Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 2

A Ruri o ka ‘Atamalana le Modimo’?

A Ruri o ka ‘Atamalana le Modimo’?

1, 2. (a) Ke eng se se ka utlwalang se ka se kgonege mo bathong ba le bantsi, mme gone Baebele e re tlhomamisetsa eng? (b) Aborahame o ne a nna le botsala bofe jo bogolo, mme ka ntlha yang?

 O NE o ka ikutlwa jang fa Mmopi wa legodimo le lefatshe a ne a ka bua jaana ka wena, “Yo ke tsala ya me”? Mo go ba le bantsi seno se ka utlwala se ka se kgonege. Tota e bile, motho yo o sa itekanelang a ka nna jang le botsala le Jehofa Modimo? Le fa go ntse jalo, Baebele e re tlhomamisetsa gore ruri re ka kgona go atamalana le Modimo.

2 Aborahame wa bogologolo o ne a na le botsala jo bo ntseng jalo. Jehofa o ne a bua ka tlhogo eo ya lotso a re ke “tsala ya me.” (Isaia 41:8) Ee, Jehofa o ne a tsaya Aborahame e le tsala ya gagwe e kgolo. Aborahame o ne a nna le botsala joo jo bogolo ka gonne “o ne a dumela mo go Jehofa.” (Jakobe 2:23) Le gompieno Jehofa o senka ditshono tsa go atamalana le batho ba ba mo direlang e bile o ba “bontsha lorato.” (Duteronome 10:15) Lefoko la gagwe le kgothatsa jaana: “Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.” (Jakobe 4:8) Ka mafoko ano, Modimo o a re laletsa e bile o a re solofetsa.

3. Jehofa o re laletsa go dira eng, mme ke tsholofetso efe e e amanang le seno?

3 Jehofa o re laletsa gore re mo atamele. O a rata e bile o ipaakanyeditse go re amogela gore re nne ditsala tsa gagwe. Mme gape, o re solofetsa gore fa re tsaya dikgato tsa go mo atamela, le ene o tla dira se se tshwanang. O tla re atamela. Ka gone, re ka kgona go nna le sengwe se ruri se leng botlhokwa thata—‘go tsalana le Jehofa.’ (Pesalema 25:14) Mafoko a a reng ‘go tsalana,’ a naya kgopolo ya go bua diphiri le tsala e o ntshanang seinong le yone.

4. O ka tlhalosa jang tsala e o ntshanang seinong le yone, mme Jehofa o itshupa jang gore ke tsala e e ntseng jalo mo go ba ba mo atamelang?

4 A o na le tsala e o atamalaneng thata le yone e o ka e bulelang mafatlha? Tsala e e ntseng jalo ke e e amegang ka wena. O a mo tshepa ka gonne a itshupile a ikanyega. Boipelo jwa gago bo a oketsega fa o mmolelela dilo tse di go itumedisang. Tsela e a go reetsang ka go go tlhomogela pelo ka yone e dira gore o ikutlwe botoka fa o mmolelela mahutsana a gago. O a go tlhaloganya tota le fa go se ope yo o go tlhaloganyang. Ka tsela e e tshwanang, fa o atamalana le Modimo, o nna le Tsala e kgolo e ruri e go tsayang o le botlhokwa, e e amegang thata ka wena le e e go tlhaloganyang ka botlalo. (Pesalema 103:14; 1 Petere 5:7) O mo tshepa ka maikutlo otlhe a gago ka gonne o itse gore o a ikanyega mo go ba ba ikanyegang mo go ene. (Pesalema 18:25) Le fa go ntse jalo, re kgona go nna le tshiamelo eo ya go tsalana le Modimo fela ka gonne o dirile gore seo se kgonege.

Jehofa o Butse Tsela

5. Jehofa o ne a dira eng go re thusa go mo atamela?

5 Rona baleofi re ne re ka se ka ra kgona go atamalana le Modimo ka borona fela. (Pesalema 5:4) Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Mme Modimo o ne a bontsha gore o a re rata ka gonne fa re ne re sa ntse re le baleofi, Keresete o ne a re swela.” (Baroma 5:8) Ee, Jehofa o ne a rulaganya gore Jesu ‘a ntshe botshelo jwa gagwe gore a rekolole ba le bantsi.’ (Mathaio 20:28) Tumelo ya rona mo setlhabelong seo sa thekololo e dira gore re kgone go atamalana le Modimo. E re ka Modimo “a re ratile pele,” o ne a re thaela motheo wa go re thusa go nna le botsala le ene.—1 Johane 4:19.

6, 7. (a) Re itse jang gore Jehofa ga se Modimo yo o fitlhegileng yo o ka se itsiweng? (b) Jehofa o re itshenoletse ka ditsela dife?

6 Jehofa o tsere kgato e nngwe gape: O re itshenoletse. Mo kamanong epe fela, go atamalana go ikaegile ka go itse motho sentle, o tseela dinonofo le ditsela tsa gagwe kwa godimo. Ka jalo, fa Jehofa e ka bo e le Modimo yo o fitlhegileng, yo o ka se itsiweng, re ne re se kitla re atamalana le ene. Le fa go ntse jalo, go na le gore a re iphitlhele, o batla gore re mo itse. (Isaia 45:19) Mo godimo ga moo, dilo tse a re senolelang tsone ka ga gagwe, di ka bonwa ke batho botlhe, tota le rona ba re ka tswang re tseelwa kwa tlase go ya kafa lefatshe le lebang dilo ka teng.—Mathaio 11:25.

Jehofa o re itshenoletse ka popo le ka Lefoko la gagwe le le kwadilweng

7 Jehofa o re itshenoletse jang? Dilo tse a di bopileng di re ruta dilo dingwe ka botho jwa gagwe—bogolo jwa maatla a gagwe, botlhale jwa gagwe jo bo gakgamatsang le lorato lwa gagwe lo logolo. (Baroma 1:20) Mme Jehofa ga a re itshenolela fela ka dilo tse a di bopileng. E re ka e le Mosedimosetsi yo Mogolo ka dinako tsotlhe, o re itshenoletse le ka Lefoko la gagwe le le kwadilweng, e leng Baebele.

Kafa Jehofa a re Itshenolelang ka Gone mo Lefokong la Gagwe

8. Ke eng fa go ka twe Baebele ka boyone ke bosupi jwa gore Jehofa o a re rata?

8 Baebele ka boyone ke bosupi jwa gore Jehofa o a re rata. Mo Lefokong la gagwe o re itshenolela ka mafoko a re ka kgonang go a tlhaloganya—e leng se se sa bontsheng fela gore o a re rata mme gape le gore o batla gore re mo itse le go mo rata. Se re se balang mo bukeng eno e e molemolemo se re thusa go atamalana le ene. (Pesalema 1:1-3) A re sekasekeng dingwe tsa ditsela tse di itumedisang tse Jehofa a re itshenolelang ka tsone mo Lefokong la gagwe.

9. Dingwe tsa dikai tse di mo Baebeleng tsa mafoko a go tlhalosiwang dinonofo tsa Modimo ka tlhamalalo ka one ke dife?

9 Dikwalo di na le mafoko a mantsi a a tlhamaletseng a a tlhalosang dinonofo tsa Modimo. Ela tlhoko dikai dingwe. “Jehofa o rata tshiamiso.” (Pesalema 37:28) Modimo o na le “maatla a magolo.” (Jobe 37:23) “‘Ke a ikanyega,’ go bua Jehofa.” (Jeremia 3:12) “O botlhale.” (Jobe 9:4) Ke “Modimo yo o kutlwelobotlhoko le yo o pelotlhomogi, yo o sa galefeng ka bonako le yo o nang le lorato lo logolo lo lo sa kgaotseng le boammaaruri.” (Ekesodo 34:6) “O molemo Jehofa e bile o ikemiseditse go itshwarela.” (Pesalema 86:5) Mme jaaka fa go umakilwe mo kgaolong e e fetileng, nonofo nngwe ya gagwe e di feta tsotlhe: “Modimo ke lorato.” (1 Johane 4:8) Fa o akanya ka dinonofo tseno tse di molemo, a seno ga se dire gore o ikutlwe o atamalana thata le Modimo yono yo o sa tshwaneng le ope?

10, 11. (a) Jehofa o ile a akaretsa eng gape mo Lefokong la gagwe go re thusa go bona botho jwa gagwe sentle? (b) Ke sekai sefe sa Baebele se se re thusang go bona ka leitlho la mogopolo tsela e Modimo a dirisang maatla a gagwe ka yone?

10 Mo godimo ga gore Jehofa a re bolelele dinonofo tsa gagwe, ka lorato o dirile gore mo Lefokong la gagwe go akarediwe le dikai tse di bonalang sentle tsa kafa a ileng a bontsha dinonofo tseno ka teng. Dipego tse di ntseng jalo di re thusa go bona sentle ka leitlho la mogopolo dikarolo tse di farologaneng tsa botho jwa gagwe. Mme seo se dira gore re atamalane le ene. Akanya ka sekai sengwe.

Baebele e re thusa go atamalana le Jehofa

11 Go bala fela gore Modimo o na le “nonofo e kgolo,” ke sengwe se sele. (Isaia 40:26) Mme gone, seo se utlwala botoka thata fa o bala ka tiragalo ya kafa a neng a namola Iseraele ka teng kwa Lewatleng le Lehibidu go tswa foo a bo a tlamela setšhaba seo mo nageng ka dingwaga di le 40. O ka bona ka leitlho la mogopolo jaaka fa metsi a ne a kgaogana ka bogare. O ka bona jaaka fa setšhaba seo—gongwe ba le 3 000 000—se gwanta mo boalong jwa lewatle jo bo omileng, metsi a a gatsetseng a itirile dipota tse dikgolo mo matlhakoreng oomabedi. (Ekesodo 14:21; 15:8) O ka kgona go bona bosupi jwa kafa Modimo a neng a ba sireletsa ka teng mo sekakeng. Metsi a ne a pumpunyega go tswa mo lefikeng. Dijo tse e keteng ke peo e tshweu di ne di bonala fa fatshe. (Ekesodo 16:31; Dipalo 20:11) Fano Jehofa ga a bontshe fela gore o na le maatla, mme gape o bontsha gore o kgona go a dirisa go thusa batho ba gagwe. A ga go kgothatse go itse gore fa re rapela, dithapelo tsa rona di ya kwa Modimong yo o maatla yo e leng “botshabelo le nonofo ya rona, thuso e e bonwang motlhofo ka dinako tsa matshwenyego”?—Pesalema 46:1.

12. Jehofa o re thusa jang ka mafoko a re ka a tlhaloganyang gore re kgone go “mmona”?

12 Jehofa, yo e leng Moya, o dirile sengwe se se fetang seo go re thusa go mo itse. Rona batho ga re kgone go bona dilo tsa semoya ka gonne re kgona go bona fela dilo tse di bonwang ka matlho. Fa Modimo a ne a ka re itlhalosetsa ka mafoko a semoya go ne go tla tshwana le go leka go tlhalosetsa motho yo o tsetsweng e le sefofu dipopego tsa rona tse di jaaka mmala wa matlho kana marontho a a mo letlalong la rona. Go na le moo, ka bopelonomi Jehofa o dirisa mafoko a re ka a tlhaloganyang go re thusa go “mmona.” Ka dinako tse dingwe o dirisa mafoko a tshwantshiso le a tshwantshanyo, a itshwantsha le dilo tse re di itseng. Tota e bile o itlhalosa a na le dilo dingwe tse batho ba nang le tsone. a

13. Isaia 40:11 e dirisa setshwantsho sefe, mme se go ama jang?

13 Ela tlhoko tsela eno e Jehofa a tlhalosiwang ka yone mo go Isaia 40:11: “O tla tlhokomela letsomane la gagwe fela jaaka modisa. O tla phutha dikwanyana mmogo ka lebogo la gagwe, e bile o tla di tshola mo sehubeng sa gagwe.” Fano Jehofa o tshwantshiwa le modisa yo o tsholetsang dikwanyana ka “lebogo la gagwe.” Seno se tlhalosa tsela e Modimo a kgonang go sireletsa batho ba gagwe le go ba ema nokeng ka yone, tota le ba ba ka tlhaselwang motlhofo. Re ka ikutlwa re babalesegile mo mabogong a gagwe a a nonofileng ka gonne fa re ikanyega mo go ene, le ka motlha ga a kitla a re latlha. (Baroma 8:38, 39) Modisa yono yo Mogolo o sikara dikwanyana “mo sehubeng sa gagwe”—mafoko a a kayang memeno e e lepeletseng ya seaparo sa fa godimo, e ka dinako tse dingwe modisa a neng a tle a e dirise go tshola kwanyana e e sa tswang go tsalwa ka yone. Ka gone re tlhomamisediwa gore Jehofa o a re rata e bile o a re neneketsa. Seno se dira gore re batle go atamalana le ene.

‘Morwa o Ikemiseditse go Ruta Batho ka Rara’

14. Ke eng fa go ka twe Jehofa o re itshenolela ka tsela e e utlwalang sentle a dirisa Jesu?

14 Jehofa o re itshenolela ka tsela e e utlwalang sentle mo Lefokong la gagwe a dirisa Morwawe yo o rategang, e bong Jesu. Ga go ope yo o neng a ka kgona go bontsha tsela ya Modimo ya go akanya kana maikutlo a gagwe kana go Mo tlhalosa ka tsela e e utlwalang sentle go gaisa kafa Jesu a dirileng ka teng. Kana e bile, Morwa yoo wa motsalwapele o ne a ntse a tshela le Rraagwe nako e telele pele ga baengele ba bangwe le lobopo lo re lo bonang di bopiwa. (Bakolosa 1:15) Jesu o ne a itse Jehofa ka botlalo. Ke gone ka moo a neng a ka re: “Ga go na ope yo o nkitseng ntle le Rara, e bile ga go na ope yo o itseng Rara ntle le nna le ope fela yo ke mo rutang ka Rara.” (Luke 10:22) Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng o ne a senola Rraagwe ka ditsela tse pedi tse di botlhokwa.

15, 16. Jesu o ne a senola Rraagwe ka ditsela dife tse pedi?

15 Sa ntlha, dithuto tsa ga Jesu di re thusa go itse Rraagwe. Jesu o ile a tlhalosa Jehofa ka tsela e e re amang pelo. Ka sekai, fa Jesu a ne a tlhalosa gore Modimo o kutlwelobotlhoko e bile o itshwarela baleofi ba ba ikwatlhaileng, o ne a tshwantsha Jehofa le rre yo o itshwarelang yo o amiwang pelo thata ke go bona morwawe wa sesenyi a boela gae mo a ileng a mo tabogela mme a mo tlamparela a bo a mo suna. (Luke 15:11-24) Jesu gape o ne a tlhalosa Jehofa e le Modimo yo o ‘gogelang’ batho ba ba molemo kwa go ene ka gonne a rata mongwe le mongwe wa bone. (Johane 6:44) Tota o ela tlhoko le thaganyana e nnye fa e wela fa fatshe. Jesu o ne a tlhalosa jaana: “Se boifeng: lo botlhokwa go feta dithaga tse dintsi.” (Mathaio 10:29, 31) Ruri re ikutlwa re rata go atamalana le Modimo yo o ntseng jalo yo o lorato.

16 Sa bobedi, sekao sa ga Jesu se re bontsha kafa Jehofa a leng ka teng. Jesu o ne a etsa Rraagwe ka botlalo mo a neng a ka re: “Ope fela yo o mponeng o bone le Rara.” (Johane 14:9) Ka gone, fa re bala mo Diefangeleng kaga Jesu—maikutlo a a neng a na le one le tsela e a neng a tshwara batho ba bangwe ka yone—totatota re a bo re bontshiwa sentle kafa Rraagwe a leng ka teng. Jehofa o ne a ka se ka a re senolela dinonofo tsa gagwe ka tsela e e fetang eo. Ka ntlha yang?

17. Tshwantsha kafa Jehofa a re thusitseng ka teng go tlhaloganya gore o ntse jang.

17 Re ka tshwantsha jaana: Akanya o leka go tlhalosa gore bopelonomi ke eng. O ka nna wa bo tlhalosa ka mafoko. Mme gone fa o ka supa mongwe a dira tiro ya bopelonomi o bo o re: “Fa go twe motho o pelonomi go a bo go tewa jaana,” motho o tla itse bokao jwa lefoko “bopelonomi” sentle e bile go tla nna motlhofo go le tlhaloganya. Jehofa o dirile selo se se ntseng jalo go re thusa go tlhaloganya kafa a leng ka teng. Mo godimo ga go re itlhalosetsa ka mafoko, o re neile le sekao se se bonalang sentle sa Morwawe. Re kgona go bona dinonofo tsa Modimo ka botlalo mo go Jesu. Tota re ka re, ka dipego tsa Diefangele tse di tlhalosang Jesu, Jehofa a re: “Ke ntse jaana.” Pego e e tlhotlheleditsweng e tlhalosa Jesu jang fa a ne a sa ntse a le mo lefatsheng?

18. Jesu o ne a bontsha jang maatla, tshiamiso le botlhale?

18 Dinonofo tsa Modimo tse nnê tsa konokono di ne tsa senoga sentle mo go Jesu. O ne a na le maatla a go laola malwetse, tlala, tota le loso. Le fa go ntse jalo, o ne a sa tshwane le batho ba ba bogagapa ba ba sa diriseng maatla a bone sentle, o ne a se ke a dirisa maatla a gagwe a go dira dikgakgamatso gore a solegele ene molemo kana go a dirisa go utlwisa batho ba bangwe botlhoko. (Mathaio 4:2-4) O ne a rata tshiamiso. O ne a galefa ka tsela e e tshwanetseng fa a ne a bona baananyi ba ba boferefere ba tsietsa batho. (Mathaio 21:12, 13) O ne a sa gobelele bahumanegi le batho ba ba gateletsweng, mme o ne a ba thusa gore ba ‘lapologelwe.’ (Mathaio 11:4, 5, 28-30) Dithuto tsa ga Jesu, yo o neng a ‘feta Solomone,’ di ne di na le botlhale jo bo sa tshwaneng le bope. (Mathaio 12:42) Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a se ke a itlotlomatsa ka botlhale jwa gagwe. Mafoko a gagwe a ne a ama dipelo tsa batho ba e seng ba maemo, ka gonne dithuto tsa gagwe di ne di utlwala sentle, di le motlhofo e bile di thusa.

19, 20. (a) Jesu e ne e le sekao sa lorato se se sa tshwaneng le sepe ka tsela efe? (b) Fa re ntse re bala le go akanya ka sekao sa ga Jesu, ga re a tshwanela go lebala eng?

19 Jesu e ne e le sekao se se sa tshwaneng le sepe sa lorato. Mo nakong yotlhe ya bodiredi jwa gagwe o ne a bontsha lorato ka ditsela tse dintsi, go akaretsa le ka go tlhomogela batho pelo le go ba utlwela botlhoko. E ne e re fa a bona batho ba sotlega a ba tlhomogele pelo. Gangwe le gape go ba tlhomogela pelo jalo go ne go dira gore a ba direle sengwe. (Mathaio 14:14) Le fa Jesu a ne a fodisa balwetse le go fepa ba ba tshwerweng ke tlala, o ne a bontsha kutlwelobotlhoko ka tsela e e botlhokwa go feta eo. O ne a thusa batho ba bangwe go itse, go dumela le go rata boammaaruri kaga Bogosi jwa Modimo, jo bo tla tlisetsang batho masego a a nnetseng ruri. (Mareko 6:34; Luke 4:43) Mo godimo ga tseno tsotlhe, Jesu o ne a bontsha lorato lwa go intsha setlhabelo ka go dumela gore a ntshe botshelo jwa gagwe mo boemong jwa batho ba bangwe.—Johane 15:13.

20 Ka gone, ga go gakgamatse go bo batho ba dingwaga tsotlhe le ba maemo otlhe ba ne ba ikutlwa ba atamalane thata le monna yono yo o lorato le yo o amegang ka batho. (Mareko 10:13-16) Le fa go ntse jalo, fa re ntse re bala kaga sekao se se molemo sa ga Jesu le go akanya ka sone, a le ka motlha re se lebaleng gore tota Morwa yono o re bontsha sentle kafa Rraagwe a leng ka teng.—Bahebera 1:3.

Sedirisiwa sa go Ithuta Se se Ka re Thusang

21, 22. Go batla Jehofa go akaretsa eng, mme sedirisiwa seno sa go ithuta se na le eng se se ka re thusang go dira jalo?

21 Tsela e Jehofa a re itshenolelang ka phepafalo ka yone mo Lefokong la gagwe e bontsha sentle gore o batla gore re atamalane le ene. Ka fa letlhakoreng le lengwe, ga a re pateletse gore re nne le botsala jo bo molemo le ene. Ke rona re tshwanetseng ra batla Jehofa “a sa ntse a ka bonwa.” (Isaia 55:6) Go batla Jehofa go akaretsa gore re itse dinonofo le ditsela tsa gagwe go ya kafa di senotsweng ka teng mo Baebeleng. Sedirisiwa seno sa go ithuta se gone jaanong o se balang se diretswe go go thusa go dira jalo.

22 O tla ela tlhoko gore buka eno e kgaogantswe ka dikarolo tse di tsamaelanang le dinonofo tse nnê tsa konokono tsa ga Jehofa: maatla, tshiamiso, botlhale le lorato. Karolo nngwe le nngwe e simolola ka go tlhalosa nonofo eo ka bokhutshwane. Dikgaolo di le mmalwa tse di latelang di tlhalosa kafa Jehofa a bontshitseng nonofo eo ka teng ka ditsela tse di farologaneng. Gape karolo nngwe le nngwe e na le kgaolo e e bontshang kafa Jesu a ileng a bontsha nonofo eo ka teng le kgaolo e e tlhalosang kafa rona re ka e bontshang ka teng mo botshelong jwa rona.

23, 24. (a) Tlhalosa karolo e e kgethegileng e e reng “Dipotso Tsa go Tlhatlhanya.” (b) Go tlhatlhanya go re thusa go atamalana le Modimo jang?

23 Go simolola ka kgaolo eno, go na le karolo e e kgethegileng ya setlhogo se se reng “Dipotso Tsa go Tlhatlhanya.” Ka sekai, bona  lebokoso le le mo go tsebe 24. Ditemana le dipotso tsa teng ga di a direlwa go nna poeletso ya dintlha tsa kgaolo. Go na le moo, di diretswe go go thusa go akanya ka dintlha tse dingwe tse di botlhokwa tsa kgang e go tlotlwang ka yone. O ka dirisa karolo eo jang ka tsela e e molemo? Leba lengwe le lengwe la makwalo a a umakilweng mme o bo o bala ditemana tseo ka kelotlhoko. Go tswa foo o sekaseke potso e e tsamaelanang le lokwalo longwe le longwe. Akanya thata ka dikarabo tseo. O ka nna wa dira le dipatlisiso. Ipotse dipotso tse dingwe tse di jaaka: ‘Tshedimosetso eno e mpolelela eng ka Jehofa? E ama botshelo jwa me jang? Nka e dirisa jang go thusa batho ba bangwe?’

24 Go tlhatlhanya jalo go ka re thusa go atamalana thata le Jehofa. Ka ntlha yang? Baebele e amanya go tlhatlhanya le pelo. (Pesalema 19:14) Fa re akanya se re ithutang sone ka Modimo ka kanaanelo, tshedimosetso eo e nwelelela mo dipelong tsa rona tsa tshwantshetso, e bo e tlhotlheletsa maikutlo a rona mme kgabagare e re tlhotlheletse go tsaya kgato. Lorato lwa rona ka Modimo lo tla gola, mme lorato loo lo tla re tlhotlheletsa go batla go mo itumedisa e re ka e le Tsala ya rona e kgolo. (1 Johane 5:3) Gore re nne le botsala jo bo ntseng jalo re tshwanetse ra itse dinonofo tsa ga Jehofa le ditsela tsa gagwe. Le fa go ntse jalo, mma pele re tlotle ka karolo nngwe ya botho jwa Modimo e e re tlhotlheletsang gore re batle go atamalana le ene—go nna boitshepo ga gagwe.

a Ka sekai, Baebele e bua ka sefatlhego, matlho, ditsebe, dinko, molomo, matsogo le maoto a Modimo. (Pesalema 18:15; 27:8; 44:3; Isaia 60:13; Mathaio 4:4; 1 Petere 3:12) Mafoko ano a a tshwantshetsang ga a tshwanela go tsewa fela jaaka a ntse, fela jaaka go ntse le ka mafoko a a dirisiwang go tlhalosa Jehofa a a jaaka “Lefika” kana “thebe.”—Duteronome 32:4; Pesalema 84:11.