo fa a ne a bua le Beleshasare le bagolwane ba gagwe? (Dan. 5:17, 18, 22, 26-28; Dit. 4:29)

    3. Daniele kgaolo 5 e gatelela jang bolaodi jwa ga Jehofa jwa lobopo lotlhe? (Dan. 4:17, 25; 5:21)

Polelo 79

Daniele mo Mongobong wa Ditau

  1. Dario ke mang, mme o leba Daniele jang?

  2. Banna bangwe ba ba lefufa ba dira gore Dario a dire eng?

  3. Daniele o dira eng fa a lemoga gore go tlhomilwe molao o mosha?

  4. Ke eng fa Dario a tshwenyegile thata mo a sa kgoneng go robala, mme o dira eng mo mosong o o latelang?

  5. Daniele o araba Dario jang?

  6. Go direga eng ka banna ba ba bosula ba ba neng ba leka go bolaya Daniele, mme Dario o kwalela batho botlhe mo bogosing jwa gagwe a reng?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Daniele 6:1-28.

    1. Leano la go leka go bolaya Daniele le re gopotsa jang se baganetsi ba ileng ba se dira go leka go kgoreletsa tiro ya Basupi ba ga Jehofa mo motlheng wa gompieno? (Dan. 6:7; Pes. 94:20; Isa. 10:1; Bar. 8:31)

    2. Batlhanka ba Modimo ba ka etsa Daniele jang ka go nna ba ikobela “balaodi ba bagolo”? (Dan. 6:5, 10; Bar. 13:1; Dit. 5:29)

    3. Re ka etsa jang sekao sa ga Daniele sa go direla Jehofa “ka tlhomamo”? (Dan. 6:16, 20; Bafil. 3:16; Tshen. 7:15)

Polelo 80

Batho ba Modimo ba Tswa mo Babelona

  1. Jaaka go bontshitswe mo setshwantshong seno, Baiseraele ba dira eng?

  2. Kurose o ile a diragatsa jang boporofeti jwa ga Jehofa ka Isaia?

  3. Kurose o raya Baiseraele ba ba sa kgoneng go boela Jerusalema a reng?

  4. Kurose o naya batho dilo dife gore ba di busetse kwa Jerusalema?

  5. Go tsaya Baiseraele lobaka lo lo kana kang go boela kwa Jerusalema?

  6. Go fetile dingwaga di le kae fa e sa le lefatshe le tlogetswe fela le se na batho?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Isaia 44:28 le 45:1-4.

    1. Jehofa o ne a gatelela jang gore boporofeti jo bo amanang le Kurose bo ne bo tlile go diragala? (Isa. 55:10, 11; Bar. 4:17)

    2. Boporofeti jwa ga Isaia jo bo amanang le Kurose bo bontsha eng ka bokgoni jwa ga Jehofa Modimo jwa go bolelela pele isagwe? (Isa. 42:9; 45:21; 46:10, 11; 2 Pet. 1:20)

  2. Bala Esera 1:1-11.

    Ka go latela sekao sa ba ba neng ba sa kgone go boela kwa Jerusalema, rona gompieno re ka ‘nonotsha jang diatla’ tsa ba ba kgonang go tsenela tirelo ya nako e e tletseng? (Esera 1:4, 6; Bar. 12:13; Bakol. 4:12)

Polelo 81

Go Ikanya Thuso ya Modimo

  1. Ke batho ba le ba kae ba ba tsayang loeto go tswa Babelona go ya Jerusalema, mme ba fitlhela eng fa ba goroga teng?

  2. Baiseraele ba simolola go aga eng fa ba sena go goroga, mme baba ba bone ba dira eng?

  3. Hagai le Sekaria ke bomang, mme ba raya batho ba reng?

  4. Ke eng fa Tatenai a romela lekwalo kwa Babelona, mme o arabiwa jang?

  5. Esera o dira eng fa a lemoga gore tempele ya Modimo e tlhoka go baakanngwa?

  6. Esera o rapelela eng mo setshwantshong seno, thapelo ya gagwe e arabiwa jang, mme seno se re ruta eng?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Esera 3:1-13.

    Re tshwanetse go tswelela re dira eng fa re ka iphitlhela re le mo lefelong le go se nang phuthego ya batho ba Modimo? (Esera 3:3, 6; Dit. 17:16, 17; Baheb. 13:15)

  2. Bala Esera 4:1-7.

    Serubabele o ne a tlhomela batho ba Modimo sekao sefe malebana le go tlhakanya ditumelo? (Ekes. 34:12; 1 Bakor. 15:33; 2 Bakor. 6:14-17)

  3. Bala Esera 5:1-5, 17 le 6:1-22.

    1. Ke eng fa baganetsi ba ne ba sa kgone go emisa tiro ya go aga tempele? (Esera 5:5; Isa. 54:17)

    2. Se bagolwane ba Bajuda ba ileng ba se dira se kgothatsa jang bagolwane ba Bakeresete go senka kaelo ya ga Jehofa fa ba lebane le baganetsi? (Esera 6:14; Pes. 32:8; Bar. 8:31; Jak. 1:5)

  4. Bala Esera 8:21-23, 28-36.

    Pele re simolola go dira tiro nngwe e e rileng, go tla bo go le molemo gore re etse sekao sefe sa ga Esera? (Esera 8:23; Pes. 127:1; Dia. 10:22; Jak. 4:13-15)

Polelo 82

Moredekai le Esethere

  1. Moredekai le Esethere ke bomang?

  2. Ke eng fa Kgosi Ahasueruse a batla go nyala mosadi yo mongwe, mme o tlhopha mang?

  3. Hamane ke mang, mme ke eng se se mo galefisitseng thata?

  4. Go tlhomiwa molao ofe, mme Esethere o dira eng fa a sena go amogela molaetsa o o tswang kwa go Moredekai?

  5. Go direga eng ka Hamane, mme gape go direga eng ka Moredekai?

  6. Baiseraele ba bolokwa jang mo babeng ba bone?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Esethere 2:12-18.

    Esethere o ne a bontsha jang botlhokwa jwa go tlhagolela “moya o o didimetseng le o o bonolo”? (Eseth. 2:15; 1 Pet. 3:1-5)

  2. Bala Esethere 4:1-17.

    Fela jaaka Esethere a ne a neilwe tshono ya go emela kobamelo ya boammaaruri, rona re neilwe tshono efe gompieno ya go bontsha boineelo jwa rona mo go Jehofa le go ikanyega mo go ene? (Eseth. 4:13, 14; Math. 5:14-16; 24:14)

  3. Bala Esethere 7:1-6.

    Ka tsela e e tshwanang, gompieno batho ba le bantsi ba Modimo ba ile ba itsenya jang mo kotsing ya go bogisiwa, jaaka go ne ga dira Esethere? (Eseth. 7:4; Math. 10:16-22; 1 Pet. 2:12)

Polelo 83

Dithako Tsa Jerusalema

  1. Baiseraele ba ne ba ikutlwa jang ka motse wa bone wa Jerusalema o o neng o se na dithako?

  2. Nehemia ke mang?

  3. Tiro ya ga Nehemia ke eng, mme ke eng fa e le botlhokwa?

  4. Nehemia o hutsafadiwa ke dikgang dife, mme o dira eng?

  5. Kgosi Aretaserese o bontsha Nehemia bopelonomi jang?

  6. Nehemia o rulaganya jang tiro ya go aga gore baba ba Baiseraele ba se ka ba kgona go e emisa?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Nehemia 1:4-6 le 2:1-20.

    Nehemia o ile a senka jang kaelo ya ga Jehofa? (Neh. 2:4, 5; Bar. 12:12; 1 Pet. 4:7)

  2. Bala Nehemia 3:3-5.

    Bagolwane le batlhanka ba bodiredi ba ka ithuta eng ka tsela e Batekoa ba neng ba farologana le “ba ba tlotlometseng” ka yone? (Neh. 3:5, 27; 2 Bathes. 3:7-10; 1 Pet. 5:5)

  3. Bala Nehemia 4:1-23.

    1. Baiseraele ba ne ba tlhotlhelediwa ke eng gore ba tswelele ba aga go sa kgathalesege kganetso? (Neh. 4:6, 8, 9; Pes. 50:15; Isa. 65:13, 14)

    2. Sekai sa Baiseraele se re kgothatsa jang gompieno?

  4. Bala Nehemia 6:15.

    Lebaka la go bo dithako tsa Jerusalema di ile tsa wediwa mo dikgweding di le pedi fela le bontsha eng ka maatla a tumelo? (Pes. 56:3, 4; Math. 17:20; 19:26)

Polelo 84

Moengele o Etela Marea

  1. Mosadi yo o mo setshwantshong seno ke mang?

  2. Gabariele o raya Marea a reng?

  3. Gabariele o tlhalosetsa Marea jang gore o tla nna le ngwana le mororo a ise a nne le monna?

  4. Go diregang fa Marea a etetse Elisabetha wa losika lwa gagwe?

  5. Josefa o akanya eng fa a lemoga gore Marea o tlile go nna le ngwana, mme ke eng fa a fetola mogopolo wa gagwe?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Luke 1:26-56.

    1. Luke 1:35 e bontshang ka bosaitekanelang jwa ga Adame mo popelong ya ga Marea fa botshelo jwa Morwa Modimo bo ne bo fetisediwa mo go ene go tswa kwa lefelong la semoya? (Hag. 2:11-13; Joh. 6:69; Baheb. 7:26; 10:5)

    2. Jesu o ne a bontshiwa tlotlo jang le e leng pele ga a tsholwa? (Luke 1:41-43)

    3. Marea o tlhometse Bakeresete ba ba amogelang ditshiamelo tse di kgethegileng tsa tirelo sekao sefe se se molemo gompieno? (Luke 1:38, 46-49; 17:10; Dia. 11:2)

  2. Bala Mathaio 1:18-25.

    Le mororo Jesu a ne a se ka a gola a bidiwa Imanuele, seabe se a neng a na le sone se ne sa diragatsa jang bokao jwa leina leo? (Math. 1:22, 23; Joh. 14:8-10; Baheb. 1:1-3)

Polelo 85

Jesu o Tsholelwa mo Bonnong Jwa Diphologolo

  1. Lesea le le mo setshwantshong seno ke mang, mme Marea o mo robaditse mo go eng?

  2. Ke eng fa Jesu a ile a tsholelwa mo lefelong le le nnang diphologolo?

  3. Mo setshwantshong seno, banna ba ba tsenang mo bonnong jwa diphologolo ke bomang, mme moengele o ba boleletse eng?

  4. Ke eng fa Jesu a kgethegile?

  5. Ke eng fa Jesu a ka bidiwa gore ke Morwa Modimo?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Luke 2:1-20.

    1. Kaesara Aguseto o ne a nna le seabe sefe mo go diragatseng boporofeti jo bo malebana le go tsholwa ga ga Jesu? (Luke 2:1-4; Mik. 5:2)

    2. Go ka tla jang gore motho a akarediwe mo go ba ba bidiwang “batho ba ba amogelwang”? (Luke 2:14; Math. 16:24; Joh. 17:3; Dit. 3:19; Baheb. 11:6)

    3. Fa e le gore badisa ba ba boikokobetso bao ba ne ba na le lebaka la go itumelela go tsalwa ga Mmoloki, batlhanka ba Modimo bone ba na le lebaka lefe le legolo go feta leo la go itumela gompieno? (Luke 2:10, 11; Baef. 3:8, 9; Tshen. 11:15; 14:6)

Polelo 86

Banna ba Kaelwa ke Naledi

  1. Banna ba ba mo setshwantshong seno ke bomang, mme ke eng fa mongwe wa bone a supile naledi e e phatsimang?

  2. Ke eng fa Kgosi Herode a galefa, mme o dira eng?

  3. Naledi e e phatsimang eno e kaela banna bano kae, mme ke eng fa ba boela kwa nageng ya bone ka tsela e sele?

  4. Herode o ntsha taelo efe, mme ka ntlha yang?

  5. Jehofa o raya Josefa a re a dire eng?

  6. Ke mang yo o dirileng gore naledi e ntšha eno e phatsime, mme ka ntlha yang?

Potso e Nngwe:

  1. Bala Mathaio 2:1-23.

    Jesu o ne a le dingwaga tse kae mme o ne a nna kae fa a etelwa ke banna ba ba ithutang dinaledi? (Math. 2:1, 11, 16)

Polelo 87

Jesu yo Mmotlana mo Tempeleng

  1. Jesu o dingwaga di le kae mo setshwantshong seno, mme o kwa kae?

  2. Josefa le ba lelapa la gagwe ba dira eng ngwaga le ngwaga?

  3. Morago ga letsatsi le le lengwe ba le mo loetong ba boela gae, ke eng fa Josefa le Marea ba boela kwa Jerusalema?

  4. Josefa le Marea ba fitlhela Jesu kae, mme ke eng fa batho ba ba leng koo ba gakgametse thata?

  5. Jesu o raya mmaagwe e bong Marea a reng?

  6. Re ka tshwana jang le Jesu ka go ithuta ka Modimo?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Luke 2:41-52.

    1. Le mororo Molao o ne o batla gore banna e nne bone fela ba nnang teng kwa meletlong ya ngwaga le ngwaga, Josefa le Marea ba ile ba tlhomela batsadi sekao sefe se se molemo gompieno? (Luke 2:41; Dute. 16:16; 31:12; Dia. 22:6)

    2. Jesu o ne a tlhomela basha sekao se se molemo jang gompieno sa gore ba ikobele batsadi ba bone? (Luke 2:51; Dute. 5:16; Dia. 23:22; Bakol. 3:20)

  2. Bala Mathaio 13:53-56.

    Go umakiwa bana bafe ba le banè basimane ba ga mmaagwe Jesu mo Baebeleng, mme ba le babedi ba bone ba ne ba dirisiwa jang moragonyana mo phuthegong ya Bokeresete? (Math. 13:55; Dit. 12:17; 15:6, 13; 21:18; Bagal. 1:19; Jak. 1:1; Jude 1)

Polelo 88

Johane o Kolobetsa Jesu

  1. Banna ba babedi ba ba mo setshwantshong seno ke bomang?

  2. Motho o kolobediwa jang?

  3. Gantsi Johane o kolobetsa bomang?

  4. Ke lebaka lefe le le kgethegileng le le dirang gore Jesu a kope Johane go mo kolobetsa?

  5. Modimo o bontsha jang gore o itumeletse go kolobediwa ga ga Jesu?

  6. Go direga eng fa Jesu a ya kwa lefelong le le kwa thoko malatsi a le 40?

  7. Bangwe ba balatedi kgotsa barutwa ba ntlha ba ga Jesu ke bomang, mme kgakgamatso ya gagwe ya ntlha ke efe?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Mathaio 3:13-17.

    Jesu o ne a tlhomela barutwa ba gagwe sekao sefe sa kolobetso? (Pes. 40:7, 8; Math. 28:19, 20; Luke 3:21, 22)

  2. Bala Mathaio 4:1-11.

    Tsela e e botswerere e Jesu a neng a dirisa Dikwalo ka yone e re kgothatsa jang gore re ithute Baebele ka metlha? (Math. 4:5-7; 2 Pet. 3:17, 18; 1 Joh. 4:1)

  3. Bala Johane 1:29-51.

    Johane Mokolobetsi o ne a kaela barutwa ba gagwe kwa go mang, mme re ka mo etsa jang gompieno? (Joh. 1:29, 35, 36; 3:30; Math. 23:10)

  4. Bala Johane 2:1-12.

    Kgakgamatso ya ntlha e Jesu a neng a e dira e bontsha jang gore Jehofa ga a ganele batlhanka ba Gagwe ka sepe se se molemo? (Joh. 2:9, 10; Pes. 84:11; Jak. 1:17)

Polelo 89

Jesu o Phepafatsa Tempele

  1. Ke eng fa go rekisiwa diphologolo mo tempeleng?

  2. Jesu o galefisiwa ke eng?

  3. Jaaka o bona mo setshwantshong seno, Jesu o dira eng, mme o laela banna ba ba rekisang maphoi gore ba dire eng?

  4. Fa balatedi ba ga Jesu ba bona se a se dirang, ba gakologelwa eng?

  5. Jesu o ralala kgaolo efe fa a boela kwa Galalea?

Potso e Nngwe:

  1. Bala Johane 2:13-25.

    Fa re akanya ka tsela e Jesu a neng a galefetse baananyi ba madi ka yone mo tempeleng, re tshwanetse go leba jang ditiro tsa kgwebo mo Holong ya Bogosi? (Joh. 2:15, 16; 1 Bakor. 10:24, 31-33)

Polelo 90

O Bua le Mosadi Kwa Sedibeng

  1. Ke eng fa Jesu a ile a ema fa sedibeng kwa Samarea, mme o raya mosadi yo o fa go sone a reng?

  2. Ke eng fa mosadi yono a gakgametse, Jesu o mo raya a reng, mme ka ntlha yang?

  3. Mosadi yono o akanya gore Jesu o bua ka metsi a mofuta ofe, mme ke metsi afe a tota Jesu a buang ka one?

  4. Ke eng fa mosadi a gakgamadiwa ke se Jesu a se itseng ka ene, mme Jesu o itsile seno jang?

  5. Re ithuta eng ka pego ya mosadi yo o fa sedibeng?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Johane 4:5-43.

    1. Ka go latela sekao sa ga Jesu, re tshwanetse go bontsha boikutlo bofe ka batho ba ditso tse di farologaneng kgotsa ba ba tswang mo maemong a a sa tshwaneng le a rona a botshelo? (Joh. 4:9; 1 Bakor. 9:22; 1 Tim. 2:3, 4; Tito 2:11)

    2. Motho yo o nnang morutwa wa ga Jesu o nna le melemo efe ya semoya? (Joh. 4:14; Isa. 58:11; 2 Bakor. 4:16)

    3. Re ka bontsha jang kanaanelo e e tshwanang le ya mosadi wa Mosamarea, yo o neng a tlhagafaletse go bolelela ba bangwe ka se a se ithutileng? (Joh. 4:7, 28; Math. 6:33; Luke 10:40-42)

Polelo 91

Jesu o Ruta mo Thabeng

  1. Mo setshwantshong seno, Jesu o ruta a le kwa kae, mme ba ba ntseng gaufi thata le ene ke bomang?

  2. Maina a baaposetoloi ba ba 12 ke bomang?

  3. Bogosi jo Jesu a rerang ka jone ke eng?

  4. Jesu o ruta batho go rapelela eng?

  5. Jesu a re batho ba tshwanetse go tshwarana jang?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Mathaio 5:1-12.

    Re ka bontsha ka ditsela dife gore re tshwenyega ka dilo tse re di tlhokang semoyeng? (Math. 5:3; Bar. 10:13-15; 1 Tim. 4:13, 15, 16)

  2. Bala Mathaio 5:21-26.

    Mathaio 5:23, 24 e gatelela jang gore kamano ya rona le bakaulengwe ba rona e ama kamano ya rona le Jehofa? (Math. 6:14, 15; Pes. 133:1; Bakol. 3:13; 1 Joh. 4:20)

  3. Bala Mathaio 6:1-8.

    Ke mekgwa efe ya go ipona tshiamo e Bakeresete ba tshwanetseng go e tila? (Luke 18:11, 12; 1 Bakor. 4:6, 7; 2 Bakor. 9:7)

  4. Bala Mathaio 6:25-34.

    Jesu o ne a ruta eng malebana le go ikanya Jehofa gore a re neye dilo tse re di tlhokang? (Ekes. 16:4; Pes. 37:25; Bafil. 4:6)

  5. Bala Mathaio 7:1-11.

    Setshwantsho se se utlwalang sentle se se mo go Mathaio 7:5 se re ruta eng? (Dia. 26:12; Bar. 2:1; 14:10; Jak. 4:11, 12)

Polelo 92

Jesu o Tsosa Baswi

  1. Rraagwe mosetsana yono yo o mo setshwantshong ke mang, mme ke eng fa rre yono le mosadi wa gagwe ba tshwenyegile jaana?

  2. Jairo o dira eng fa a bona Jesu?

  3. Go direga eng fa Jesu a ya kwa ntlong ya ga Jairo, mme Jairo o amogela molaetsa ofe mo tseleng?

  4. Ke eng fa batho ba ba leng mo ntlong ya ga Jairo ba tshega Jesu?

  5. Jesu o dira eng fa a sena go tsaya baaposetoloi ba le bararo le rraagwe mosetsana le mmaagwe a bo a tsena le bone mo phaposing ya mosetsana?

  6. Jesu o ne a tsosa mang gape mo baswing, mme seno se bontsha eng?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Luke 8:40-56.

    Jesu o ne a bontsha jang gore o utlwela botlhoko le go akanyetsa mosadi yo o neng a tshologa madi, mme bagolwane ba Bakeresete ba ka ithuta eng mo go seno gompieno? (Luke 8:43, 44, 47, 48; Lefi. 15:25-27; Math. 9:12, 13; Bakol. 3:12-14)

  2. Bala Luke 7:11-17.

    Ke eng fa batho ba ba swetsweng ke baratiwa ba bone ba ka kgothadiwa thata ke se Jesu a neng a se direla mosadi wa motlholagadi wa kwa Naina? (Luke 7:13; 2 Bakor. 1:3, 4; Baheb. 4:15)

  3. Bala Johane 11:17-44.

    Jesu o ne a bontsha jang gore ga go na molato ope ka go hutsafala fa motho yo o mo ratang a tlhokafetse? (Joh. 11:33-36, 38; 2 Sam. 18:33; 19:1-4)

Polelo 93

Jesu o Fepa Batho ba le Bantsi

  1. Johane Mokolobetsi o diragaletswe ke eng se se maswe, mme seno se dira gore Jesu a ikutlwe jang?

  2. Jesu o fa batho ba ba mo setseng morago dijo jang, mme go sala dijo tse di kana kang?

  3. Ke eng fa barutwa ba boifa bosigo, mme go diregang ka Petere?

  4. Jesu o fa batho ba le diketekete dijo jang lekgetlo la bobedi?

  5. Ke eng fa go tla bo go le molemo tota fa Jesu a tla bo a busa lefatshe e le Kgosi e e tlhomilweng ke Modimo?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Mathaio 14:1-32.

    1. Pego e e mo go Mathaio 14:23-32 e re lemotsha eng ka botho jwa ga Petere?

    2. Pego ya Dikwalo e bontsha jang gore Petere o ne a simolola go dira dilo ka kelotlhoko mme a fenya mokgwa wa gagwe wa go dira dilo ka go phamoga? (Math. 14:27-30; Joh. 18:10; 21:7; Dit. 2:14, 37-40; 1 Pet. 5:6, 10)

  2. Bala Mathaio 15:29-38.

    Jesu o ne a bontsha jang gore o tlotla dilo tse Rraagwe a neng a mo tlhokomela ka tsone? (Math. 15:37; Joh. 6:12; Bakol. 3:15)

  3. Bala Johane 6:1-21.

    Gompieno, Bakeresete ba ka latela jang sekao sa ga Jesu malebana le puso? (Joh. 6:15; Math. 22:21; Bar. 12:2; 13:1-4)

Polelo 94

O Rata Bana ba Bannye

  1. Baaposetoloi ba ne ba ngangisana ka eng fa ba ne ba boa ba le mo loetong lo loleele?

  2. Ke eng fa Jesu a bitsa ngwana yo monnye a bo a mo emisa mo gare ga baaposetoloi?

  3. Baaposetoloi ba tshwanetse go ithuta jang go nna jaaka bana ba bannye?

  4. Dikgwedi di le mmalwa moragonyana, Jesu o bontsha jang gore o rata bana?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Mathaio 18:1-4.

    Ke eng fa Jesu a ne a ruta ka go dirisa ditshwantsho? (Math. 13:34, 36; Mar. 4:33, 34)

  2. Bala Mathaio 19:13-15.

    Re tshwanetse go etsa dinonofo dife tse ngwana a nang le tsone gore re bone masego a Bogosi? (Pes. 25:9; 138:6; 1 Bakor. 14:20)

  3. Bala Mareko 9:33-37.

    Jesu o ne a ruta barutwa ba gagwe eng ka go batla go nna le maemo? (Mar. 9:35; Math. 20:25, 26; Bagal. 6:3; Bafil. 2:5-8)

  4. Bala Mareko 10:13-16.

    Jesu o ne a atamelesega go le kana kang, mme bagolwane ba Bakeresete ba ka ithuta eng mo sekaong sa gagwe? (Mar. 6:30-34; Bafil. 2:1-4; 1 Tim. 4:12)

Polelo 95

Tsela e Jesu a Rutang ka Yone

  1. Monna mongwe o botsa Jesu potso efe, mme ka ntlha yang?

  2. Ka dinako tse dingwe, Jesu o dirisa eng fa a ruta, mme re setse re ithutile eng ka Bajuda le Basamarea?

  3. Mo kgannyeng e Jesu a e bolelang, go direga eng ka Mojuda yo o mo tseleng e e yang Jeriko?

  4. Go direga eng fa moperesiti wa Mojuda le Molefi ba tla ka tsela eo?

  5. Mo setshwantshong seno, ke mang yo o thusang Mojuda yo o utlwileng botlhoko?

  6. Fa Jesu a sena go wetsa kgang eno, o botsa potso efe, mme monna yono o araba jang?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Luke 10:25-37.

    1. Go na le gore Jesu a ntshe karabo e e tlhamaletseng, o ne a thusa jang monna yo o neng a itse Molao go akanya ka kgang e ba neng ba bua ka yone? (Luke 10:26; Math. 16:13-16)

    2. Jesu o ne a dirisa jang ditshwantsho go fedisa boikutlo jwa go tlhaola batho jo bareetsi ba gagwe ba neng ba na le jone? (Luke 10:36, 37; 18:9-14; Tito 1:9)

Polelo 96

Jesu o Fodisa Balwetse

  1. Jesu o dira eng fa a tsamaya go ralala naga?

  2. Dingwaga di ka nna tharo fa Jesu a sena go kolobediwa, o raya baaposetoloi ba gagwe a reng?

  3. Ke bomang ba ba mo setshwantshong seno, mme Jesu o thusa mosadi yono jang?

  4. Ke eng fa go araba kganetso ya baeteledipele ba bodumedi ga ga Jesu go ne ga ba tlhabisa ditlhong?

  5. Fa Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba le gaufi le Jeriko, Jesu o thusa bakopi ba babedi ba ba sa boneng jang?

  6. Ke eng fa Jesu a dira dikgakgamatso?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Mathaio 15:30, 31.

    Jesu o senola jang tsela e e gakgamatsang e Jehofa a bontshang maatla a gagwe ka yone, mme e tshwanetse ya ama jang tsela e re tlhaloganyang ka yone se Jehofa a se re solofeditseng ka lefatshe le lesha? (Pes. 37:29; Isa. 33:24)

  2. Bala Luke 13:10-17.

    Lebaka la go bo Jesu a ile a dira dikgakgamatso dingwe tse di tlhomologileng mo letsatsing la Sabata le bontsha gore o tla tlisetsa batho kgololo ya mofuta ofe mo Pusong ya gagwe ya Dingwaga Tse di Sekete? (Luke 13:10-13; Pes. 46:9; Math. 12:8; Bakol. 2:16, 17; Tshen. 21:1-4)

  3. Bala Mathaio 20:29-34.

    Pego eno e bontsha jang gore Jesu o ne a se ka a tshwarega thata mo a neng a ka se ka a kgona go thusa batho, mme e ka re ruta eng? (Dute. 15:7; Jak. 2:15, 16; 1 Joh. 3:17)

Polelo 97

Jesu o Tla Jaaka Kgosi

  1. Fa Jesu a tla mo motsaneng o monnye gaufi le Jerusalema, o raya barutwa ba gagwe a re ba dire eng?

  2. Mo setshwantshong seno, go diregang fa Jesu a atamela motse wa Jerusalema?

  3. Bana ba bannye ba dira eng fa ba bona Jesu a fodisa batho ba ba foufetseng le ba ba golafetseng?

  4. Jesu o raya baperesiti ba ba galefileng a reng?

  5. Re ka tshwana jang le bana ba ba bakang Jesu?

  6. Barutwa ba batla go itse eng?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Mathaio 21:1-17.

    1. Go tsena ga ga Jesu mo Jerusalema jaaka Kgosi go farologana jang le ga bagenerale ba bafenyi ba metlha ya Baroma? (Math. 21:4, 5; Seka. 9:9; Bafil. 2:5-8; Bakol. 2:15)

    2. Basha ba ka ithuta eng mo basimaneng ba Baiseraele ba ba neng ba nopola Pesalema 118 fa Jesu a ne a tsena mo tempeleng? (Math. 21:9, 15; Pes. 118:25, 26; 2 Tim. 3:15; 2 Pet. 3:18)

  2. Bala Johane 12:12-16.

    Go dirisa dikala tsa mokolane ga batho ba ba amogelang Jesu go tshwantshetsa eng? (Joh. 12:13; Bafil. 2:10; Tshen. 7:9, 10)

Polelo 98

Mo Thabeng ya Lotlhware

  1. Mo setshwantshong seno, Jesu ke ofe mo go bone, mme o na le bomang?

  2. Baperesiti ba ne ba leka go dira Jesu eng fa a le mo tempeleng, mme o ne a ba raya a reng?

  3. Baaposetoloi ba botsa Jesu eng?

  4. Ke eng fa Jesu a bolelela baaposetoloi ba gagwe dilo dingwe tse di tla bong di direga mo lefatsheng fa a busa e le Kgosi kwa legodimong?

  5. Jesu a re go tla direga eng pele a fedisa bosula jotlhe mo lefatsheng?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Mathaio 23:1-39.

    1. Le fa gone Dikwalo di bontsha gore go ka tswa go se na molato ope ka go dirisa direto tsa lefatshe, mafoko a ga Jesu mo go Mathaio 23:8-11 a bontsha eng malebana le go dirisa direto mo phuthegong ya Bokeresete? (Dit. 26:25; Bar. 13:7; 1 Pet. 2:13, 14)

    2. Bafarasai ba ile ba dirisa eng go leka go thibela batho gore ba se ka ba nna Bakeresete, mme baeteledipele ba bodumedi ba dirisitse jang mekgwa e e tshwanang mo metlheng ya segompieno? (Math. 23:13; Luke 11:52; Joh. 9:22; 12:42; 1 Bathes. 2:16)

  2. Bala Mathaio 24:1-14.

    1. Mathaio 24:13 e gatelela jang botlhokwa jwa go itshoka?

    2. Mafoko a a mo go Mathaio 24:13 a a reng “bokhutlong” a kaya eng? (Math. 16:27; Bar. 14:10-12; 2 Bakor. 5:10)

  3. Bala Mareko 13:3-10.

    Ke mafoko afe mo go Mareko 13:10 a a bontshang kafa go rera dikgang tse di molemo go potlakileng ka gone, mme mafoko a ga Jesu a tshwanetse go re ama jang? (Bar. 13:11, 12; 1 Bakor. 7:29-31; 2 Tim. 4:2)

Polelo 99

Mo Phaposing e e Kwa Godimo

  1. Jaaka go bontshitswe mo setshwantshong seno, ke eng fa Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba ba 12 ba le mo phaposing e kgolo e e kwa godimo?

  2. Monna yo o tsamayang yole ke mang, mme o ya go dira eng?

  3. Jesu o simolola sejo sefe se se kgethegileng fa ba sena go ja sejo sa Tlolaganyo?

  4. Tlolaganyo e ne e gakolola Baiseraele ka tiragalo efe, mme sejo se se kgethegileng seno se gakolola balatedi ba ga Jesu eng?

  5. Morago ga Sejo sa Morena sa Maitseboa, Jesu o raya balatedi ba gagwe a reng, mme ba dira eng?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Mathaio 26:14-30.

    1. Mathaio 26:15 e bontsha jang gore Judase o dirile ka boomo gore a oke Jesu?

    2. Madi a a tsholotsweng a ga Jesu a diragatsa maikaelelo afe a mabedi? (Math. 26:27, 28; Jer. 31:31-33; Baef. 1:7; Baheb. 9:19, 20)

  2. Bala Luke 22:1-39.

    Go tewa jang fa go twe Satane o ne a tsena mo go Judase? (Luke 22:3; Joh. 13:2; Dit. 1:24, 25)

  3. Bala Johane 13:1-20.

    1. Go ya ka pego e e mo go Johane 13:2, a Judase a ka latofadiwa ka se a se dirileng, mme batlhanka ba Modimo ba ka ithuta eng mo go seno? (Gen. 4:7; 2 Bakor. 2:11; Bagal. 6:1; Jak. 1:13, 14)

    2. Jesu o ne a dirisa kgang eno go ruta thuto efe? (Joh. 13:15; Math. 23:11; 1 Pet. 2:21)

  4. Bala Johane 17:1-26.

    Go tewa jang fa go twe Jesu o ne a rapelela balatedi ba gagwe gore “ba nne mongwe fela”? (Joh. 17:11, 21-23; Bar. 13:8; 14:19; Bakol. 3:14)

Polelo 100

Jesu mo Tshimong

  1. Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba ya kae fa ba sena go tswa mo phaposing e e kwa godimo, mme o ba raya a re ba dire eng?

  2. Jesu o fitlhela go direga eng fa a boela kwa baaposetoloi ba leng teng, mme seno se direga ka makgetlo a le kae?

  3. Ke bomang ba ba tsenang mo tshimong, mme Judase Isekariota o dira eng, jaaka fa setshwantsho se bontsha?

  4. Ke eng fa Judase a atla Jesu, mme Petere o dira eng?

  5. Jesu o raya Petere a reng, mme ke eng fa Jesu a sa kope Modimo gore a mo romelele baengele?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Mathaio 26:36-56.

    1. Tsela e Jesu a neng a naya barutwa ba gagwe kgakololo ka yone ke sekao se se molemo jang gompieno mo bagolwaneng ba Bakeresete? (Math. 20:25-28; 26:40, 41; Bagal. 5:17; Baef. 4:29, 31, 32)

    2. Jesu o leba jang go dirisa dibetsa kgatlhanong le mong ka wena? (Math. 26:52; Luke 6:27, 28; Joh. 18:36)

  2. Bala Luke 22:39-53.

    Fa moengele a ne a bonala kwa go Jesu mo tshimong ya Gethesemane go tla go mo nonotsha, a seno se ne se bontsha gore Jesu o ne a reketla mo tumelong? Tlhalosa. (Luke 22:41-43; Isa. 49:8; Math. 4:10, 11; Baheb. 5:7)

  3. Bala Johane 18:1-12.

    Jesu o ne a sireletsa barutwa ba gagwe jang mo baganetsing ba bone, mme re ka ithuta eng mo sekaong seno? (Joh. 10:11, 12; 18:1, 6-9; Baheb. 13:6; Jak. 2:25)

Polelo 101

Jesu o a Bolawa

  1. Ke mang yo segolobogolo a nang le molato wa go bolawa ga ga Jesu?

  2. Baaposetoloi ba dira eng fa baeteledipele ba bodumedi ba tsaya Jesu ka dikgoka?

  3. Go direga eng kwa ntlong ya moperesiti yo mogolo e bong Kaiafase?

  4. Ke eng fa Petere a tswa a ya go lela?

  5. Fa Jesu a sena go busediwa kwa go Pilato, baperesiti ba bagolo ba goa ba reng?

  6. Go direga eng ka Jesu mo mosong wa Labotlhano, mme o solofetsa modirabosula yo o kokotetsweng fa thoko ga gagwe eng?

  7. Paradaise e Jesu a neng a bua ka yone e tlile go nna kae?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Mathaio 26:57-75.

    Maloko a kgotlatshekelokgolo ya Bajuda a ne a bontsha jang gore a ne a na le dipelo tse di bosula? (Math. 26:59, 67, 68)

  2. Bala Mathaio 27:1-50.

    Ke eng fa re ka bolela gore boikwatlhao jo Judase a neng a bo bontsha e ne e se jwa mmatota? (Math. 27:3, 4; Mar. 3:29; 14:21; 2 Bakor. 7:10, 11)

  3. Bala Luke 22:54-71.

    Re ka ithuta eng mo kgannyeng ya go itatola Jesu ga ga Petere mo bosigong jo a okilweng le go tshwarwa ka jone? (Luke 22:60-62; Math. 26:31-35; 1 Bakor. 10:12)

  4. Bala Luke 23:1-49.

    Jesu o ne a tsibogela jang ditiro tsa go tlhoka tshiamiso tse di neng di dirwa mo go ene, mme re ka ithuta eng mo go seno? (Luke 23:33, 34; Bar. 12:17-19; 1 Pet. 2:23)

  5. Bala Johane 18:12-40.

    Ke eng se se bontshang gore le fa Petere a ile a fekeediwa ke go boifa batho ka nakwana fela, o ne a fenya bothata jono mme a nna moaposetoloi yo o tlhomologileng? (Joh. 18:25-27; 1 Bakor. 4:2; 1 Pet. 3:14, 15; 5:8, 9)

  6. Bala Johane 19:1-30.

    1. Jesu o ne a na le pono efe e e lekalekaneng ka dilo tse di bonalang? (Joh. 2:1, 2, 9, 10; 19:23, 24; Math. 6:31, 32; 8:20)

    2. Mafoko a Jesu a neng a a bua fa a swa, a bontsha jang gore o fentse le gore o ile a tlotlomatsa bolaodi jwa ga Jehofa? (Joh. 16:33; 19:30; 2 Pet. 3:14; 1 Joh. 5:4)

Polelo 102

Jesu o a Tshela

  1. Mosadi yono yo o mo setshwantshong ke mang, banna ba babedi bone ke bomang, mme ba kwa kae?

  2. Ke eng fa Pilato a laela baperesiti gore ba romele masole go ya go disa lebitla la ga Jesu?

  3. Ka makuku mo letsatsing la boraro Jesu a sena go swa, moengele o dira eng, mme baperesiti bone ba dira eng?

  4. Ke eng fa basadi bangwe ba gakgamala fa ba etela lebitla la ga Jesu?

  5. Ke eng fa Petere le Johane ba tabogela kwa lebitleng la ga Jesu, mme ba fitlhela eng?

  6. Go diragetseng ka mmele wa ga Jesu, mme o dira eng go bontsha barutwa gore o a tshela?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Mathaio 27:62-66 le 28:1-15.

    Fa Jesu a ne a tsosiwa mo baswing, baperesiti ba bagolo, Bafarasai le bagolwane ba ne ba leofela moya o o boitshepo jang? (Math. 12:24, 31, 32; 28:11-15)

  2. Bala Luke 24:1-12.

    Pego ya go tsoga ga ga Jesu e bontsha jang gore Jehofa o leba basadi e le basupi ba ba ikanyegang? (Luke 24:4, 9, 10; Math. 28:1-7)

  3. Bala Johane 20:1-12.

    Johane 20:8, 9 e re thusa jang go bona botlhokwa jwa go nna pelotelele fa re sa tlhaloganye ka botlalo go diragadiwa ga boporofeti jwa Baebele? (Dia. 4:18; Math. 17:22, 23; Luke 24:5-8; Joh. 16:12)

Polelo 103

Mo Phaposing e e Lotletsweng

  1. Marea o raya monna yo a neng a ithaya a re ke motho yo o berekang mo tshimong a reng, mme ke eng se se dirang gore a lemoge gore ke Jesu?

  2. Go direga eng ka barutwa ba babedi ba ba neng ba le mo tseleng ba ya Emao?

  3. Go diregang se se gakgamatsang fa barutwa ba babedi ba bolelela baaposetoloi gore ba bone Jesu?

  4. Jesu o ne a bonala kwa balateding ba gagwe makgetlo a le kae?

  5. Thomase a reng fa a utlwa gore barutwa ba bone Morena, mme go direga eng malatsi a le robedi moragonyana?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Johane 20:11-29.

    Mo go Johane 20:23, a Jesu o ne a raya gore batho ba neilwe taolo ya go itshwarela ba bangwe maleo? Tlhalosa. (Pes. 49:2, 7; Isa. 55:7; 1 Tim. 2:5, 6; 1 Joh. 2:1, 2)

  2. Bala Luke 24:13-43.

    Re ka baakanya jang pelo ya rona gore e amogele boammaaruri jwa Baebele? (Luke 24:32, 33; Esera 7:10; Math. 5:3; Dit. 16:14; Baheb. 5:11-14)

Polelo 104

Jesu o Boela Legodimong

  1. Jesu o bonwa ke barutwa ba le ba kae ka nako e le nngwe, mme o bua le bone ka eng?

  2. Bogosi jwa Modimo ke eng, mme botshelo bo tla bo bo ntse jang mo lefatsheng fa Jesu a busa e le Kgosi ka dingwaga di le sekete?

  3. Jesu o feditse malatsi a le kae a ntse a iponatsa mo barutweng ba gagwe, mme jaanong ke nako ya gore a dire eng?

  4. Pele fela ga Jesu a kgaogana le barutwa ba gagwe, o ba raya a re ba dire eng?

  5. Go direga eng mo setshwantshong seno, mme Jesu o nyelela jang ba ntse ba mo lebile?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala 1 Bakorintha 15:3-8.

    Ke eng fa moaposetoloi Paulo a ne a ka bua a tlhatswegile pelo jaana ka go tsoga ga ga Jesu, mme ke dilo dife tse Bakeresete ba ka buang ka tsone ba tlhatswegile pelo gompieno? (1 Bakor. 15:4, 7, 8; Isa. 2:2, 3; Math. 24:14; 2 Tim. 3:1-5)

  2. . Bala Ditiro 1:1-11.

    Tiro ya go rera e ne ya anamela kgakala go le go kae jaaka go boleletswe pele mo go Ditiro 1:8? (Dit. 6:7; 9:31; 11:19-21; Bakol. 1:23)

Polelo 105

Ba Letile mo Jerusalema

  1. Jaaka fa setshwantsho seno se bontsha, go direga eng ka balatedi ba ga Jesu ba ba ntseng ba letile mo Jerusalema?

  2. Baeng ba ba tlileng mo Jerusalema ba gakgamadiwa ke eng?

  3. Petere o tlhalosetsa batho eng?

  4. Batho ba ikutlwa jang fa ba sena go reetsa Petere, mme o ba raya a re ba dire eng?

  5. Go kolobediwa batho ba le kae mo letsatsing leo la Pentekosete ya 33 C.E.?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Ditiro 2:1-47.

    1. Mafoko a ga Petere a a mo go Ditiro 2:23, 36 a bontsha jang gore setšhaba sotlhe sa Bajuda se ne se na le molato wa go bolawa ga ga Jesu? (1 Bathes. 2:14, 15)

    2. Petere o ile a tlhoma sekao se se molemo jang sa go fetolana le batho ka Dikwalo? (Dit. 2:16, 17, 29, 31, 36, 39; Bakol. 4:6)

    3. Petere o ne a dirisa jang “dilotlolo tsa bogosi jwa magodimo” tsa ntlha, tse Jesu a neng a solofeditse go di mo naya? (Dit. 2:14, 22-24, 37, 38; Math. 16:19)

Polelo 106

Ba Gololwa mo Kgolegelong

  1. Letsatsi lengwe go le thapama fa Petere le Johane ba tsena mo tempeleng, ba diragalelwa ke eng?

  2. Petere o raya monna yo o golafetseng a reng, mme Petere o mo naya eng se se tlhwatlhwakgolo go feta madi?

  3. Ke eng fa baeteledipele ba bodumedi ba galefile, mme ba dira eng ka Petere le Johane?

  4. Petere o raya baeteledipele ba bodumedi a reng, mme baaposetoloi ba newa tlhagiso efe?

  5. Ke eng fa baeteledipele ba bodumedi ba le lefufa, mme go direga eng fa baaposetoloi ba tsenngwa mo kgolegelong lekgetlo la bobedi?

  6. Baaposetoloi ba araba jang fa ba tlisiwa mo holong ya Sanehederine?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Ditiro 3:1-10.

    Le fa gone re sa newa maatla a go dira dikgakgamatso gompieno, mafoko a ga Petere a a mo go Ditiro 3:6 a re thusa jang go lemoga kafa molaetsa wa Bogosi o leng botlhokwa ka gone? (Joh. 17:3; 2 Bakor. 5:18-20; Bafil. 3:8)

  2. Bala Ditiro 4:1-31.

    Fa re ganediwa mo bodireding, re tshwanetse go etsa bakaulengwe ba rona ba Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga jang? (Dit. 4:29, 31; Baef. 6:18-20; 1 Bathes. 2:2)

  3. Bala Ditiro 5:17-42.

    Ke tsela efe e e tshwanetseng e batho bangwe ba e seng Basupi, ba mo nakong e e fetileng le ba mo motlheng wa rona, ba neng ba leba tiro ya go rera ka yone? (Dit. 5:34-39)

Polelo 107

Setefane o Kgobotlediwa ka Maje

  1. Setefane ke mang, mme Modimo o ntse a mo thusa go dira eng?

  2. Setefane o bua eng se se galefisang baeteledipele ba bodumedi?

  3. Fa banna ba gogela Setefane kwa ntle ga motse, ba mo dira eng?

  4. Mo setshwantshong seno, lekawana le le emeng fa thoko ga diaparo ke mang?

  5. Pele Setefane a swa, o raya Jehofa a reng mo thapelong?

  6. Gore re etse Setefane, re tshwanetse go dira eng fa mongwe a re dira sengwe se se bosula?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Ditiro 6:8-15.

    Baeteledipele ba bodumedi ba ile ba dirisa maano afe a a tsietsang go leka go emisa tiro ya Basupi ba ga Jehofa ya go rera? (Dit. 6:9, 11, 13)

  2. Bala Ditiro 7:1-60.

    1. Setefane o ne a thusiwa ke eng go femela dikgang tse di molemo fa pele ga kgotla, mme sekao sa gagwe se re ruta eng? (Dit. 7:51-53; Bar. 15:4; 2 Tim. 3:14-17; 1 Pet. 3:15)

    2. Re tshwanetse go ikutlwa jang ka batho ba ba ganetsang tiro ya rona? (Dit. 7:58-60; Math. 5:44; Luke 23:33, 34)

Polelo 108

Mo Tseleng e e Yang Damaseko

  1. Saulo o dira eng fa Setefane a sena go bolawa?

  2. Fa Saulo a le mo tseleng e e yang Damaseko, go diregang se se gakgamatsang?

  3. Jesu o raya Saulo a re a dire eng?

  4. Jesu o naya Ananiase ditaelo dife, mme Saulo o kgona jang go bona gape?

  5. Saulo o simolola go itsiwe ka leina lefe, mme o dirisiwa jang?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Ditiro 8:1-4.

    Pogiso e e seng kana ka sepe e e neng ya wela phuthego ya Bokeresete e e neng e sa tswa go tlhomiwa e ne ya thusa jang go anamisa tumelo ya Bokeresete, mme go diregile eng se se tshwanang le seno mo motlheng wa rona? (Dit. 8:4; Isa. 54:17)

  2. Bala Ditiro 9:1-20.

    Jesu o ne a senola gore o ne a tlile go naya Saulo dikabelo dife tse tharo? (Dit. 9:15; 13:5; 26:1; 27:24; Bar. 11:13)

  3. Bala Ditiro 22:6-16.

    Re ka tshwana jang le Ananiase, mme ke eng fa seo se le botlhokwa? (Dit. 22:12; 1 Tim. 3:7; 1 Pet. 1:14-16; 2:12)

  4. Bala Ditiro 26:8-20.

    Go sokologela ga ga Saulo mo Bokereseteng go kgothatsa jang ba ba nang le balekane ba e seng Bakeresete gompieno? (Dit. 26:11; 1 Tim. 1:14-16; 2 Tim. 4:2; 1 Pet. 3:1-3)

Polelo 109

Petere o Etela Korenelio

  1. Monna yo o khubameng mo setshwantshong seno ke mang?

  2. Moengele o raya Korenelio a reng?

  3. Modimo o dira gore Petere a bone eng fa a le mo godimo ga ntlo ya ga Simone kwa Jopa?

  4. Ke eng fa Petere a bolelela Korenelio gore a se ka a mo khubamela le go mo obamela?

  5. Ke eng fa barutwa ba Bajuda ba ba neng ba na le Petere ba gakgametse?

  6. Re tshwanetse go ithuta thuto efe e e botlhokwa mo loetong lwa ga Petere kwa go Korenelio?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Ditiro 10:1-48.

    Mafoko a ga Petere a a mo go Ditiro 10:42 a bontsha eng ka tiro ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi? (Math. 28:19; Mar. 13:10; Dit. 1:8)

  2. Bala Ditiro 11:1-18.

    Petere o ne a itshwara jang fa a ne a bona sentle gore Jehofa ke ene a kaelang dilo malebana le baditšhaba, mme re ka etsa sekao sa gagwe jang? (Dit. 11:17, 18; 2 Bakor. 10:5; Baef. 5:17)

Polelo 110

Timotheo—Mothusi yo Mosha wa ga Paulo

  1. Lekawana le le mo setshwantshong seno ke mang, le nna kae, mme leina la ga mmaagwe le mmaagwemogolo ke mang?

  2. Timotheo o raya Paulo a reng fa a mmotsa gore a ga a batle go tsamaya le ene le Silase go ya go rerela batho ba ba kwa kgakala?

  3. Ke kae koo balatedi ba ga Jesu ba neng ba simolola go bidiwa Bakeresete teng lekgetlho la ntlha?

  4. Fa Paulo, Silase le Timotheo ba sena go tswa kwa Lisetera, ke metse efe e mengwe e ba e etelang?

  5. Timotheo o thusa Paulo jang, mme ke potso efe e basha ba tshwanetseng go ipotsa yone gompieno?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Ditiro 9:19-30.

    Moaposetoloi Paulo o ne a dira dilo jang ka botlhale fa a ne a lebane le go ganediwa ga dikgang tse di molemo? (Dit. 9:22-25, 29, 30; Math. 10:16)

  2. Bala Ditiro 11:19-26.

    Pego e e mo go Ditiro 11:19-21, 26 e bontsha jang gore moya wa ga Jehofa o kaela tiro ya go rera?

  3. Bala Ditiro 13:13-16, 42-52.

    Ditiro 13:51, 52 e bontsha jang gore barutwa ga ba a ka ba letla kganetso e ba kgoba marapo? (Math. 10:14; Dit. 18:6; 1 Pet. 4:14)

  4. Bala Ditiro 14:1-6, 19-28.

    Mafoko a a reng “ba ba naya Jehofa” a re thusa jang gore re se ka ra tlhobaela go sa tlhokege fa re ntse re thusa batho ba ba sa tswang go kopanela? (Dit. 14:21-23; 20:32; Joh. 6:44)

  5. Bala Ditiro 16:1-5.

    Go iketleeletsa ga ga Timotheo go ineela gore a rupisiwe go gatelela jang botlhokwa jwa go dira “dilo tsotlhe ka ntlha ya dikgang tse di molemo”? (Dit. 16:3; 1 Bakor. 9:23; 1 Bathes. 2:8)

  6. Bala Ditiro 18:1-11, 18-22.

    Ditiro 18:9, 10 e bontsha eng ka seabe se Jesu a nang le sone mo go kaeleng tiro ya go rera, mme seo se re naya tsholofelo efe gompieno? (Math. 28:20)

Polelo 111

Mosimane yo o Neng a Robala

  1. Mo setshwantshong seno, mosimane yo o rapaletseng fa fatshe fano ke mang, mme go diregile eng ka ene?

  2. Paulo o dira eng fa a bona gore mosimane yono o sule?

  3. Paulo, Timotheo le ba ba tsamayang le bone ba ya kae, mme go direga eng fa ba ema kwa Mileto?

  4. Moporofeti Agabuse o naya Paulo tlhagiso efe, mme go direga eng fela jaaka moporofeti a boletse?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Ditiro 20:7-38.

    1. Re ka dira jang gore re nne ‘re le phepa mo mading a batho botlhe,’ go ya ka mafoko a ga Paulo a a mo go Ditiro 20:26, 27? (Esek. 33:8; Dit. 18:6, 7)

    2. Ke eng fa bagolwane ba tshwanetse go nna ba “tshwareletse ka nitamo mo lefokong le le ikanyegang” fa ba ruta? (Dit. 20:17, 29, 30; Tito 1:7-9; 2 Tim. 1:13)

  2. Bala Ditiro 26:24-32.

    Paulo o ne a dirisa jang go nna moagi wa Roma ga gagwe go diragatsa kabelo e a neng a e neilwe ke Jesu? (Dit. 9:15; 16:37, 38; 25:11, 12; 26:32; Luke 21:12, 13)

Polelo 112

Sekepe se Thubega mo Setlhaketlhakeng

  1. Go direga eng ka sekepe se Paulo a se palameng fa se feta gaufi le setlhaketlhake sa Kereta?

  2. Paulo o raya ba ba mo sekepeng a reng?

  3. Go tla jang gore sekepe se thubege?

  4. Molaodi wa masole yo o disitseng batho o ntsha ditaelo dife, mme ke batho ba le kae ba ba fitlhang kwa losing lwa lewatle ba babalesegile?

  5. Setlhaketlhake se ba neng ba fologela mo go sone se bidiwa mang, mme go direga eng ka Paulo fa maemo a bosa a tokafala?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Ditiro 27:1-44.

    Tsela e re ikanyang Baebele ka yone gore e boammaaruri, e nonofa jang fa re bala pego ya loeto lwa ga Paulo lwa go ya Roma? (Dit. 27:16-19, 27-32; Luke 1:3; 2 Tim. 3:16, 17)

  2. Bala Ditiro 28:1-14.

    Fa e le gore baagi ba Baheitane ba kwa Maleta ba ne ba tlhotlheletsega go tshwara moaposetoloi Paulo le ba a neng a thubegelwa ke sekepe nabo “ka bopelonomi jo bo sa tlwaelegang,” Bakeresete ba tshwanetse go tlhotlheletsega go bontsha eng mme segolobogolo ka tsela efe? (Dit. 28:1, 2; Baheb. 13:1, 2; 1 Pet. 4:9)

Polelo 113

Paulo Kwa Roma

  1. Paulo o rerela mang fa a le legolegwa mo Roma?

  2. Mo setshwantshong seno, moeng yo o fa tafoleng yono ke mang, mme o thusa Paulo go dira eng?

  3. Epaforodito ke mang, mme o boela Filipi a tshotse eng?

  4. Ke eng fa Paulo a kwalela tsala ya gagwe e kgolo e bong Filemone lekwalo?

  5. Paulo o dira eng fa a sena go gololwa, mme go direga eng ka ene moragonyana?

  6. Jehofa o dirisa mang go kwala dibuka tsa bofelo tsa Baebele, mme buka ya Tshenolo e bua ka eng?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Ditiro 28:16-31 le Bafilipi 1:13.

    Paulo o ne a dirisa nako ya gagwe jang fa a ne a le legolegwa kwa Roma, mme tumelo ya gagwe e e sa reketleng e ne ya ama phuthego ya Bokeresete jang? (Dit. 28:23, 30; Bafil. 1:14)

  2. Bala Bafilipi 2:19-30.

    Paulo o ne a bua mafoko afe a a bontshang gore o anaanela Timotheo le Epaforodito, mme re ka etsa jang sekao sa ga Paulo? (Bafil. 2:20, 22, 25, 29, 30; 1 Bakor. 16:18; 1 Bathes. 5:12, 13)

  3. Bala Filemone 1-25.

    1. Ke eng fa Paulo a ne a kgothaletsa Filemone gore a dire se se siameng, mme seno ke sekao jang mo bagolwaneng gompieno? (File. 9; 2 Bakor. 8:8; Bagal. 5:13)

    2. Mafoko a ga Paulo a a mo go Filemone 13, 14 a bontsha jang gore o ne a tlotla digakolodi tsa ba bangwe mo phuthegong? (1 Bakor. 8:7, 13; 10:31-33)

  4. Bala 2 Timotheo 4:7-9.

    Jaaka moaposetoloi Paulo, re ka nna le tsholofelo jang ya gore Jehofa o tla re duela fa re ikanyega go ya bokhutlong? (Math. 24:13; Baheb. 6:10)

Polelo 114

Go Fela ga Bosula Jotlhe

  1. Ke eng fa Baebele e bua ka dipitse kwa legodimong?

  2. Leina la ntwa ya Modimo kgatlhanong le batho ba ba bosula mo lefatsheng e bidiwa eng, mme boikaelelo jwa ntwa eno ke bofe?

  3. Mo setshwantshong seno, ke mang yo o tla bong a eteletse pele mo ntweng eno, ke eng fa a rwele serwalo sa segosi, mme tšhaka ya gagwe e supa eng?

  4. Fa re boela kwa go Polelo 10, 15 le 33 ke eng fa re sa tshwanela go gakgamadiwa ke gore Modimo o tlile go senya batho ba ba bosula?

  5. Polelo 36 le 76 di bontsha jang gore Modimo o tla senya batho ba ba bosula le fa ba ipolela gore ba a mo obamela?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Tshenolo 19:11-16.

    1. Dikwalo di bontsha jang gore Jesu Keresete ke mopalami wa pitse e tshweu? (Tshen. 1:5; 3:14; 19:11; Isa. 11:4)

    2. Madi a a kgatshitsweng mo seaparong sa ga Jesu a netefatsa jang gore phenyo ya gagwe ke ya makgaolakgang e bile ke e e feletseng? (Tshen. 14:18-20; 19:13)

    3. Ke bomang ba ba ka tswang ba le teng mo mephatong e e setseng Jesu morago a palame pitse ya gagwe e tshweu? (Tshen. 12:7; 19:14; Math. 25:31, 32)

Polelo 115

Paradaise e Ntšha mo Lefatsheng

  1. Baebele e bontsha gore re tlile go itumelela maemo afe mo lefatsheng la Paradaise?

  2. Baebele e solofetsa ba ba tla bong ba tshela mo Paradaiseng eng?

  3. Jesu o tla tlhomamisa leng gore phetogo eno e e molemo e a direga?

  4. Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a dira eng go bontsha se a tlileng go se dira fa a setse a busa e le Kgosi ya Bogosi jwa Modimo?

  5. Jesu le ba a tla busang le bone kwa legodimong ba tla tlhomamisa gore go direga eng fa ba busa lefatshe ba le kwa legodimong?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Tshenolo 5:9, 10.

    Ke eng fa re ka tlhomamisega gore ba ba tla bong ba busa lefatshe ka nako ya Puso ya Dingwaga Tse di Sekete e tla bo e le dikgosi le baperesiti ba ba kutlwelobotlhoko e bile ba le pelotlhomogi? (Baef. 4:20-24; 1 Pet. 1:7; 3:8; 5:6-10)

  2. Bala Tshenolo 14:1-3.

    Ke eng se se tshwantshediwang ke go kwalwa ga leina la ga Rara le la Kwana mo diphatleng tsa ba ba 144 000? (1 Bakor. 3:23; 2 Tim. 2:19; Tshen. 3:12)

Polelo 116

Kafa re ka Tshelelang Ruri ka Gone

  1. Re tshwanetse go itse eng gore re tle re tshelele ruri?

  2. Re ka ithuta jang ka Jehofa Modimo le Jesu, jaaka fa go bontshiwa ke mosetsanyana yo o mo setshwantshong seno le ditsala tsa gagwe?

  3. O bona buka efe e nngwe gape mo setshwantshong seno, mme ke eng fa re tshwanetse go e bala ka metlha?

  4. Mo godimo ga go ithuta ka Jehofa le Jesu, re tshwanetse go dira eng gape gore re bone botshelo jo bo sa khutleng?

  5. Re ithuta thuto efe mo go Polelo 69?

  6. Sekao se se molemo sa ga Samuele yo mmotlana mo go Polelo 55 se bontsha eng?

  7. Re ka latela jang sekao sa ga Jesu Keresete, mme fa re se latela, re tla kgona go dira eng mo isagweng?

Dipotso tse di oketsegileng:

  1. Bala Johane 17:3.

    Dikwalo di bontsha jang gore go ithuta ka Jehofa Modimo le Jesu Keresete go raya se se fetang fela go tshwara dintlha ka tlhogo? (Math. 7:21; Jak. 2:18-20; 1 Joh. 2:17)

  2. Bala Pesalema 145:1-21.

    1. Mangwe a mabaka a mantsi a re nang le one a go baka Jehofa ke afe? (Pes. 145:8-11; Tshen. 4:11)

    2. Ke jang Jehofa a leng “molemo mo go botlhe,” mme seno se tshwanetse sa re atametsa jang gaufi le ene? (Pes. 145:9; Math. 5:43-45)

    3. Fa e le gore re rata Jehofa go tswa pelong, re tla tlhotlheletsega go dira eng? (Pes. 119:171, 172, 175; 145:11, 12, 21)