Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 5

Maatla a go Bopa—“Modiri wa Legodimo le Lefatshe”

Maatla a go Bopa—“Modiri wa Legodimo le Lefatshe”

1, 2. Letsatsi le bontsha jang maatla a ga Jehofa a go bopa?

 A O KILE wa ema gaufi le molelo go le tsididi bosigo? Gongwe o ne wa ikomosa diatla o di beile sekgala se se lekaneng go tswa mo kgabong ya molelo gore di thuthafale. Fa o ne o ka o atamela thata, mogote wa one o ne o tla go fisa. Fa o ne o ka o katoga thata o ne o tla gatsela thata ka ntlha ya moya o o tsididi wa bosigo.

2 Go na le “molelo” o o re thuthafatsang letlalo motshegare. “Molelo” oo o tuka o le sekgala sa dikilometara di le dimilione tse 150 go tswa mo go rona! a Letsatsi le tshwanetse la bo le na le maatla a magolo tota fa e le jaana o utlwa mogote wa lone mme le le bokgakala bo kalo! Le fa go ntse jalo, lefatshe le dikologa boubelo joo jo bo tukang le le sekgala se se lekaneng sentle go tswa mo go jone. Fa lefatshe le ne le ka bo atamela thata, metsi otlhe a lone a ne a tla kgala; fa le ne le ka bo katoga thata, a ne a tla swa dikgapetla. Maemo ano a a feteletseng oomabedi a ne a tla dira gore go se ka ga nna le dilo tse di tshelang mo lefatsheng. Lesedi la letsatsi le botlhokwa thata gore go nne le dilo tse di tshelang mo lefatsheng, mme gape le phepa, le mosola, e bile le monate.—Moreri 11:7.

3. Letsatsi le supela ntlha efe ya botlhokwa?

3 Le fa go ntse jalo, bontsi jwa batho ba tlhaetsa letsatsi matlho, le mororo botshelo jwa bone bo ikaegile ka lone. Ka gone, ga ba lemoge se letsatsi le ka re rutang sone. Baebele e bua jaana ka Jehofa: “O dirile lesedi le letsatsi.” (Pesalema 74:16) Ee, letsatsi le dira gore Jehofa a tlotlwe, “Modiri wa legodimo le lefatshe.” (Pesalema 19:1; 146:6) Ke se sengwe sa dibopiwa tsa magodimo tse di se nang palo tse di re rutang ka maatla a magolo a ga Jehofa a go bopa. A re sekasekeng tse dingwe tsa tsone ka kelotlhoko mme go tswa foo re lebise tlhokomelo ya rona mo lefatsheng le dilo tse dintsi tse di tshelang mo go lone.

Jehofa o “dirile lesedi le letsatsi”

“Tsholeletsang Matlho a Lona Kwa Legodimong Mme lo Bone”

4, 5. Letsatsi le na le maatla e bile le legolo go le kana kang, le fa go le jalo, le kana kang fa le bapisiwa le dinaledi tse dingwe?

4 Jaaka fa o ka tswa o itse, letsatsi ke naledi. Le lebega le feta dinaledi tse re di bonang bosigo ka gonne lone le re atametse thata fa le bapisiwa le tsone. Le na le maatla a a kana kang? Mogote wa letsatsi mo karolong e e fa gare ga lone o ka nna didikirii tsa Celsius di le 15 000 000. Fa o ne o ka tsaya karolwana e e lekanang le tlhogwana ya phini ya karolo e e fa gare ya letsatsi mme o bo o e baya mono lefatsheng, o ne o ka sha fa o ne o ka ema sekgala sa dikilometara tse 140 go tswa mo mogoteng oo wa karolwana eo! Motsotswana mongwe le mongwe letsatsi le tlhagisa maatla a a lekanang le a go thunya ga dibomo tsa nuklea di le dimilione tse di makgolokgolo.

5 Letsatsi le legolo thata jaana mo e leng gore lefatshe le ka tsena mo teng ga lone ka makgetlo a feta 1 300 000. A letsatsi ke naledi e kgolo ka tsela e e sa tlwaelegang? Nnyaa, baithutadinaledi ba le bitsa naletsana e nnye e e serolwana. Moaposetoloi Paulo o ile a re “naledi nngwe le nngwe e farologana le e nngwe ka bontle.” (1 Bakorintha 15:41) A ka se ka a bo a ne a itse kafa mafoko ao a a tlhotlheleditsweng a leng boammaaruri ka teng. Go na le naledi e e bogolo bo boitshegang mo e leng gore fa e ne e ka bewa mo letsatsi le leng gone, lefatshe le ne le tla tsena mo teng ga yone. Naledi e nngwe gape e kgolo fa e ne e ka bewa teng foo e ne e tla fitlha le kwa polaneteng ya Saturn—le mororo polanete eo e le kgakala thata jaana le lefatshe mo go neng ga tsaya sesutlhalefaufau dingwaga tse nnê go fitlha kwa go yone, se taboga ka lobelo lo lo fetang lwa lerumo la tlhobolo e e maatla ka makgetlo a le 40!

6. Baebele e bontsha jang gore palo ya dinaledi e kgolo thata gore motho a ka di bala?

6 Selo se se gakgamatsang le e leng go feta bogolo jwa dinaledi ke palo ya tsone. E bile Baebele e bolela gore tota dinaledi ga di na palo, go thata go di bala fela jaaka go ntse ka “motlhaba wa lewatle.” (Jeremia 33:22) Mafoko ano a bolela gore go na le palo e ntsi thata ya dinaledi go feta tse di ka bonwang ka matlho. Kana e bile, fa mokwadi wa Baebele yo o jaaka Jeremia, a ne a ka leba loapi bosigo mme a leka go bala dinaledi tse di ka bonwang ka matlho, o ne a ka kgona go bala fela tse di ka tshwarang dikete tse tharo, ka gonne ke palo eo fela e leitlho la motho le ka kgonang go e bona mo bosigong jo bo se nang maru. Palo eo e ka lekana le palo ya majana a motlhaba o o tletseng mo seatleng. Le fa go le jalo, totatota palo ya dinaledi e kgolo thata, fela jaaka motlhaba wa lewatle. b Ke mang yo o ka kgonang go bala palo e kalo?

“O di bitsa tsotlhe ka maina”

7. O ka tlhalosa jang palo ya dinaledi tse di mo lesagaripeng la rona kgotsa palo ya masagaripa a a mo lobopong lotlhe?

7 Isaia 40:26 e araba jaana: “Tsholeletsang matlho a lona kwa legodimong mme lo bone. Ke mang yo o bopileng dilo tseno? Ke Ene yo o bolotsang lesomo la tsone ka palo; o di bitsa tsotlhe ka maina.” Pesalema 147:4 ya re: “O itse palo ya dinaledi.” “Palo ya dinaledi” e kana kang? Eo ga se potso e e motlhofo. Baithutadinaledi ba fopholetsa gore go na le dinaledi tse di fetang dimilione di le dikete tse 100 mo lesagaripeng la rona la Molala wa Tladi fela. c Bangwe ba re di feta palo eo. Mme gone, lesagaripa la rona ke lengwe la masagaripa a mantsi a dinaledi a a leng gone, mme bontsi jwa one a na le dinaledi tse dintsi go feta. Go na le masagaripa a dinaledi a le kae? Baithutadinaledi ba fopholetsa gore go na le dinaledi di le dibilione di le makgolo go ya go di le dibilione di le dikete. Ka jalo go tla go fitha jaanong, go bonala motho a sa itse le yone palo ya masagaripa tota, re sa bue sepe ka palo yotlhe ya dibilione tse di diketekete tsa dinaledi tse di mo go one. Le fa go ntse jalo, Jehofa o itse palo ya tsone. Mo godimo ga moo, o naya naledi nngwe le nngwe leina la yone!

8. (a) O ka tlhalosa jang bogolo jwa lesagaripa la Molala wa Tladi? (b) Jehofa o dirisa eng go laola metsamao ya dibopiwa tsa magodimo?

8 Tlotlo ya rona go Modimo e a oketsega fa re akanya ka bogolo jwa masagaripa. Go ile ga fopholediwa gore lesagaripa la Molala wa Tladi le boatlhamo jwa sekgala sa di-light-year di le 100 000. Akanya ka tlhase ya lesedi e taboga ka lobelo lo lo boitshegang lwa dikilometara tse 300 000 motsotswana mongwe le mongwe. Go ne go tla tsaya tlhase eo ya lesedi dingwaga di le 100 000 go ralala lesagaripa la rona! Mme go na le masagaripa mangwe a a fetang la rona gantsintsi. Baebele e bolela gore Jehofa o tsharolola “magodimo” jaaka e kete ke letsela. (Pesalema 104:2) Gape o laola metsamao ya dilo tseno tse a di bopileng. Go tloga ka tlhaka e nnye ya lerole la kwa dinaleding go fitlha ka lesagaripa le legolo go a feta otlhe, tsotlhe fela di tsamaya go ya ka melao ya tlholego e Modimo a e tlhomileng. (Jobe 38:31-33) Ka gone, borasaense ba ile ba tshwantsha metsamao e e tlhomameng ya dibopiwa tseno tsa magodimo le thulaganyo e e matsetseleko ya setlhopha se segolo sa mmino wa modikwadikwane! Jalo he, akanya ka Yo o dirileng dilo tseno. A seno ga se dire gore o tlotle Modimo thata ka ntlha ya maatla ano a magolo a go bopa?

“Ene yo o Dirileng Lefatshe ka Maatla a Gagwe”

9, 10. Maatla a ga Jehofa a bonala jang malebana le tsela e a beileng thulaganyo ya rona ya masedi a tlholego ka yone, Jupiter lefatshe le ngwedi?

9 Re kgona go bona maatla a ga Jehofa a go bopa mo legaeng la rona, lefatshe. O beile lefatshe ka kelotlhoko mo gare ga lobopo lono lo logolo. Borasaense bangwe ba dumela gore bontsi jwa masagaripa ga se mafelo a dilo di ka kgonang go tshela mo go one jaaka go ntse ka polanete ya rona. Karolo e kgolo ya lesagaripa la rona la Molala wa Tladi go bonala e ne e sa direlwa gore dilo di tshele mo go yone. Karolo e e fa gare ya lesagaripa leno e tletse ka dinaledi. Dinaledi tseno di tlhagisa selekanyo se se kwa godimo sa marang le gone go direga gantsi gore di batle go thulana. Dikarolo tse di kwa thoko tsa lesagaripa leno ga di na bontsi jwa dielemente tse di tlhokegang gore dilo di tshele. Thulaganyo ya rona ya masedi a tlholego e beilwe sentle mo bogareng jwa maemo ano a mabedi a a feteletseng.

10 Lefatshe le solegelwa molemo ke sesireletsi sengwe se se kgakala mme se le segolo—polanete ya Jupiter. E re ka Jupiter e feta Lefatshe ka makgetlo a feta sekete, e ntsha maatla a kgogedi a mantsi thata. Matswela a seno ke eng? E monya kana e phaila dilo tse di fologang ka lobelo mo lefaufaung. Borasaense ba akanya gore fa e ne e se ka thuso ya Jupiter, dilo tse dikgolo tse di welang mo lefatsheng ka bontsi di ka bo di le kotsi ga makgetlo a le 10 000 go feta gone jaanong. Fa re bua ka sengwe se se gaufi le legae la rona, lefatshe le thusiwa ke satalaete nngwe e e sa tlwaelegang—ngwedi. Kwantle ga gore ngwedi e ntle e bile ke “lesedi la bosigo,” gape e boloka lefatshe le phekame ka tsela e e tlhomameng e e tshwanetseng. Go phekama goo go thusa lefatshe go nna le dipaka tsa lone tse di tlhomameng, tse di tlang ka nako ya tsone—selo se sengwe gape se se molemo se se thusang gore dilo di kgone go tshela mono.

11. Lefaufau la lefatshe le dirilwe jang gore le nne sesireletsi?

11 Maatla a ga Jehofa a go bopa a bonala mo tseleng e lefatshe le bopilweng ka yone mo go sengwe le sengwe. Akanya ka lefaufau le tiro ya lone e leng go sireletsa. Letsatsi le tlhagisa marang a a molemo le a a kotsi. Fa marang a a kotsi a fitlha mo karolong e e kwa godimo ya lefaufau la lefatshe, a dira gore okosejene e fetoge ozone. Boalo joo jwa ozone le jone bo monya bontsi jwa marang ao. Tota re ka re, polanete ya rona e diretswe sekhukhu se se e sireletsang!

12. Modikologo wa metsi wa lefaufau o bontsha jang maatla a ga Jehofa a go bopa?

12 Seo ke ntlha e le nngwe fela ka lefaufau la rona le e leng motswako o o raraaneng wa digase tse di tshwanelang sentle go ka tlamela ditshedi tse di tshelang mo boalong jwa lefatshe kana gaufi le jone. Sengwe sa dilo tse di gakgamatsang thata ka lefaufau ke modikologo wa lone wa metsi. Ngwaga le ngwaga letsatsi le moafatsa metsi a a fetang dikubita tsa dikilometara di le 400 000 kwa godimo go tswa mo mawatleng a lefatshe. Metsi ao a itira maru mme phefo e bo e a phatlalaletsa gaufi le kgakala. Metsi ano, a jaanong a tlhotlhilweng le go itshekisiwa a fitlha a tshologa e le pula, kapoko le sefako a tlatsa metswedi ya metsi gape. Go ntse fela jaaka Moreri 1:7 e re: “Melatswana yotlhe e elelela kwa lewatleng, le fa go ntse jalo, lewatle ga le tlale. Melatswana e boela kwa e neng e tswa gone gore e tle e elele gape.” Ke Jehofa fela yo o neng a ka tlhama modikologo o o ntseng jalo.

13. Re bona bosupi bofe jwa maatla a Mmopi mo dimeleng tsa lefatshe le mmu wa lone?

13 Gongwe le gongwe mo re bonang ditshedi gone, re bona bosupi jwa maatla a Mmopi. Maatla a ga Jehofa a go bopa a bonala go tloga ka ditlhare tse dikgolo tsa sequoia tse di boleele jo bo fetang kago ya matlhatlaganyane a le 30 go fitlha ka dimelanyana tse dinnye thata tse di tletseng mo mawatleng e bile di re tlamela ka bontsi jwa okosejene e re e hemang. Le mmu ka boone o tletse ka ditshedi—diboko le ditshedinyana tse dinnye thata, tse tsotlhe di dirang mmogo ka ditsela tse di raraaneng go thusa dimela go gola. Go a tshwanela go bo Baebele e bua ka mmu e re o na le maatla.—Genesise 4:12, ntlha e e kwa tlase.

14. Atomo e nnye thata e ka tlhagisa maatla a a kana kang?

14 Ga go pelaelo gore Jehofa ke “Ene yo o dirileng lefatshe ka maatla a gagwe.” (Jeremia 10:12) Maatla a Modimo a bonala tota le mo dilong tse dinnye thata tse a di bopileng. Ka sekai, le fa go ne go ka bapisiwa diatomo di le milione, di ne di ka se ka tsa lekana le thiri ya moriri wa motho. Tota le fa atomo e ne e ka ngaolosiwa go fitlha e nna boleele jwa kago ya matlhatlaganyane a le 14, karolo e e fa gare ya yone e ne e tla lekana le tlhaka fela ya letswai e e beilweng mo boalong jwa bosupa jwa kago eo. Le fa go le jalo, yone karolwana eo e nnye ya bogare jwa atomo ke yone e ntshang maatla a a boitshegang fa go na le go thunya ga nuklea!

“Sengwe le Sengwe se se Hemang”

15. Jehofa o ne a ruta Jobe thuto efe ka go bua le ene ka diphologolo tse di farologaneng tsa naga?

15 Bosupi jo bongwe jo bo bonalang sentle jwa maatla a ga Jehofa a go bopa bo bonala mo diphologolong tse dintsi tse di tshelang mo lefatsheng. Pesalema 148 e tlhomaganya dilo tse dintsi tse di bakang Jehofa, mme temana ya 10 e akaretsa “lona diphologolo tsa naga le lona diruiwa tsotlhe.” Jehofa o kile a bontsha Jobe lebaka la go bo batho ba tshwanetse go tlotla Mmopi a bua le ene ka diphologolo tse di jaaka tau, pitse ya naga, poo ya naga, Behemothe (kana kubu), le Lefiathane (e go bonalang e le kwena). O ne a batla go mo lemotsha eng? Fa batho ba bontsha go tlotla diphologolo tseno tse di nonofileng, tse di tshabegang le tse di tlhaga, ba tshwanetse go ikutlwa jang ka Mmopi wa tsone?—Jobe, dikgaolo 38-41.

16. Ke eng se se go kgatlhang ka dingwe tsa dinonyane tse Jehofa a di bopileng?

16 Pesalema 148:10 e umaka le “dinonyane.” Akanya fela ka mefutafuta ya tsone! Jehofa o ne a bolelela Jobe ka ntšhe, e a reng e “tshega pitse le mopalami wa yone.” Ee ruri, le fa nonyane eno e e boleele jwa dimetara di le 2,5 e sa kgone go fofa, fela gone e kgona go taboga ka lobelo lwa dikilometara tse 65 ka ura e fapaanya maoto sekgala sa dimetara di le 4,5! (Jobe 39:13, 18) Kafa letlhakoreng le lengwe, nonyane ya albatross e fetsa bontsi jwa botshelo jwa yone e fofa kwa godimo ga mawatle. E re ka nonyane eno e rata go phaphasela mo moyeng, e na le diphuka tsa boleele jwa dimetara di ka nna tharo fa e di tsharolotse. E kgona go fofa kwa godimodimo ka diura tse dintsi e sa iteye diphuka. Nonyane e e bidiwang bee hummingbird yone ke nonyane e nnye go gaisa tsotlhe mo lefatsheng, e ka nna disentimetara di le tlhano fela. E kgona go itaya diphuka tsa yone ka makgetlo a le 80 ka motsotswana! Di-hummingbird, di phatsima jalo jaaka majana a a phatsimang, di kgona go phaphasela jaaka helikopotara tota le e leng go fofa ka sammamorago.

17. Leruarua le le pududu le bogolo jo bo kae, mme ke tshwetso efe e re tshwanetseng go e dira morago ga go akanya ka diphologolo tse Jehofa a di bopileng?

17 Pesalema 148:7 ya re tota le ‘ditshedi tsa lewatle’ di baka Jehofa. Akanya ka se gantsi se tsewang e le phologolo e kgolo go di gaisa tsotlhe tse di kileng tsa nna gone mo polaneteng eno—leruarua le le pududu. Setshedi seno se se tona thata se se nnang ‘mo metsing a a boteng’ se ka nna boleele jwa dimetara di le 30 kana go feta. Se ka nna bokete jo bo lekanang le serapa sa ditlou tse dikgolo di le 30. Loleme lwa lone fela lo bokete jo bo lekanang le jwa tlou e le nngwe. Pelo ya lone e lekana le sejanaga se sennye. Serwe seno se segolo se uba ga makgetlo a le 9 fela ka motsotso—e leng se se farologanang thata le pelo ya hummingbird, e e kgonang go uba ga makgetlo a le 1 200 ka motsotso. Tshika nngwe ya leruarua leno e kgolo jaana mo ngwana a ka kgonang go gagaba mo teng ga yone. Ruri dipelo tsa rona di re tlhotlheletsa go bua mafoko ano a a konelang buka ya Dipesalema: “A sengwe le sengwe se se hemang se bake Jah.”—Pesalema 150:6.

Maatla a ga Jehofa a go Bopa a a Ruta

18, 19. Ditshedi tse Jehofa a di dirileng mo lefatsheng di mefutafuta go le kana kang, mme popo e re ruta eng ka bolaodi jwa gagwe?

18 Tsela e Jehofa a dirisang maatla a gagwe a go bopa ka yone e re ruta eng? Re gakgamadiwa ke tsela e go nang le mefutafuta ya dibopiwa ka yone. Mopesalema mongwe o kile a bolela jaana ka boitumelo: “Ruri ditiro tsa gago di dintsi, wena Jehofa! . . . Lefatshe le tletse dilo tse o di dirileng.” (Pesalema 104:24) A bo seo se le boammaaruri jang ne! Baithutaditshedi ba ile ba ribolola mefuta e feta milione ya ditshedi mo lefatsheng; le fa go le jalo, ba a ganetsana malebana le gore ke dimilione tse kae tsa ditshedi tse di ka tswang di le gone mme ba sa itse ka tsone. Ka dinako tse dingwe motho yo e leng motaki a ka felelwa ke megopolo ya se a ka se takang. Jehofa ene ga a nna jalo, bokgoni jwa gagwe—maatla a gagwe a go bopa le go tlhama dilo tse disha le tsa mefutafuta—ga bo fele.

19 Tsela e Jehofa a dirisang maatla a gagwe a go bopa ka yone e re ruta sengwe ka bolaodi jwa gagwe. Leina “Mmopi” ka bolone fela le farologanya Jehofa le sengwe le sengwe fela se se mo lobopong, tse tsotlhe fela e leng “popo.” Tota le Morwa wa ga Jehofa yo o tsetsweng e le esi, yo e neng e le “modiri yo o setswerere” ka nako ya popo, ga a ke a bidiwa Mmopi kana Mmopimmogo mo Baebeleng. (Diane 8:30; Mathaio 19:4) Go na le moo, ke “leitibolo la popo yotlhe.” (Bakolosa 1:15) Maemo a ga Jehofa a go nna Mmopi a mo naya tshwanelo e e feletseng ya go dirisa maatla a gagwe a bolaodi mo lobopong lotlhe.—Baroma 1:20; Tshenolo 4:11.

20. Jehofa o ile a ikhutsa ka kgopolo efe fa e sa le a wetsa popo ya gagwe ya mo lefatsheng?

20 A Jehofa o tlogetse go dirisa maatla a gagwe a go bopa? Ebu, Baebele ya re fa Jehofa a ne a fetsa tiro ya gagwe ya go bopa mo letsatsing la borataro la popo, “o ne a simolola go ikhutsa ka letsatsi la bosupa mo tirong yotlhe ya gagwe e a neng a e dirile.” (Genesise 2:2) Moaposetoloi Paulo o ile a bontsha gore “letsatsi” leno la bosupa le boleele jwa diketekete tsa dingwaga, ka gonne le ne le sa ntse le tsweletse mo motlheng wa gagwe. (Bahebera 4:3-6) Mme gone, a lefoko “boikhutso” le bolela gore Jehofa o tlogetse go dira tiro gotlhelele? Nnyaa, Jehofa ga a ke a tlogela go dira. (Pesalema 92:4; Johane 5:17) Ka gone, boikhutso jwa gagwe bo tshwanetse jwa bo bo bolela go emisa ka nakwana tiro ya gagwe ya go bopa dilo tse di malebana le lefatshe. Le fa go ntse jalo, tiro ya gagwe e e malebana le go diragatsa maikaelelo a gagwe e sa ntse e tswelela pele. Tiro eo e ile ya akaretsa le go tlhotlhelediwa ga Dikwalo Tse di Boitshepo. Tiro ya gagwe e ile ya akaretsa le e leng tiro ya go tlhagisa “popo e ntšha,” e go tla buiwang ka yone mo go Kgaolo 19.—2 Bakorintha 5:17.

21. Maatla a ga Jehofa a go bopa a tla ama batho ba ba ikanyegang mo go ene jang ka bosaengkae?

21 Fa kgabagare letsatsi la ga Jehofa la boikhutso le wela, o tla kgona go bolela fa tiro ya gagwe yotlhe ya mo lefatsheng ‘e le molemo tota,’ fela jaaka a ile a bolela jalo fa malatsi a marataro a popo a wela. (Genesise 1:31) Re sa ntse re tla bona gore morago ga nako eo o tla tlhopha go dirisa maatla a gagwe a magolo a go bopa jang. Mme gone, re ka tlhomamisega gore re tla tswelela pele re kgatlhwa ke tsela e Jehofa a dirisang maatla a gagwe a go bopa ka yone. Re tla nna re ithuta go le gontsi ka Jehofa go tswa mo popong ya gagwe ka bosaengkae. (Moreri 3:11) Fa re ntse re ithuta go le gontsi ka Mmopi wa rona yo Mogolo, tsela e re mo tlotlang ka yone e tla gola, mme seo se tla dira gore re atamalane thata le ene.

a Gore o tlhaloganye palo eo e kgolo sentle, akanya ka seno: Gore o kgone go tsamaya sekgala se se kalo ka koloi—tota le fa o e tabogisa ka lobelo lwa dikilometara tse 160 ka ura ka diura tse 24 ka letsatsi—go ne go tla go tsaya dingwaga tse di fetang lekgolo!

b Batho bangwe ba akanya gore batho ba bogologolo mo metlheng ya Baebele ba tshwanetse ba bo ba ne ba dirisa mofuta mongwe wa bogologolo wa thelesekoupo. Ba re, batho ba nako eo ba ne ba ka itse jang gore palo ya dinaledi e kgolo e bile motho a ka se di bale? Tsela eo e e seng boammaaruri ya go fopholetsa dilo e tlhaetsa Jehofa, Mokwadi wa Baebele, matlho.—2 Timotheo 3:16.

c Akanya gore go ne go tla go tsaya lobaka lo lokae go bala fela dinaledi di le dibilione tse 100. Fa o ne o ka kgona go bala e le nngwe ka motsotswana—o dira jalo ka diura tse 24 ka letsatsi—go ne go tla go tsaya dingwaga di le 3 171!