Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Direla Jehofa, Eseng Satane

Direla Jehofa, Eseng Satane

Rotlhe re tshwanetse go tlhopha. Re ka direla Jehofa kana ra direla Satane le badimona ba gagwe. Ga re kake ra ba direla botlhe. Abo go le botlhale jang ne go direla Jehofa!

Jehofa O Molemo

Jaaka re setse re lemogile, badimona ba itumelela go utlwisa batho botlhoko le go ba tsietsa. Jehofa ga a a nna jalo. O rata batho jaaka rre a rata bana ba gagwe. Ke Moabi wa “nèō ñwe le ñwe e e molemō le se se molemō señwe le señwe se se tletseng.” (Yakobe 1:17) Ga a ke a ikgogona go naya batho selo sepe se se molemo, le eleng lefa se mo dira gore a duele thata.—Baefesia 2:4-7.

Jesu, Morwa Modimo, o ne a bontsha batho lorato ka go fodisa malwetsi a bone

Akanya ka dilo tse Jesu, Morwa Modimo a neng a di dira mo lefatsheng. O ne a dira gore dimumu di bue le difofu di bone. O ne a fodisa balepero le digole. O ne a leleka badimona a bo a fodisa malwetsi a mefuta yotlhe. Jesu o ne a tsosa baswi gore ba tshele ka maatla a Modimo.—Mathaio 9:32-35; 15:30, 31; Luke 7:11-15.

Go na le gore Modimo o re bolelele maaka go re tsietsa, o re bolelela boammaaruri ka metlha. Ga a ke a raela ope.—Dipalō 23:19.

Tila Ditiro Tse Di Maswe

Fela jaaka bobi jwa segokgo bo tshwara ntsi thata, dimilione tsa batho di kgomaretse tumelabotlhodi le maaka fela jalo. Ba boifa batho ba ba suleng. Ba boifa badimona. Ba nna ba tshwenyegile gore ba tla hutsiwa, ba tshwenyegile ka botlhodi, boselamose, le dipheko. Ba golegilwe ke ditumelo le dingwao tse di thailweng mo maakeng a ga Satane Diabolo. Ga go na sepe sa dilo tseo seo se tshwereng batho ba Modimo.

Jehofa o maatla tota go feta Satane. Fa o direla Jehofa o tla go sireletsa mo badimoneng. (Yakobe 4:7) Ga go ope yo o ka go hutsang ka sepe. Ka sekai, dingaka dingwe tsa boloi tse di nonofileng di le tharo tsa kwa Nigeria di ne tsa dirisa boloi gore di bolaye Mosupi mongwe wa ga Jehofa yo a neng a gana go tswa mo toropong eo. Fa boloi joo bo palelwa, ngaka nngwe ya moloi e ne ya boifa thata, e ne ya ya kwa Mosuping yoo mme ya mo kopa gore a mo utlwele botlhoko.

Baefesia ba ne ba fisa dilo tsa bone tsa boselamose ka molelo

Fa badimona ba go tlhasela, o ka bitsa Jehofa ka leina mme o tla go sireletsa. (Diane 18:10) Mme Modimo o tla go sireletsa fela fa o ikgaoganya gotlhelele le sengwe le sengwe se se amanang le tirisabadimo le kobamelo ya bodimona. Baobamedi ba Modimo ba kwa Efeso wa bogologolo ba ne ba dira fela jalo. Ba ne ba phutha dibuka tsotlhe tsa bone tsa boselamose mme ba di tshuba ka molelo. (Ditihō 19:19, 20) Batlhanka ba Modimo gompieno ba tshwanetse go dira se se tshwanang. Tlosa boselamose, megala “ya go itshireletsa,” dipheko, dibuka tsa boselamose, le sengwe le sengwe se se amanang le ditiro tsa tirisabadimo se o nang le sone.

Tsena mo Kobamelong ya Boammaaruri

Fa o batla go itumedisa Modimo, ga go a lekana fela gore o tswe mo kobamelong ya maaka le go khutla go tlhola o dira dilo tse di bosula. O tshwanetse wa nna tlhaga tota mo kobamelong ya boammaaruri. Bibela e supa se o tshwanetseng go se dira:

Tlaya kwa dipokanong tsa Bokeresete.—Bahebera 10:24, 25

Ithute Bibela.—Yohane 17:3

Rerela ba bangwe.—Mathaio 24:14

Rapela Jehofa.—Bafilipi 4:6, 7

Kolobediwa.—Ditihō 2:41

Kopanela le Basupi ba ga Jehofa

Satane le badimona ba gagwe ba na le batho bangwe mo lefatsheng bao ba rutang dilo tse di phoso mmogo le go di dira. Mme Jehofa le ene o na le batho. Ke Basupi ba ga Jehofa. (Isaia 43:10) Go na le Basupi ba ba fetang dimilione tse nnè mo lefatsheng lotlhe. Botlhe ba leka go dira dilo tse di molemo le go ruta batho boammaaruri. Mo dinageng tse dintsi, o ka kopana le bone kwa Holong ya Bogosi, koo ba tla go amogelang ka bothitho tota gone.

Tiro ya bone ke go thusa ba bangwe go direla Modimo. Ba tla ithuta le wena Bibela mo legaeng la gago, ba go thusa go ithuta kobamelo ya ga Jehofa ka tsela e e siameng. Ga o tlhoke go duelela seno. Basupi ba itumelela go ruta batho boammaaruri gonne ba rata batho ebile ba rata Jehofa Modimo.

Basupi ba ga Jehofa ba tla go thusa go direla Modimo