Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Matseno

Matseno

“Ke goletse kwa motsaneng mongwe wa kwa perofensing ya bokone,” go anela jalo Dauda go tswa kwa Sierra Leone. “Ka nako nngwe fa ke ne ke santse ke le mosimanyana, go ne go na le lelapa lengwe le le neng le lwela masimo mangwe le lelapa la gaetsho. Ka bobedi jwa one a ne a bolela fa masimo ao e le a one. Go ne ga bidiwa ngaka gore e tle go rarabolola bothata jono. Ngaka eno e ne ya naya monna yo mongwe seipone, mme ya mo khurumetsa ka letsela le lesweu. Ka bonako fela monna yo o kafa tlase ga letsela o ne a simolola go tetesela le go tshologa sethito. Fa a leba mo seiponeng, o ne a tlhaeletsa jaana: ‘Ke bona monnamogolo a atamela! O apere diaparo tse ditshweu. O moleele ebile o tsofetse, moriri wa gagwe o mmududu, mme o tsamaya a iname go le gonnye.’

“O ne a tlhalosa Ntatemogolo! O ne a simolola go lela mme a tlhaeletsa jaana: ‘Fa lo sa dumele se ke se bolelang, tlang lo itebele!’ Ka boammaaruri, go ne go se ope wa rona yo a neng a ikutlwa go dira jalo! Ngaka eno e ne ya mo ritibatsa ka go mo kgatsha ka motswako mongwe wa boselamose wa matlhare mangwe le metsi a a neng a a tshotse mo lekukaneng.

“‘Ntatemogolo’ o ne a bua jalo a dirisiwa ke monna wa mo seiponeng, a bolela gore masimo ke a lelapa la rona. O ne a bolelela mmèmogolo gore a leme tshimo eo fela a sa tshwenyege. Lelapa le lengwe le lone le ne la dumela seo. Kgang e ne ya rarabololwa jalo.”

Ditiragalo tse di ntseng jalo di tlwaelegile tota kwa Afrika Bophirima. Dimilione tse di senang palo tsa batho koo, jaaka mo dikarolong tse dintsi tsa lefatshe, di dumela gore batho ba ba suleng ba ya kwa lefatsheng la moya, koo ba kgonang go bona le go tlhotlheletsa matshelo a batho ba ba mo lefatsheng gone. A tumelo eno e boammaaruri? A batho ba ba suleng eleruri ba a tshela? Fa go sa nna jalo, ba ba itirang ekete ke batho ba ba suleng bano ke bomang? Go botlhokwa thata gore o itse dikarabo tse di siameng tsa dipotso tseno. Ke kgang ya loso le botshelo.