Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 3

“O Boitshepo, o Boitshepo, o Boitshepo Jehofa”

“O Boitshepo, o Boitshepo, o Boitshepo Jehofa”

1, 2. Moporofeti Isaia o ne a newa ponatshegelo efe, mme e re ruta eng ka Jehofa?

 ISAIA o ne a gamaregisitswe ke se a se bonang—ponatshegelo e e tswang kwa Modimong. E ne e kete ke selo sa mmatota! Moragonyana Isaia o ne a bolela gore o ne a “bona Jehofa” a le mo setulong sa Gagwe se segolo sa bogosi. Meja ya seaparo sa ga Jehofa se se tsharologileng e ne e tletse ka tempele e kgolo ya Jerusalema.—Isaia 6:1, 2.

2 Isaia o ne a gamaregisiwa le ke se a neng a se utlwa—kopelo e e maatla mo e neng ya reketlisa tempele go fitlha kwa motheong wa yone. Pina eo e ne e opelwa ke boserafe, e leng baengele ba maemo a a kwa godimo thata. Modumo o mogolo wa pina ya bone e e monate o ne o na le molaetsa ono o o botlhokwa: “O boitshepo, o boitshepo, o boitshepo Jehofa wa masomosomo. Lefatshe lotlhe le tletse kgalalelo ya gagwe.” (Isaia 6:3, 4) Go opela lefoko “boitshepo” gararo go ne go le gatelela ka tsela e e kgethegileng, e bile seo se a tshwanela ka gonne Jehofa o boitshepo ka tsela e e sa lekaneng le epe. (Tshenolo 4:8) Go nna boitshepo ga ga Jehofa go gatelelwa thata mo Baebeleng yotlhe. Ditemana di le makgolokgolo di amanya leina la gagwe le lefoko “boitshepo.”

3. Tsela e e phoso e batho ba tsayang go nna boitshepo ga ga Jehofa ka yone e dira jang gore batho ba le bantsi ba katoge Modimo go na le go mo atamela?

3 Ga go pelaelo he gore sengwe sa dilo tsa botlhokwa tse Jehofa a batlang re di tlhaloganya ka ene ke gore o boitshepo. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi gompieno ba kgobiwa marapo ke yone kgang eno. Bangwe ka phoso ba amanya boitshepo le go nna tshiamo bobe kana le boineelo jwa maaka. Batho ba ba nang le bothata jwa go itseela kwa tlase ba ka tsaya go nna boitshepo ga Modimo e le selo se se tshosang e seng se se kgatlhang. Ba ka nna ba akanya gore ba ka se ka ba tshwanelega go atamalana le Modimo yono yo o boitshepo. Ka gone, batho ba le bantsi ba katoga Modimo ka ntlha ya go nna boitshepo ga gagwe. Seno se utlwisa botlhoko ka gonne tota go nna boitshepo ga Modimo ke selo se se tshwanetseng go re atamalanya le ene. Ka ntlha yang? Pele ga re araba potso eo, a re sekaseke gore boitshepo jwa boammaaruri ke eng.

Boitshepo ke Eng?

4, 5. (a) “Boitshepo” bo kaya eng, mme ga bo kaye eng? (b) Jehofa o “tlhaolegile” ka ditsela dife tse pedi tsa botlhokwa?

4 Kgang ya go bo Modimo a le boitshepo ga e bolele gore o itseela kwa godimo, o a ikgogomosa kana gore o tseela batho ba bangwe kwa tlase. Go na le moo, ga a rate mekgwa e e ntseng jalo. (Diane 16:5; Jakobe 4:6) Ka gone, totatota lefoko “boitshepo” le kaya eng? Go ya ka Sehebera sa Baebele, lefoko leno le tserwe mo lefokong le le kayang “go tlhaolega.” Mo kobamelong “boitshepo” bo kaya selo se se tlhaolegileng mo go tse di tlwaelegileng, kana se se tlhaoletsweng kobamelo. Gape boitshepo bo naya kgopolo ya go nna phepa kana go itsheka. Lefoko leno le amana jang le Jehofa? A go raya gore o “tlhaolegile” mo bathong ba ba sa itekanelang, o kgakala thata le rona?

5 Nnyaa le e seng. E re ka Jehofa e le “Modimo yo o Boitshepo wa Iseraele,” o ne a tlhomamisetsa batho ba gagwe gore o ne a nna “mo gare” ga bone, le fa ba ne ba mo leofela. (Isaia 12:6; Hosea 11:9) Ka gone go nna boitshepo ga gagwe ga go mo dire gore a katoge batho. Mme he, o “tlhaolegile” ka tsela efe? Ka ditsela tse pedi tse di botlhokwa. Ya ntlha, o tlhaolegile mo popong yotlhe ka gonne e le ene fela yo e leng Mogodimodimo. O boitsheko e bile o phepa ka botlalo le ka tsela e e se nang selekanyo. (Pesalema 40:5; 83:18) Ya bobedi, Jehofa o tlhaolegile ka botlalo mo boleong jotlhe, mme seo se a kgothatsa. Ka ntlha yang?

6. Ke eng fa re ka kgothadiwa ke go bo Jehofa a tlhaolegile ka botlalo mo boleong?

6 Re tshela mo lefatsheng le mo go lone boitshepo jwa boammaaruri bo bonwang sewelo. Sengwe le sengwe se se dirwang ke batho ba ba fularetseng Modimo se leswafetse ka tsela nngwe, se leswafaditswe ke boleo le bosaitekanelang. Rotlhe re tshwanelwa ke go lwa le boleo jo bo mo go rona. Mme rotlhe re mo kotsing ya go fenngwa ke boleo fa re ka se nne kelotlhoko. (Baroma 7:15-25; 1 Bakorintha 10:12) Jehofa ene ga a mo kotsing e e ntseng jalo. E re ka a le kgakala le go nna le boleo, a ka se ka a leswafadiwa ka gope le ke tlhasenyana fela ya boleo. Seno se re tlhatswa pelo gore ruri Jehofa ke Rre yo o molemo, ka gonne seno se kaya gore o ikanyega ka botlalo. Jehofa ga a tshwane le bontsi jwa borre ba batho ba baleofi, a ka se ka a nna leferefere, a ka se ka a nna boikepo kana a nna setlhogo. Go nna boitshepo ga gagwe go dira gore go se ka ga kgonega gore a nne sepe sa dilo tseno. Ka dinako tse dingwe Jehofa o ile a ba a ikana ka go nna boitshepo ga gagwe, ka gonne go ne go se na sepe se se neng se ka ikanyega go feta seo. (Amose 4:2) A seno ga se kgothatse?

7. Ke eng fa go ka twe go nna boitshepo go mo dikarolong tsotlhe tsa botho jwa ga Jehofa?

7 Go nna boitshepo ke selo se e leng karolo ya botho jwa ga Jehofa. Seo se kaya eng? Re ka tshwantsha jaana: Akanya ka lefoko “motho” le lefoko “bosaitekanelang.” O ka se ka wa kgona go tlhalosa motho kwantle ga go akaretsa le gore ga a itekanela. Go sa itekanelang go mo mading a rona mme go ama sengwe le sengwe se re se dirang. Jaanong akanya ka mafoko a mabedi a a farologaneng le ano gotlhelele—“Jehofa” le “boitshepo.” Go nna boitshepo go mo dikarolong tsotlhe tsa botho jwa ga Jehofa. Sengwe le sengwe se se amanang le ene se phepa, se boitsheko e bile se siame. Re ka se ka ra kgona go itse Jehofa sentle fa re sa tlhaloganye ka botlalo lefoko leno le le botlhokwa—“boitshepo.”

“Jehofa o Boitshepo”

8, 9. Ke eng se se bontshang gore Jehofa o thusa batho ba ba sa itekanelang gore ba nne boitshepo ka selekanyo se se rileng?

8 E re ka Jehofa a le boitshepo ka botlalo, go ka buiwa ka tshwanelo ga twe ke ene motswedi wa boitshepo jotlhe. Ga a time batho nonofo eno ya gagwe e e botlhokwa; o e abela batho ba bangwe, mme o dira jalo ka bopelotshweu. Ebu, fa Modimo a ne a bua le Moshe a dirisa moengele fa setlhatshaneng sele se se neng se tuka, tota le mmu o o foo o ne wa nna boitshepo ka ntlha ya go amana ga one le Jehofa!—Ekesodo 3:5.

9 A batho ba ba sa itekanelang ba ka nna boitshepo ka thuso ya ga Jehofa? Ee, ka selekanyo se se rileng. Modimo o ne a abela batho ba gagwe ba Iseraele tsholofelo ya go nna ‘setšhaba se se boitshepo.’ (Ekesodo 19:6) O ne a segofatsa setšhaba seo ka go se tlhomela thulaganyo ya kobamelo e e boitshepo, e e phepa le e e itshekileng. Ka gone go nna boitshepo ke kgang e e boaboelediwang mo Molaong wa ga Moshe. Tota e bile, moperesiti yo mogolo o ne a rwala papetlana ya gouta ka kwa pele mo sethathelelatlhogong sa gagwe se batho botlhe ba neng ba ka se bona se phatsima mo leseding. Mo go sone go ne go gabilwe mafoko a a reng: “Jehofa o Boitshepo.” (Ekesodo 28:36) Ka gone, bophepa le boitsheko jwa maemo a a kwa godimo e ne e le tsone dilo tse di neng di tshwanetse go tlhaola kobamelo ya bone, tota le tsela ya bone ya botshelo. Jehofa o ne a ba reile a re: “Lo nne boitshepo ka gonne nna Jehofa, Modimo wa lona, ke boitshepo.” (Lefitiko 19:2) Fa fela Baiseraele ba ne ba tshela go ya ka kgakololo ya Modimo kafa batho ba ba sa itekanelang ba ka kgonang ka teng, ba ne ba tla nna ba le boitshepo ka selekanyo se se rileng.

10. Ke pharologano efe e e neng e le teng gareng ga Baiseraele ba bogologolo le ditšhaba tse di neng di ba dikologile malebana le go nna boitshepo?

10 Tsela eno e go neng go gatelelwa boitshepo ka yone e ne e farologane thata le kobamelo ya ditšhaba tse di neng di dikologile Iseraele. Ditšhaba tseo tsa baheitane di ne di obamela medimo e ka boyone e neng e le ya maaka le ya boitimokanyi, medimo e e neng e le ya thubakanyo, bogagapa le boitsholo jo bo leswe. Ba ne ba tlhaela boitshepo ka ditsela tsotlhe. Kobamelo ya medimo e e ntseng jalo e ne e dira gore batho ba se ka ba nna boitshepo. Ka gone, Jehofa o ne a tlhagisa batlhanka ba gagwe gore ba itlhaole mo baobameding bao ba baheitane le mo mekgweng ya bone e e leswe ya bodumedi.—Lefitiko 18:24-28; 1 Dikgosi 11:1, 2.

11. Boitshepo jwa karolo e e kwa legodimong ya phuthego ya ga Jehofa bo bonala jang (a) mo baengeleng? (b) mo go boserafe? (c) mo go Jesu?

11 Tota le fa Baiseraele ba ne ba leka ka natla go nna boitshepo, ba ne ba se kgone go nna boitshepo ka tsela e e tshwanang le e karolo e e kwa legodimong ya phuthego ya Modimo e leng boitshepo ka yone. Dimilione tsa dibopiwa tsa moya tse di direlang Modimo ka boikanyegi di bidiwa gore ke “baengele ba ba boitshepo ba le bantsintsi.” (Duteronome 33:2; Jude 14) Di bontsha sentle bontle jo bo phatsimang le jo bo itshekileng jwa boitshepo jwa Modimo. Gopola boserafe ba Isaia a ba boneng mo ponatshegelong. Mafoko a pina ya bone a bontsha gore ba dira tiro ya botlhokwa thata ya go itsise boitshepo jwa ga Jehofa mo lobopong lotlhe. Le fa go ntse jalo, go na le moengele yo o fetang ba bangwe botlhe—Morwa wa Modimo yo o tshotsweng a le esi. Jesu o bontsha kafa Jehofa a leng boitshepo ka gone ka tsela ya maemo a a kwa godimo. O bidiwa sentle go twe ke “Motlhanka yo o Boitshepo wa Modimo.”—Johane 6:68, 69.

Leina le le Boitshepo, Moya o o Boitshepo

12, 13. (a) Ke eng fa leina la Modimo le tlhalosiwa ka tshwanelo go twe le boitshepo? (b) Ke eng fa leina la Modimo le tshwanetse go tlosiwa kgobo e e mo go lone?

12 Go tweng ka leina la Modimo? Mo Kgaolong ya 1 re bone gore leina leo ga se sereto fela kana letshwao. Le emela Jehofa Modimo, go akaretsa le dinonofo tsotlhe tsa gagwe. Ke gone ka moo Baebele e re bolelelang gore ‘leina la gagwe le boitshepo.’ (Isaia 57:15) Molao wa ga Moshe o ne o laela gore motho a bolawe fa a ne a ka tlhapatsa leina la Modimo. (Lefitiko 24:16) Mme ela tlhoko se Jesu a neng a bontsha gore e tshwanetse ya nna sone se tlang pele fa re rapela: “Rraarona yo o kwa magodimong, a leina la gago le itshepisiwe.” (Mathaio 6:9) Go itshepisa sengwe go bolela go se tsaya se le boitshepo e bile se tlotlega thata. Mme gone, go ka tla jang gore selo se se boitshepotshepo jaaka leina la Modimo se tlhoke go itshepisiwa?

13 Leina le le boitshepo la Modimo le ile la tlontlololwa, la tladikiwa ka maaka e bile le ne la senngwa. Kwa Edene, Satane o ne a aka ka Jehofa mme a bolela gore Ke Molaodimogolo yo o sa siamang. (Genesise 3:1-5) Go tloga ka nako eo, Satane—yo o laolang lefatshe leno le le boikepo—o ile a tlhomamisa gore o anamisa maaka kaga Modimo. (Johane 8:44; 12:31; Tshenolo 12:9) Madumedi a dirile gore batho ba tseye Modimo e le mokgokgontshi, yo o sa amegeng kana yo o setlhogo. Ba ile ba bolela gore o ba ema nokeng mo dintweng tsa bone tse di setlhogo. Gantsi dilo tse dintle tse Modimo a di bopileng di a latolwa go twe di itlhagetse fela ka botsone. Ee, leina la Modimo le sentswe setlhogo tota. Le tshwanetse la itshepisiwa; la busediwa kgalalelo ya lone e e le tshwanetseng. Re tlhoafaletse go bona nako ya fa Jehofa a tla bo a tlosa kgobo yotlhe mo leineng la gagwe gotlhelele. O tla dira seo a dirisa Bogosi jwa gagwe jo Morwawe e leng Kgosi ya jone. Re itumelela go nna le seabe sepe fela mo boikaelelong joo jo bogolo.

14. Ke eng fa moya wa Modimo o bidiwa gore o boitshepo, mme ke eng fa go le masisi go tlhapatsa moya o o boitshepo?

14 Go na le sengwe gape se se amanang thata le Jehofa se se ka se kang sa bidiwa ka tsela epe ntle le gore go twe se boitshepo—moya wa gagwe, kana maatla a a dirang. (Genesise 1:2) Jehofa o dirisa maatla ano a a boitshegang go diragatsa maikaelelo a gagwe. Dilo tsotlhe tse Modimo a di dirang, o di dira ka tsela e e boitshepo, e e itshekileng le e e phepa, ka gone, go a tshwanela go bo maatla a gagwe a a dirang dilo ka one a bidiwa moya o o boitshepo. (Luke 11:13; Baroma 1:4) Go tlhapatsa moya o o boitshepo, e leng se se akaretsang go nna kgatlhanong le maikaelelo a ga Jehofa ka boomo, ke boleo jo motho a ka se kang a bo itshwarelwa.—Mareko 3:29.

Lebaka La go Bo Boitshepo Jwa ga Jehofa bo re Atamalanya le Ene

15. Ke eng fa re tshwanetse go boifa Jehofa ka ntlha ya go nna boitshepo ga gagwe, mme poifo e e ntseng jalo e akaretsa eng?

15 Ka gone, ga go thata go lemoga gore ke eng fa Baebele e amanya go nna boitshepo ga Modimo le kgang ya go bo batho ba tshwanetse go mmoifa. Ka sekai, Pesalema 99:3 ya re: “A ba bake leina la gago le legolo, gonne le a boitshega e bile le boitshepo.” Poifo eno e akaretsa go nna le maikutlo a magolo a go mo sisimoga, go mo tlotla ka go mo tseela kwa godimo thata. Modimo o tshwanelwa ke tlotlo e e ntseng jalo ka gonne o boitshepo ka tsela e e fetang ya rona kgakala. Jwa gagwe bo phepa thata, bo a galalela. Le fa go ntse jalo, ga bo a tshwanela go re katoganya le ene. Go na le moo, go leba boitshepo jwa Modimo ka tsela e e siameng go tla dira gore re atamalane le ene. Ka ntlha yang?

16. (a) Boitshepo bo amana jang le kgalalelo kgotsa bontle? (b) Neela sekai. Tsela e Jehofa a tlhalosiwang ka yone mo diponatshegelong e gatelela jang bophepa, boitsheko le lesedi?

16 Mme gone, Baebele e amanya go nna boitshepo le bontle. Mo go Isaia 63:15, legodimo le tlhalosiwa e le ‘lefelo le le kwa godimo le le boitshepo e bile le galalela [kgotsa “le le lentle,” ntlha e e kwa tlase].’ Kgalalelo le bontle di a kgatlha. Ka sekai, leba setshwantsho se se mo tsebeng ya 33. A setshwantsho seo ga se go kgatlhe? Ke eng se se dirang gore se kgatlhe thata jaana? Bona kafa metsi a teng a bonalang a le phepa ka teng. Tota le moya wa teng o tshwanetse wa bo o le phepa ka gonne loapi lo lobududu le lesedi la teng le lebega le phatsima. Fa sone setshwantsho seo se ne se ka fetolwa—molatswana wa teng wa tlala matlakala, ditlhare le matlapa tsa kwalwakwalwa, moya wa tlala mosi—se ne se se kitla se tlhola se re kgatlha; re ne re se kitla re rata go se leba. Ka tlwaelo re amanya bontle kgotsa kgalalelo le bophepa, boitsheko le lesedi. One mafoko ano a ka dirisiwa go tlhalosa go nna boitshepo ga ga Jehofa. Ke gone ka moo re kgatlhwang thata ke kafa Jehofa a tlhalosiwang ka teng mo diponatshegelong! A tletse lesedi, a tsabakela jaaka majana a a tlhwatlhwakgolo, a phatsima jaaka molelo kana jaaka dimetale tse di itshekileng le tse di tlhwatlhwakgolo go gaisa tsotlhe—ke kafa Modimo wa rona yo o boitshepo a leng montle kgotsa a galalelang ka teng.—Esekiele 1:25-28; Tshenolo 4:2, 3.

Fela jaaka re kgatlhwa ke bontle, le boitshepo bo tshwanetse go re kgatlha

17, 18. (a) Kwa tshimologong Isaia o ne a amiwa jang ke ponatshegelo ya gagwe? (b) Jehofa o ne a dirisa serafe jang go gomotsa Isaia, mme kgato e e tserweng ke serafe e ne e bontsha eng?

17 Le fa go ntse jalo, a go nna boitshepo ga Modimo go tshwanetse ga dira gore re ikutlwe re le batho ba maemo a a kwa tlase ga a gagwe? Ga go pelaelo gore karabo ke ee. Kana gone re batho ba maemo a a kwa tlase thata mo go Jehofa—mme tota le mafoko ano ga a kgone go tlhalosa ka botlalo kafa re leng ba maemo a a kwa tlase ga a gagwe ka teng. A go itse seno go tshwanetse ga dira gore re mo fularele? Akanya ka tsela e Isaia a ileng a tsiboga ka yone fa a ne a utlwa boserafe ba bolela fa Jehofa a le boitshepo. “Foo ke ne ka re: ‘Ijoo! Go ile fela jalo ka nna! Ruri ke tlile go swa! Ka gonne mafoko a a tswang mo molomong wa me ga a phepa, e bile ke tshela le batho ba mafoko a bone a seng phepa; gonne matlho a me a bone Kgosi, e bong Jehofa wa masomosomo ka boene.’” (Isaia 6:5) Ee, tsela e Jehofa a leng boitshepo thata ka yone e ne ya gopotsa Isaia kafa e leng moleofi e bile a sa itekanelang ka teng. Kwa tshimologong monna yoo yo o ikanyegang o ne a hutsafetse. Mme gone Jehofa ga a ka a mo tlogela a le mo seemong seo.

18 Ka bonako moporofeti yono o ne a gomodiwa ke serafe. Jang? Moengele yono yo o maatla o ne a fofela kwa sebesong mme a ntsha legala mo go sone a bo a kgoma molomo wa ga Isaia ka legala leo. Seno se ka utlwala se le botlhoko go na le go gomotsa. Mme gone, se lebale gore seno e ne e le ponatshegelo, e e tletseng ka dilo tse dintsi tsa tshwantshetso. Isaia, yo e neng e le Mojuda yo o ikanyegang, o ne a itse sentle gore go ne go ntshiwa ditlhabelo letsatsi le letsatsi kwa sebesong sa tempele gore batho ba itshwarelwe maleo. Mme ka lorato serafe o ne a gopotsa moporofeti yono gore le fa gone a ne a sa itekanela e bile ‘mafoko a a tswang mo molomong wa gagwe a se phepa,’ Modimo o ne a sa ntse a ka mo tsaya a le phepa. a Jehofa o ne a iketleeleditse go tsaya monna yono yo o sa itekanelang, wa moleofi, a le boitshepo—ka selekanyo se se rileng.—Isaia 6:6, 7.

19. Go ka kgonega jang gore re nne boitshepo ka selekanyo se se rileng le mororo re sa itekanela?

19 Go ntse fela jalo le gompieno. Ditlhabelo tsotlhe tse di neng di ntshiwa mo sebesong kwa Jerusalema e ne e le moriti fela wa sengwe se segolo—setlhabelo se se itekanetseng se se ntshitsweng ke Jesu Keresete ka 33 C.E. (Bahebera 9:11-14) Fa ruri re ikwatlhaela maleo a rona, re baakanya tsela ya rona e e phoso, re bo re bontsha go dumela mo setlhabelong seo, re a itshwarelwa. (1 Johane 2:2) Le rona re ka itumelela go tsewa re le phepa ke Modimo. Ka gone, moaposetoloi Petere o re gakolola jaana: “Go kwadilwe jaana: “Lo nne boitshepo, ka gonne ke boitshepo.” (1 Petere 1:16) Ela tlhoko gore Jehofa ga a ka a re re nne boitshepo jaaka ene. Ga a ke a re batla dilo tse re ka se kang ra di kgona. (Pesalema 103:13, 14) Go na le moo, Jehofa a re re nne boitshepo ka gonne a le boitshepo. E re ka re le “bana ba gagwe ba ba rategang,” re batla go mo etsa go ya ka selekanyo se rona batho ba ba sa itekanelang re ka se kgonang. (Baefeso 5:1) Ka gone, go nna boitshepo ke kgato e e sa kgaotseng. Fa re ntse re atamalana le Jehofa, re tla kgaratlhela go ‘nna boitshepo le go feta’ letsatsi le letsatsi.—2 Bakorintha 7:1.

20. (a) Ke eng fa go le botlhokwa go itse gore re ka kgona go nna phepa fa pele ga Modimo wa rona yo o boitshepo? (b) Isaia o ne a amiwa jang ke go itse gore o ne a itshwaretswe maleo a gagwe?

20 Jehofa o rata dilo tse di siameng le tse di itshekileng. O ila boleo. (Habakuke 1:13) Mme ga a ile rona. Jehofa o re itshwarela maleo fa fela re leba boleo ka tsela e a bo lebang ka yone—re ila bosula, re rata molemo—mme re leka go latela sekao se se itekanetseng sa ga Keresete Jesu. (Amose 5:15; 1 Petere 2:21) Fa re itse gore go a kgonega gore Modimo wa rona yo o boitshepo a ka re tsaya re le phepa, seno se ka re ama tota. Se lebale gore kwa tshimologong go nna boitshepo ga ga Jehofa go ne ga gopotsa Isaia gore ene ka boene ga a phepa. O ne a tlhaeletsa jaana: “Ijoo! Go ile fela jalo ka nna!” Mme fa a sena go itse gore o ne a itshwaretswe maleo a gagwe, o ne a fetola tsela e a lebang dilo ka yone. Fa Jehofa a ne a kopa mongwe go ithaopela go dira kabelo nngwe, Isaia o ne a tsiboga ka bonako le mororo a ne a sa itse gore e ne e akaretsa eng. O ne a re: “Ke fano! Roma nna.”—Isaia 6:5-8.

21. Serapa 21, potso: Ke eng se se dirang gore re nne le tsholofelo ya gore re ka kgona go nna boitshepo?

21 Re dirilwe mo setshwanong sa Modimo yo o boitshepo, ka jalo re kgona go nna le dinonofo tse a nang le tsone e bile re kgona go atamalana le ene. (Genesise 1:26) Rotlhe re ka kgona go nna boitshepo. Jehofa o itumelela go re thusa fa re ntse re lwela go nna boitshepo. Fa go ntse go ya, seno se tla dira gore re atamalane thata le Modimo wa rona yo o boitshepo. Mo godimo ga moo, fa re ntse re sekaseka dinonofo tsa ga Jehofa mo dikgaolong tse di latelang, re tla lemoga gore go na le mabaka a mantsi a a utlwalang a gore re atamalane le ene!

a Polelwana e e reng ‘mafoko a a tswang mo molomong a a seng phepa,’ e tshwanela tota ka gonne gantsi mo Baebeleng molomo o tshwantshetsa motlotlo kana puo. Bontsi jwa maleo a a dirwang ke batho botlhe ba ba sa itekanelang a amana le go bua.—Diane 10:19; Jakobe 3:2, 6.