Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dimilione tsa Dibopiwa tsa Moya

Dimilione tsa Dibopiwa tsa Moya

Bibela e re bolelela gore go na le batho ba bantsi ba moya. Jehofa ka boene ke motho wa moya.—Yohane 4:24; 2 Bakorintha 3:17, 18.

Ka nako nngwe Jehofa e ne e le ene fela mo lobopong. Morago o ne a simolola go bopa batho ba moya ba ba bidiwang baengele. Ba nonofile ebile ba botlhale go gaisa batho. Jehofa o bopile baengele ba bantsi; motlhanka wa Modimo Daniele, o ne a bona baengele ba le dimilione di le lekgolo mo ponatshegelong.—Daniele 7:10; Bahebera 1:7.

Modimo o ne wa bopa baengele bano pele a tlhola lefatshe. (Yobe 38:4-7) Ga go na ope wa bone yo e leng motho yo a kileng a tshela a bo a swela mo lefatsheng.

Moya o Mogolo ebong Jehofa o ne a dira dimilione tsa batho ba moya