Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Botsuolodi kwa Lefelong la Moya

Botsuolodi kwa Lefelong la Moya

Fa Satane a ne a dirisa noga gore e bue le Efa, Efa o ne a kopanela le yone mo go tsuologeleng Modimo

Batho botlhe ba moya ba Jehofa a neng a ba bopa ba ne ba le molemo. Morago moengele mongwe o ne a nna bosula. Ke Satane Diabolo. Satane o ne a batla gore batho ba ba mo lefatsheng ba obamele ene go na le go obamela Jehofa. Go ne ga diragala jaana:

Go ne go na le ditlhare tse dintsi tse di ungwang maungo a a monate mo tshimong ya Edena. Jehofa o ne a bolelela Adame le mosadi wa gagwe, Efa, gore ba ne ba gololesegile go di ja. Mme go ne go na le setlhare se le sengwe seo Modimo o neng o ba boleletse gore ba se ka ba se ja. O ne a bolela gore fa ba ne ba ka se ja, ba ne ba tla swa.—Genesise 2:9, 16, 17.

Letsatsi lengwe noga e ne ya bua le Efa ka nako ya fa a ne a le esi. Mme tota, se se neng se bua nae e ne e se noga; e ne e le Satane Diabolo yoo a neng a dira jaaka ekete noga e a bua. Satane o ne a bolelela Efa gore o ne a tla nna botlhale jaaka Modimo fa a ne a ka ja loungo lo lo neng lo ileditswe loo. O ne a bolela gape gore o ne a se kitla a swa. Dipolelo tse pedi tseno e ne e le maaka. Lefa go ntse jalo, Efa o ne a dumela Satane, mme a ja loungo. Moragonyana o ne a naya le Adame, mme le ene a ja.—Genesise 3:1-6.

Kgang e e boammaaruri eno e re thusa go ithuta gore Satane ke motsuolodi le rramaaka. O ne a bolelela Efa gore ga a kitla a swa fa a ka tlola molao wa Modimo. Seo e ne e le maaka. O ne a swa mmogo le Adame. Satane ene ga a ka a swa ka nako eo, lemororo kgabagare a tla swa gonne a leofile. Lefa go ntse jalo, ka nako eno, o santse a tshela mme o ntse a leka go timetsa batho. E santse e le rramaaka, mme o leka go dira gore batho ba tlole melao ya Modimo.—Yohane 8:44.

Baengele Ba Bangwe Ba A Tsuologa

Moragonyana, baengele ba bangwe le bone ba ne ba nna bosula. Baengele bano ba ne ba bona basadi ba bantle mo lefatsheng mme ba bo ba batla go tlhakanela dikobo le bone. Ka jalo ba ne ba tla mo lefatsheng mme ba inaya mebele ya banna. Morago ba bo ba itseela basadi. Seno se ne se le kgatlhanong le boikaelelo jwa Modimo.—Genesise 6:1, 2; Yude 6.

Baengele ba ba bosula ba ne ba tla mo lefatsheng go tla go akafala le basadi

Go ne ga direla le batho mathata a mantsi. Basadi ba baengele bano ba ne ba tshola bana, mme e ne e se bana ba ba tlwaelegileng. Ba ne ba gola ya nna diganka tse di neng di tletse thubakanyo ebile di le setlhogo. Kgabagare lefatshe le ne la tlala ka thubakanyo mo Jehofa a neng a swetsa ka gore a nyeletse batho bao ba ba bosula ka morwalela o mogolo. Batho ba ba neng ba falola Morwalela oo fela e ne e le Noa yo o siameng le lelapa la gagwe.—Genesise 6:4, 11; 7:23.

Lefa go ntse jalo, baengele ba ba bosula bao ba ne ba boela kwa lefelong la moya; ga ba a ka ba swa. Mme ba ne ba otlhaiwa. Ga ba a ka ba letlwa go boela kwa lelapeng la Modimo la baengele ba ba siameng. Mo godimo ga moo, Jehofa ga a ka a ba letla gape gore ba iphetolele gape mo mebeleng ya nama. Mme kgabagare ba tlile go swa ka nako ya katlholo e kgolo.—2 Petere 2:4; Yude 6.

Satane O Kobiwa kwa Legodimong

Satane le baengele ba gagwe ba ba bosula ba ne ba kobiwa kwa legodimong

Go ne ga nna le ntwa kwa legodimong kwa tshimologong ya lekgolo leno la rona la dingwaga. Buka ya Bibela ya Tshenolō e tlhalosa se se neng sa diragala jaana: “Me ga nna ntwa mo legodimoñ; Mikaele [Jesu Keresete yo o tsositsweng mo baswing] le baengele ba gagwè [ba ba ikanyegang] ba bololèla kgōgèla [Satane] ba ea go tlhabana naeō; me kgōgèla ea tlhabana e na le baengele ba [ba bosula ba] eōna: Me ba se ka ba henya, le gōna ba se ka ba tlhōla ba na le bonnō mo legodimoñ. Me kgōgèla e kgolo, nōga ea bogologolo ea pirigañwa, eōna e e bidiwañ Diabolo le Satane, motsietsi oa lehatshe yeotlhe; ea piriganyediwa koñ kwa lehatshiñ, le baengele ba eōna [ba ba bosula] ba piriganyediwa kwa tlhatse naeō.”

Go ne ga felela jang? Pego eo e tswelela jaana: “Ke gōna a lo ko lo itumeleñ, lona magodimo, le lona ba lo agileñ mo go aōna.” Baengele ba ba molemo ba ne ba ka itumela gonne Satane le baengele ba ba bosula, kana meya e e bosula, ba ne ba sa tlhole ba le kwa legodimong. Mme go tweng ka batho ba ba mo lefatsheng? Bibela e bolela jaana: “A bo go latlhèga lehatshe le lewatlè! ka diabolo a hologetse kwa go lona, a tletse bogale, ka a itse ha lobaka loa gagwè lo setse lo le lokhutshane.”—Tshenolō 12:7-9, 12.

Ee, Satane le ditsala tsa gagwe tse di boikepo di ne tsa dira gore batho ba ba mo lefatsheng ba nne le mathata. Baengele ba ba boikepo bano ba bidiwa badimona. Ke baba ba Modimo. Botlhe ba boikepo.