Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Isagwe E E Molemo go Gaisa

Isagwe E E Molemo go Gaisa

Satane le badimona ba gagwe ba tla tloga ba senngwa

Satane le badimona ba gagwe ga ba tlhole ba tla tsietsa batho ka lobaka lo loleele. Jehofa o setse a ba ntshitse kwa legodimong. (Tshenolō 12:9) Mo isagweng e e fa gaufi, Modimo o tla tsaya kgato gape kgatlhanong le Satane le badimona ba gagwe. Moaposetoloi Johane o ne a bolela jaana mo ponatshegelong e e tswang kwa Modimong: “Me ka bōna moengele moñwe a hologa mo legodimoñ, me ka seatla a chotse sekopololō sa molete o o senañ bolekeleco, le ketane e kgolo. Me a chwara kgōgèla, nōga ea bogologolo, e e leñ Diabolo le Satane, me a mo golega kgolegō ea dinyaga di le makgolo a le shomè. Me a mo latlhèla mo moletiñ o o senañ bolekeleco, me a o cwala, a ba a o kana mo godimo ga gagwè, gore a se ka a tlhōla a tsietsa merahe, go tsamaea dinyaga tse di makgolo a leshomè di heta pele.” (Tshenolō 20:1-3) Moragonyana, Diabolo le badimona ba gagwe ba tla senyediwa ruri.—Tshenolō 20:10.

Batho ba ba bosula mo lefatsheng le bone ba tla senngwa.—Pesalema 37:9, 10; Luke 13:5.

Baswi Ba Tla Tshela Gape!

Baswi ba tla tsoga gape go tla go tshela mo lefatsheng

Fa Satane le badimona ba gagwe ba sena go bolawa, Jehofa o tla leretse batho masego a mantsi. O tla gakologelwa gore batho ba ba suleng ga ba tshele, ga ba yo. Jesu o ne a tshwantsha loso le boroko—boroko jo o ka se kang wa kgona le go lora mo go jone. (Yohane 11:11-14) O ne a dira seo gonne a ne a itse gore nako ya gore bao ba robetseng mo losong ba tsosiwe e tla tla. “Lobaka loè tla, lo botlhe ba ba mo diphupuñ ba tla utlwañ lencwe ya gagwè ka lōna, Me ba tla cwa.”—Yohane 5:28, 29; bapisa Ditihō 24:15.

Ba tla tsosiwa gore ba tle go tshela mo lefatsheng. Go na le gore go tlhole go itsisiwe gore batho ba sule, go tla nna le dipego tse di itumedisang tsa gore go na le ba ba tsoseditsweng mo botshelong! Abo go tla nna molemo jang ne go amogela batho ba re neng re ba rata re ba amogela go tswa mo mabitleng!