Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ketapele

Ketapele

Mmadi yo o Rategang:

A o ikutlwa o atamalane le Modimo? Batho ba le bantsi ba akanya gore seo ruri se ka se kgonege. Bangwe ba boifa gore o kgakala thata le bone; ba bangwe bone ba ikutlwa ba sa tshwanelege go ka mo atamela gotlhelele. Le fa go ntse jalo, Baebele e re kgothatsa jaana ka lorato: “Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.” (Jakobe 4:8) Tota e bile o tlhomamisetsa baobamedi ba gagwe jaana: “Nna Jehofa, Modimo wa gago, ke tshwara seatla sa gago sa moja, nna yo ke go rayang ke re, ‘O se ka wa boifa. Ke tla go thusa.’”—Isaia 41:13.

Re ka leka jang go nna le botsala jo bo atamalaneng jalo le Modimo? Mo botsaleng bope fela jo re nnang le jone, kamano eo e ikaega thata ka go itse motho yoo, go kgatlhwa ke mekgwa ya gagwe e e mo tlhaolang le go e anaanela. Ka gone, go botlhokwa thata gore re ithute dinonofo tsa Modimo le ditsela tsa gagwe tse di tlhalosiwang mo Baebeleng. Fa re akanya ka tsela e Jehofa a bontshang nngwe le nngwe ya dinonofo tsa gagwe ka yone, re bona kafa Jesu Keresete a neng a mo etsa ka botlalo ka teng mo go tsone le go tlhaloganya kafa le rona re ka nnang le tsone ka teng, seo se tla dira gore re atamalane le Modimo. Re tla bona fa Jehofa e le Molaodimogolo wa lobopo yo o tshwanelegang tota. Mo godimo ga moo, ke Rre yo rotlhe re mo tlhokang. O maatla, o na le tshiamiso, o botlhale e bile o lorato, ga a ke a latlha bana ba gagwe ba ba ikanyegang.

E kete buka eno e ka go thusa go atamalana thata le Jehofa Modimo, e go thuse go aga botsala jo bo sa khutleng le ene e le gore o mmake go ya go ile.

Bagatisi