Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Badimona Ba Bolela Maaka A Gore Batho Ba Ba Suleng Ba A Tshela

Badimona Ba Bolela Maaka A Gore Batho Ba Ba Suleng Ba A Tshela

Bibela e bolela gore Satane ke “motsietsi oa lehatshe yeotlhe.” (Tshenolō 12:9) Satane le badimona ba gagwe ga ba batle gore re dumele Lefoko la Modimo, ebong Bibela. Ba leka go dira gore batho ba dumele gore baswi ba tshela felo gongwe mo lefelong la semoya. A re boneng gore ba dira seo jang.

Bodumedi jwa Maaka

Batho, diphologolo, ditlhapi, le dinonyane—ke meya tsotlhe

Ditumelo tse dintsi di ruta gore motho yo mongwe le yo mongwe o na le moya oo o fetelang mo lefelong la semoya fa mmele o swa. Ba bolela gore mmele wa swa mme moya o tswelela o tshela. Mo godimo ga moo, ba gatelela gore moya ga o kake wa swa, gore o tshelela ruri.

Mme Lefoko la Modimo ga le rute seo. Bibela e bontsha gore moya ke motho ka boene, eseng selo sengwe se se mo teng ga motho. Ka sekai, Bibela e bolela jaana fa e tlhalosa kafa Adame a neng a bopiwa ka gone: “Yehofa Modimo a bopa motho ka lorole loa mbu, me a budulèla mōea oa botshelō mo dinkoñ tsa gagwè; me motho a dihèga mōea o o tshedileñ.” (Genesise 2:7) Ka jalo Adame o ne a sa tsenngwa moya; e ne e le moya.

Diphologolo le tsone di bidiwa meya.—Genesise 1:20, 21, 24, 30NW.

Ereka lefoko le le mo Bibeleng eleng “moya” le raya motho ka boene, ga re a tshwanela go gakgamala go bo meya e ka swa le gore e a swa. Dikwalo di bolela jaana:

  • “Mōea o o leohañ, go tla shwa ōna.”—Esekiele 18:4.

  • “Me Samesone a re, A [moya wa me o, “NW”] shwe le Bafilisitia.”—Baatlhodi 16:30.

  • “A go letlèlecwe go diha molemō ka letsatsi ya sabata, kgotsa go diha boshula? go boloka [moya, “NW”] kgotsa go bolaea?”—Mareko 3:4.

Bibela e bontsha gore moya wa swa

Dikwalo tse dingwe di supa gore meya e ka kgaolwa (Genesise 17:14) e ka bolawa ka tšhaka (Yoshue 10:37NW), ya kgangwa (Yobe 7:15), ya bo ya betwa ke metsi (Yona 2:5) Ka gone, moya wa swa.

Fa o ne o ka bala Bibela yotlhe ga o kake wa bo wa fitlhela polelwana e e reng “moya ga o swe.” Moya wa motho ga se sepoko. Thuto ya gore moya ga o swe ga e tswe mo Bibeleng. Ke thuto ya ga Satane le badimona ba gagwe. Jehofa o ila maaka otlhe a bodumedi.—Diane 6:16-19; 1 Timotheo 4:1, 2.

Batho Ba Ba Buang le Badimo

Totatota badimona ba itira jaaka ekete ke batho ba ba suleng

Tsela e nngwe eo Satane a tsietsang batho ka yone ke ka batho ba ba buang le badimo. Motho yo o buang le badimo ke motho yo o kgonang go amogela melaetsa ka tlhamalalo go tswa kwa lefatsheng la moya. Batho ba bantsi thata, go akaretsa le ba ba buang le badimo ka bobone, ba dumela gore melaetsa eno e tswa mo bathong ba ba suleng. Mme jaaka re bone go tswa mo Bibeleng, seo ga se kake sa kgonega.—Moreri 9:5, 6, 10.

Ka gone, melaetsa eno e tswa mo go bomang? Mo badimoneng ka bobone! Badimona ba kgona go ela batho tlhoko fa ba santse ba tshela; ba itse gore motho yoo o ne a bua jang, kafa a neng a lebega ka gone, seo a neng a se dira, le se a neng a se itse. Ka jalo go motlhofo mo go bone go etsa motho yo o suleng.—1 Samuele 28:3-19.

Dikgang tsa Maaka

Tsela e nngwe eo Satane a anamisang maaka ano ka batho ba ba suleng ka yone ke ka dikgang tse di seng boammaaruri. Dikgang tse di ntseng jalo gantsi di faposa batho mo boammaaruring jwa Bibela.—2 Timotheo 4:4.

Ba bangwe ba akanya gore ba bone batho ba ba tsogileng mo baswing

Go na le dikgang tse dintsi mo Afrika ka batho ba ba neng ba bonwa ba tshela fa ba sena go swa. Tsela nngwe eo dilo tse di ntseng jalo tse di bonweng di tshwanang ka yone ke ya gore di bonwa kgakala le kwa motho a neng a nna gone. Mme a o ko o ipotse jaana: ‘A go lebega go utlwala gore fa motho a ne a na le maatla a go tsoga mo baswing, o ne a tla ya kwa lefelong le le kgakala le lelapa la gagwe le ditsala tsa gagwe?’

Gape, a e ka tswa e le gore motho yo o bonweng o tshwana fela le motho yo o suleng yoo? Ka sekai, badihedi bangwe ba babedi ba Bakeresete ba ne ba dira mo lefelong la naga nngwe fa ba ne ba lemoga gore monnamogolo mongwe o sa le a ntse a ba setse morago ka diura di le dintsi. Fa ba mmotsa dipotso, ba ne ba fitlhela e le gore monna yono o ne a akanya gore mongwe wa badihedi bano e ne e le morwarraagwe yo a sa bolong go swa dingwaga di sekae pele ga foo. Ka boammaaruri o ne a le phoso, mme o ne a se ka a dumela gore o phoso! Akanya fela gore monnamogolo yoo o ne a bolelela ditsala tsa gagwe le baagelani ba gagwe eng morago ga foo!

Diponatshegelo, Ditoro, le Mantswe

Badimona ba tsietsa ka ditoro, diponatshegelo, le mantswe

Kwantle ga pelaelo, o itse dilo tse di gakgamatsang tseo batho ba di boneng, ba di utlwileng, kana tseo ba di lorileng. Diponatshegelo tse di ntseng jalo gantsi di tshosa batho ba ba di bonang. Marein, yo a neng a nna kwa Afrika Bophirima, o ne a tlhola a utlwa mantswe a ga mmaagwemogolo a mmitsa bosigo. Ereka a ne a tshoga, Marein o ne a goa, a tsosa botlhe mo lelapeng. Kgabagare o ne a simolola go tsenwa.

Jaanong, fa e le gore tota baswi ba ne ba tshela, a go a utlwala gore ba ne ba tla tshosa batho ba ba ba ratang jalo? Eleruri nnyaa. Badimona ke bone ba tlisang melaetsa e e utlwisang botlhoko eo.

Mme go tweng ka melaetsa e e lebegang e thusa ebile e gomotsa? Ka sekai, Gbassay, wa kwa Sierra Leone o ne a lwala. O ne a lora rraagwe yo a neng a setse a sule a bua nae. O ne a mmolelela gore a ye kwa setlhareng sengwe, a tseye letlhare la sone, a le tsenye mo metsing, a bo a nwa. O ne a sa tshwanela go bua le ope pele a dira seno. O ne a dira jalo a bo a fola.

Mosadi mongwe o ne a bolela gore monna wa gagwe o ne a tla kwa go ene bosigo bongwe fa a sena go swa. O bolela gore o ne a lebega a le montle ebile a apere diaparo tse dintle.

Melaetsa e e ntseng jalo le diponatshegelo di lebega di siame ebile di thusa. A totatota di tswa kwa Modimong? Nnyaa, ga di tswe kwa go ene. Jehofa ke “Modimo oa boamarure.” (Pesalema 31:5) Le ka motlha ga a kake a re tsietsa ka maano kana ka boferefere. Badimona ke bone fela ba ba dirang jalo.

Mme a go na le badimona ba ba molemo? Nnyaa. Lemororo ba ka itira jaaka ekete ba a thusa ka dinako tse dingwe, ba bosula fela botlhe. Diabolo o ne a lebega a le botsalano tota fa a ne a bua le Efa. (Genesise 3:1) Mme ke eng se se neng sa mo diragalela fa a sena go mo reetsa le go dira seo a neng a se bolela? O ne a swa.

Satane o ne a bolela gore Efa ga a kitla a swa. Efa o ne a mo dumela, mme kgabagare o ne a swa

O a itse gore ke selo se se tlwaelegileng gore motho yo o bosula a itire ekete o siame mo go bao a batlang go ba raela le go ba tsietsa. “Menomasweu polaya e tshega,” go bolela jalo seane sengwe sa Seafrika. Mme Lefoko la Modimo le bolela jaana: “Satane le èna o tla a ichwantshe le moengele oa lesedi.”—2 Bakorintha 11:14.

Modimo ga o tlhole o bua le batho ba ba mo lefatsheng ka ditoro, diponatshegelo, kana mantswe a a tswang kwa lefatsheng la meya. O ba kaela le go ba naya ditaolo ka Bibela, eo e dirang motho gore a “nnè boitèkanèlō, a iketleeleletse rure tihō ñwe le ñwe e e molemō.”—2 Timotheo 3:17.

Ka gone fa Jehofa a re tlhagisa kaga maano a ga Diabolo, o dira jalo gonne a re rata. O a itse gore badimona ke baba ba ba kotsi.