Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 7

Maatla a go Sireletsa—‘Modimo ke Botshabelo Jwa Rona’

Maatla a go Sireletsa—‘Modimo ke Botshabelo Jwa Rona’

1, 2. Baiseraele ba ne ba le mo kotsing efe fa ba tsena mo nageng ya Sinai ka 1513 B.C.E., mme Jehofa o ne a ba kgothatsa jang?

 BAISERAELE ba ne ba le mo kotsing fa ba tsena ka naga ya Sinai ka 1513 B.C.E. Ba ne ba lebane le mosepele o o boifisang, ka gonne ba ne ba tlile go tsamaya “mo nageng e kgolo le e e boitshegang, e e nang le dinoga tse di botlhole le diphepheng.” (Duteronome 8:15) Gape ba ne ba le mo kotsing ya go tlhaselwa ke ditšhaba tse di ratang ntwa. Ke Jehofa yo o neng a fitlhisitse batho ba gagwe mo maemong ano. E re ka e le Modimo wa bone, a o ne a tla kgona go ba sireletsa?

2 Mafoko ano a ga Jehofa a ne a ba kgothatsa tota: “Lo bone se ke se dirileng Baegepeto, e le gore ke lo tshole ka diphuka tsa bontsu ke lo tlise kwa go nna.” (Ekesodo 19:4) Jehofa o ne a gopotsa batho ba gagwe gore o ne a ba golotse mo Baegepetong, a dirisa bontsu, jaaka fa re ka rialo, go ba namola. Mme go na le mabaka a mangwe gape a go bo “diphuka tsa bontsu” di tshwanela go tshwantshetsa tsela e Modimo a sireletsang ka yone.

3. Ke eng fa “diphuka tsa bontsu” di tshwanela go tshwantshetsa tsela e Modimo a sireletsang ka yone?

3 Ntsu ga e dirise diphuka tsa yone tse dikgolo, tse di nonofileng, go fofa fela. Motshegare fa go le mogote, ntsu e namagadi e tsharolola diphuka tsa yone—tse di ka nnang dimetara tse di fetang tse pedi—go direla mamphorwana a yone moriti go a sireletsa mo letsatsing le le fisang. Ka dinako tse dingwe e phutha bana ba yone ka diphuka go ba sireletsa mo serameng. Jehofa le ene o ne a sireletsa le go babalela setšhabanyana sa gagwe sa Iseraele fela jaaka ntsu e sireletsa bana ba yone. Jaanong fa batho ba gagwe ba le mo nageng, o ne a tla tswelela a ba sireleditse ka diphuka tsa gagwe tse di maatla, fa fela ba ne ba ka nna ba ikanyega mo go ene. (Duteronome 32:9-11; Pesalema 36:7) Mme gone, a gompieno re ka nna le lebaka la go lebelela gore Modimo a re sireletse?

Modimo o Solofetsa go re Sireletsa

4, 5. Ke eng fa re ka tshepa ka botlalo tsholofetso ya Modimo ya gore o tla re sireletsa?

4 Ga go pelaelo gore Jehofa o kgona go sireletsa batlhanka ba gagwe. Ke “Modimo Mothatayotlhe”—sereto se se bontshang gore o na le maatla a a sa palelweng ke sepe. (Genesise 17:1) Fela jaaka lekhubu le le ka se thibelweng ke sepe, maatla a ga Jehofa a ka se ka a thibelwa ke sepe. E re ka a kgona go dira sengwe le sengwe se thato ya gagwe e se batlang, re ka botsa jaana, ‘A ke thato ya ga Jehofa gore a dirise maatla a gagwe go sireletsa batho ba gagwe?’

5 Ka bokhutshwane, karabo ke ee! Jehofa o re tlhomamisetsa gore o tla sireletsa batho ba gagwe. Pesalema 46:1 ya re: “Modimo ke botshabelo le nonofo ya rona, thuso e e bonwang motlhofo ka dinako tsa matshwenyego.” E re ka Modimo ‘a ka se ka a aka,’ re ka tshepa ka botlalo gore o tla diragatsa tsholofetso ya gagwe ya gore o tla re sireletsa. (Tito 1:2) A re sekasekeng dingwe tsa ditshwantsho tse Jehofa a di dirisang go tlhalosa tsela e a re tlhokomelang le go re sireletsa ka yone.

6, 7. (a) Modisa wa mo metlheng ya Baebele o ne a sireletsa dinku tsa gagwe jang? (b) Baebele e tshwantsha jang tsela e Jehofa a ratang go sireletsa le go tlhokomela dinku tsa gagwe ka pelo yotlhe ka teng?

6 Jehofa ke Modisa wa rona, mme rona “re batho ba gagwe e bile re dinku tsa mafulo a gagwe.” (Pesalema 23:1; 100:3) Dinku ke diphologolo tse di sa kgoneng go itshireletsa jaaka diphologolo tse dintsi. Modisa wa mo metlheng ya Baebele o ne a tshwanelwa ke go nna pelokgale go sireletsa dinku tsa gagwe mo ditaung, mo diphiring, mo dibereng le mo magodung. (1 Samuele 17:34, 35; Johane 10:12, 13) Mme ka dinako tse dingwe go sireletsa dinku go ne go mo tlhoka gore a nne bonolo. Fa go direga gore nku e tsalele kgakala le lesaka, modisa yo o kelotlhoko o ne a e sireletsa fa e sa ntse e tlhoka go sirelediwa go tswa foo a bo a kuka kwanyana eo e e ka se itireleng sepe a e isa kwa lesakeng.

“O tla di tshola mo sehubeng sa gagwe”

7 Fa Jehofa a itshwantsha le modisa, o a bo a re tlhomamisetsa gore o rata go re sireletsa ka pelo yotlhe. (Esekiele 34:11-16) Gopola tsela e Jehofa a tlhalosiwang ka yone mo go Isaia 40:11, e re tlotlileng ka yone mo Kgaolong ya 2 ya buka eno: “O tla tlhokomela letsomane la gagwe fela jaaka modisa. O tla phutha dikwanyana mmogo ka lebogo la gagwe, e bile o tla di tshola mo sehubeng sa gagwe.” Go ka tla jang gore kwanyana e nne mo “sehubeng” sa modisa—memeno ya seaparo sa gagwe sa fa godimo? Kwanyana e ka atamela modisa ya ba ya mo kgoma leoto. Le fa go le jalo, modisa ke ene yo o tshwanelwang ke go inama, a kuka kwanyana, a bo a e baya ka kelotlhoko mo sehubeng sa gagwe. A bo seno se tshwantsha sentle jang tsela e Modisa yo Mogolo a iketleeleditseng go re babalela le go re sireletsa ka yone!

8. (a) Modimo o solofetsa gore o tla sireletsa bomang, mme seno se bontshiwa jang mo go Diane 18:10? (b) Go bona botshabelo mo leineng la Modimo go akaretsa eng?

8 Modimo ga a re solofetse gore o tla sireletsa mongwe le mongwe fela—o sireletsa fela batho ba ba atamalanang le ene. Diane 18:10 e bolela jaana: “Leina la ga Jehofa ke tora e e nonofileng. Mosiami o sianela mo go yone a bo a sireletsega.” Mo metlheng ya Baebele ka dinako tse dingwe ditora di ne di agiwa mo nageng go nna mafelo a a sireletsegileng a botshabelo. Mme e ne e le boikarabelo jwa motho yo o mo kotsing gore a tshabele mo toreng eo gore a sireletsege. Go ntse fela jalo le ka kgang ya go sirelediwa ke leina la Modimo. Seno ga se akaretse fela go bitsa leina la Modimo; leina la Modimo ka bolone fela ga le na maatla a maselamose. Go na le moo, re tshwanetse go itse le go tshepa Mong wa leina leo le go tshela tumalanong le melao ya gagwe e e siameng. A bo Jehofa a le molemo jang ne go bo a re tlhomamisetsa gore fa re retologela kwa go ene ka tumelo, o tla nna tora e e tla re sireletsang!

“Modimo wa Rona . . . O Tla Kgona go re Golola”

9. Ke jang Jehofa a sa kang a re solofetsa fela gore o tla re sireletsa?

9 Jehofa ga a re solofetsa fela gore o tla re sireletsa. Mo metlheng ya Baebele, o ne a bontsha ka ditsela tse di gakgamatsang gore o kgona go sireletsa batho ba gagwe. Ka nako ya hisitori ya Baiseraele, “seatla” se se nonofileng sa ga Jehofa gantsi se ne se ba sireletsa mo babeng ba bone ba ba maatla. (Ekesodo 7:4) Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a dirisa maatla a gagwe go sireletsa le batho ka bongwe.

10, 11. Ke dikai dife tsa mo Baebeleng tse di bontshang kafa Jehofa a neng a dirisa maatla a gagwe go sireletsa batho bangwe ka teng?

10 Fa makawana a mararo a Bahebera—a a itsegeng e le Shaderake, Meshake le Abedenego—a ne a gana go obamela setshwantsho sa gauta sa ga Kgosi Nebukadenesare, kgosi eo e e galefileng e ne ya ba tshosetsa e re e tla ba latlhela mo leubelong la molelo o o goteditsweng thata. Nebukadenesare, kgosi e e nang le thata go feta tsotlhe mo lefatsheng, e ne ya sotla ya re, “Ke modimo ofe yo o ka lo gololang mo diatleng tsa me?” (Daniele 3:15) Makawana ao a mararo a ne a tshepa maatla a Modimo wa bone tota gore o tla ba sireletsa, mme ga ba a ka ba tsaya fela gore o tshwanetse go dira jalo. Ke gone ka moo ba ileng ba araba jaana: “Fa e le gore re tla latlhelwa mo leubelong la molelo le le tukang, Modimo wa rona yo re mo direlang o tla kgona go re golola.” (Daniele 3:17) Ee ruri, tota le fa molelo oo wa leubelo o ne o goteditswe ga supa go feta ka tsela e e tlwaelegileng, seo ga e a ka ya nna bothata mo Modimong wa bone yo o maatla otlhe. O ne a ba sireletsa mme kgosi e ne ya patelesega go dumela jaana: “Ga go na modimo yo mongwe yo o ka kgonang go golola batho ba gagwe jaaka yono.”—Daniele 3:29.

11 Gape Jehofa o ne a bontsha maatla a gagwe a go sireletsa ka tsela e e gakgamatsang fa a ne a fetisetsa botshelo jwa Morwawe yo o tsetsweng a le esi mo sebopelong sa kgarebana ya Mojuda e bong Marea. Moengele o ne a raya Marea a re o tla ‘ima a bo a tshola ngwana wa mosimane.’ Moengele o ile a tlhalosa jaana: “Moya o o boitshepo o tla tla mo go wena, e bile maatla a Mogodimodimo a tla go okama.” (Luke 1:31, 35) Go bonala go se kile ga nna le nako e Morwa wa Modimo a neng a ka nna mo kotsing ka yone go feta eno. A boleo le bosaitekanelang jwa mmè wa motho di ne di ka senya leseanyana leno? A Satane o ne a tla kgona go gobatsa kana go bolaya Morwa yono pele ga a ka tsholwa? Legoka! Totatota Jehofa o ne a sireletsa Marea e le gore go se nne le sepe—bosaitekanelang, maatla ape a a kotsi, motho ope yo o setlhogo, kana ledimona—se se neng se ka gobatsa leseanyana leno go tloga fela fa le sena go imiwa. Jehofa o ne a tswelela pele a sireletsa Jesu le ka nako ya bosha jwa gagwe. (Mathaio 2:1-15) Fa fela nako e Modimo a e tlhomileng e ne e ise e fitlhe, Morwawe yo o rategang o ne a ka se ka a tlhaselwa ke ope.

12. Ke eng fa Jehofa a ile a sireletsa batho bangwe ka ditsela tse di gakgamatsang mo metlheng ya Baebele?

12 Ke eng fa Jehofa a ile a sireletsa batho bangwe ka ditsela tseo tse di gakgamatsang? Gantsi Jehofa o ne a sireletsa batho bangwe e le gore a sireletse sengwe se se botlhokwa go gaisa: go diragadiwa ga maikaelelo a gagwe. Ka sekai, go sireletsega ga lesea Jesu go ne go le botlhokwa gore boikaelelo jwa Modimo bo diragadiwe, jo bo tla felelang ka gore kgabagare batho botlhe ba solegelwe molemo. Pego ya ditsela tse dintsi tse maatla a go sireletsa a neng a dirisiwa ka tsone ke bontlhanngwe jwa Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng, tse “di [neng] tsa kwalelwa go re ruta gore re nne le tsholofelo. Tota e bile, Dikwalo tseo di re thusa go itshoka e bile di a re gomotsa.” (Baroma 15:4) Ee, dikai tseno di nonotsha tumelo ya rona mo Modimong wa rona yo o maatla otlhe. Mme gompieno re ka lebelela gore Modimo a re sireletse ka tsela efe?

Se go Re Sireletsa ga Modimo Go sa Se Boleleng

13. A Jehofa o patelesega go re direla dikgakgamatso? Tlhalosa.

13 Tsholofetso ya Modimo ya gore o tla re sireletsa ga e bolele gore Jehofa o patelesega go re direla dikgakgamatso. Nnyaa, Modimo wa rona ga a re solofetse gore re tla tshela botshelo jo bo se nang mathata mo tsamaisong eno ya kgale. Batlhanka ba le bantsi ba ga Jehofa ba ba ikanyegang ba lebana le mathata a a masisi, a a akaretsang khumanego, dintwa, malwetse le loso. Jesu o ne a bolelela barutwa ba gagwe ka tlhamalalo gore go ne go ka nna ga direga gore mongwe le mongwe wa bone a bolawe ka ntlha ya tumelo ya gagwe. Ke gone ka moo Jesu a ileng a gatelela kgang ya go itshoka go fitlha kwa bokhutlong. (Mathaio 24:9, 13) Fa Jehofa a ne a ka dirisa maatla a gagwe go re golola ka kgakgamatso mo maemong otlhe, ga go pelaelo gore Satane o ne a tla kgoba Jehofa le go belaela gore a tota re ineetse mo Modimong ka pelo yotlhe.—Jobe 1:9, 10.

14. Ke dikai dife tse di bontshang gore Jehofa ga a sireletse batlhanka botlhe ba gagwe ka ditsela tse di tshwanang?

14 Tota le mo metlheng ya Baebele, Jehofa o ne a sa dirise maatla a gagwe go sireletsa mongwe le mongwe wa batlhanka ba gagwe mo losong lwa tshoganetso. Ka sekai, moaposetoloi Jakobe o ne a bolawa ke Herode mo e ka nnang ka 44 C.E.; le fa go ntse jalo, go ise go ye kae morago ga foo, Petere o ne a gololwa “mo seatleng sa ga Herode.” (Ditiro 12:1-11) Mme Johane morwarraagwe Jakobe ene o ne a tshela lobaka lo loleele go feta Petere le Jakobe. Go a bonala he gore, re ka se lebelele gore Modimo a sireletse batlhanka ba gagwe botlhe ka ditsela tse di tshwanang. Kwantle ga moo, rotlhe ‘re diragalelwa ke dilo tse re sa di lebelelang ka nako e re sa e lebelelang.’ (Moreri 9:11) Mme jaanong Jehofa o re sireletsa jang gompieno?

Jehofa o Sireletsa Botshelo Jwa Rona

15, 16. (a) Re na le bosupi bofe jo bo bontshang gore Jehofa o ile a sireletsa matshelo a baobamedi ba gagwe e le setlhopha? (b) Ke eng fa re ka dumela ka botlalo gore Jehofa o tla sireletsa batlhanka ba gagwe gone jaanong le ka nako ya “pitlagano e kgolo”?

15 A re simololeng pele ka go sekaseka gore Jehofa o sireletsa botshelo jwa rona jang. Baobamedi ba ga Jehofa ba ka lebelela gore a ba sireletse e le setlhopha. Fa go ne go se jalo, Satane o ne a ka re tlhasela motlhofo. Akanya ka seno: Satane, “mmusi wa lefatshe leno,” a ka rata go nyeletsa kobamelo ya boammaaruri. (Johane 12:31; Tshenolo 12:17) Dipuso dingwe tse di maatla thata tsa lefatshe di ile tsa thibela tiro ya rona ya go rera tsa ba tsa leka go re fedisa gotlhelele. Le fa go ntse jalo, batho ba ga Jehofa ba ile ba ema ba tlhomame ba bo ba tswelela ba rera ba sa kgaotse! Ke eng fa ditšhaba tse di nonofileng di ile tsa palelwa ke go emisa tiro ya setlhopha seno se sennye le se se lebegang se sa sireletsega sa Bakeresete? Ke ka gonne Jehofa o ile a re sireletsa ka diphuka tsa gagwe tse di maatla!—Pesalema 17:7, 8.

16 A Jehofa o tla sireletsa matshelo a rona ka nako ya “pitlagano e kgolo” e e tlang? Ga re a tshwanela go boifa go diragadiwa ga dikatlholo tsa Modimo. Kana e bile, “Jehofa o itse kafa a ka gololang batho ba ba ineetseng mo go ene ka gone fa ba le mo tekong, mme gape o itse kafa a ka bolokelang batho ba ba sa siamang letsatsi la katlholo ka gone gore ba senngwe.” (Tshenolo 7:14; 2 Petere 2:9) Mme gone, re ka tlhomamisega ka dilo tse pedi. Sa ntlha, Jehofa a ka se ka a letla gore batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang ba fedisiwe mo lefatsheng. Sa bobedi, o tla duela batho ba ba ikanyegang ka botlalo ka botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la gagwe le lesha la tshiamo—fa go tlhokega, a dirisa tsogo. Fa e le ka ba ba swang, ga go na lefelo le le babalesegileng go gaisa go nna mo mogopolong wa Modimo.—Johane 5:28, 29.

17. Jehofa o dirisa Lefoko la gagwe jang go re sireletsa?

17 Tota le gone jaanong, Jehofa o re sireletsa ka “lefoko” la gagwe le le tshelang, le le nang le maatla a go fodisa dipelo le go fetola matshelo a batho. (Bahebera 4:12) Fa re dirisa melaometheo ya Baebele, e ka re sireletsa mo dilong tse di ka tsenyang botshelo jwa rona mo kotsing. Isaia 48:17 ya re: “Nna Jehofa, . . . ke go [ruta] gore o tshele ka tsela e e tla go tswelang mosola.” Ga go pelaelo gore, go tshela tumalanong le Lefoko la Modimo go ka tokafatsa boitekanelo jwa rona le go dira gore botshelo jwa rona bo nne boleelenyana. Ka sekai, ka go bo re dirisa kgakololo ya Baebele ya gore re tile boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo le gore re iphepafatse leswe lengwe le lengwe, re tila ditlwaelo tse di leswe le tse di kotsi tse di tlhakatlhakanyang matshelo a batho ba bantsi ba ba bosula. (Ditiro 15:29; 2 Bakorintha 7:1) A bo re leboga jang tshireletso e re e bonang mo Lefokong la Modimo!

Jehofa o Sireletsa Botsala Jwa Rona le Ene

18. Jehofa o sireletsa botsala jwa rona le ene jang?

18 Selo sa botlhokwa thata ke gore Jehofa o sireletsa botsala jwa rona le ene. O dira seo ka go re naya sengwe le sengwe se re se tlhokang gore re kgone go itshokela diteko le go tila go senya botsala jwa rona le ene. Ka gone, Jehofa o tsaya dikgato go babalela botshelo jwa rona go ya go ile, e seng ka dingwaga di le mmalwanyana fela. Akanya ka dilo dingwe tse Modimo a re fileng tsone gore re tswelele re le ditsala tsa gagwe.

19. Moya wa ga Jehofa o ka re thusa jang go lepalepana le bothata bope fela jo re ka lebanang le jone?

19 Jehofa ke “Moutlwi wa thapelo.” (Pesalema 65:2) Fa mathata a botshelo a lebega a re imela, go mmulela mafatlha go ka dira gore re ikutlwe botoka thata. (Bafilipi 4:6, 7) A ka nna a se ka a tlosa mathata a rona ka kgakgamatso, mme gone a ka araba dithapelo tsa rona tse di tswang pelong, a re naya botlhale jwa go a rarabolola. (Jakobe 1:5, 6) Mo godimo ga moo, Jehofa o naya batho moya o o boitshepo fa ba o kopa. (Luke 11:13) Moya oo o o maatla o ka re thusa go lepalepana le bothata bope fela jo re ka lebanang le jone. O ka re naya “maatla a a sa tlwaelegang” gore re itshoke go fitlha Jehofa a fedisa mathata otlhe a a botlhoko mo lefatsheng le lesha le le setseng le le gaufi.—2 Bakorintha 4:7.

20. Jehofa a ka dirisa baobamedi ka rona jang go re neela maatla a gagwe a go re sireletsa?

20 Ka dinako tse dingwe, Jehofa a ka re abela maatla a gagwe a go sireletsa ka go dirisa baobamedi ka rona. Jehofa o dirile gore batho ba gagwe ba nne “bakaulengwe” ba lefatshe ka bophara. (1 Petere 2:17; Johane 6:44) Lorato lwa bakaulengwe bano ke sesupo se se bonalang sentle sa gore moya o o boitshepo wa Modimo o na le maatla a go tlhotlheletsa batho ka tsela e e molemo. Moya oo o re thusa go nna le maungo—dinonofo tse di molemo tse di botlhokwa, go akaretsa lorato, bopelonomi le molemo. (Bagalatia 5:22, 23) Ka gone, fa re le mo mathateng mme modumedi ka rona a tlhotlheletsega go re neela kgakololo e e molemo kana go re kgothatsa, re ka leboga Jehofa ka go re sireletsa jalo ka lorato.

21. (a) Ke dijo dife tsa tshwantshetso tse Jehofa a re tlamelang ka tsone ka nako e e siameng a dirisa “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale”? (b) Wena o solegetswe molemo jang ke dithulaganyo tse Jehofa a re diretseng tsone gore a sireletse botsala jwa rona le ene?

21 Jehofa o re naya sengwe gape go re sireletsa: o re naya dijo tsa tshwantshetso ka nako e e siameng. E le go re thusa gore Lefoko la gagwe le re nonotshe, Jehofa o laetse “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” gore a re neye dijo tseo tsa tshwantshetso. Motlhanka yoo yo o boikanyego o dirisa dikgatiso tse di printilweng, tse di akaretsang lokwalopaka lwa Tora ya Tebelo le lwa Tsogang!, mmogo le websaete ya rona ya jw.org, dipokano le dikopano go re tlamela ka “dijo ka nako e e siameng.” O re naya se re se tlhokang ka nako e re se tlhokang ka yone. (Mathaio 24:45) A o kile wa utlwa sengwe kwa dipokanong tsa Bokeresete—mo kakgelong, mo puong, kana le e leng mo thapelong—se se neng sa go nonotsha le go go kgothatsa ka fa o neng o tlhoka ka teng? A o kile wa amiwa ke setlhogo sengwe se se neng sa tlhaga mo go lengwe la makwalopaka a rona? Gopola gore Jehofa o re diretse dithulaganyo tseno tsotlhe e le gore a sireletse botsala jwa rona le ene.

22. Ka metlha Jehofa o dirisa maatla a gagwe ka tsela efe, mme ke eng fa go dira jalo go re solegela molemo?

22 Ruri Jehofa ke thebe “mo go botlhe ba ba tshabelang mo go ene.” (Pesalema 18:30) Re a itse gore gone jaanong ga a dirise maatla a gagwe go re sireletsa mo masetlapelong otlhe. Le fa go ntse jalo, ka metlha o dirisa maatla a gagwe a a sireletsang go tlhomamisa gore maikaelelo a gagwe a a diragala. Go dira jalo kgabagare go solegela batho ba gagwe molemo. Fa re atamalana le Jehofa mme re dira gore a tswelele pele a re rata, o tla re naya botshelo jo bo molemo jo bo nnetseng ruri. Fa re ntse re solofetse seo, ruri re ka leba diteko dipe fela te re lebanang le tsone gone jaanong e le “tsa nakwana e bile di le motlhofo.”—2 Bakorintha 4:17.