Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 12

“A . . . Modimo Ga a Na Tshiamiso?”

“A . . . Modimo Ga a Na Tshiamiso?”

1. Re ka amiwa jang ke go bona go dirwa tshiamololo?

 MOSADIMOGOLO wa motlholagadi o tsieditswe mme a tseelwa madi otlhe a a neng a ipoloketse one. Leseanyana le le ka se itireng sepe le phuagantswe ke motsadi wa lone yo o setlhogo. Monna wa batho o latlhetswe mo kgolegelong ka molato o a sa o dirang. O ikutlwa jang ka ditiragalo tseno? Gongwe nngwe le nngwe ya tsone e a go galefisa, mme go a utlwala go bo o ikutlwa jalo. Rona batho re amiwa maikutlo thata ke se se siameng le se se sa siamang. Re a galefa fa re bona motho a direlwa tshiamololo. Re batla gore motho yoo a duelwe mme yo a mo diretseng tshiamololo a otlhaiwe. Fa go sa direge jalo, re ka nna ra ipotsa jaana: ‘A Modimo o a bona se se diregang? Ke eng fa a sa tseye kgato?’

2. Habakuke o ne a tsibogela tshiamololo jang, mme ke eng fa Jehofa a ile a se ka a mo kgalemelela seno?

2 Go ralala hisitori, batlhanka ba ga Jehofa ba ba ikanyegang ba ile ba botsa dipotso tse di tshwanang le tseno. Ka sekai, moporofeti Habakuke o ile a rapela Modimo jaana: “Ke eng fa o dira gore ke bone tshiamololo e e botlhoko jaana? Ke eng fa o letla dikgoka, tlolomolao, bokebekwa le bosetlhogo di anama?” (Habakuke 1:3, Contemporary English Version) Jehofa ga a ka a kgalemelela Habakuke go mmotsa dipotso tseno tse di tlhamaletseng, ka gonne ke Ene yo o tsentseng batho maikutlo a go rata tshiamiso. Ee, Jehofa o re bopile re na le selekanyo se se rileng sa maikutlo a gagwe malebana le tshiamiso.

Jehofa o Tlhoile Tshiamololo

3. Ke eng fa go ka twe Jehofa o kgona go bona tshiamololo go re feta?

3 Jehofa ga a itlhokomolose tshiamololo. O bona se se diregang. Baebele e re bolelela jaana malebana le motlha wa ga Noa: “Jehofa o ne a bona gore bosula jwa motho bo ne bo le bogolo mo lefatsheng le gore dikakanyo le dikeletso tsa pelo ya gagwe di ne di le bosula ka dinako tsotlhe.” (Genesise 6:5) Akanya ka se se bolelwang ke mafoko ao. Gantsi tsela e re lebang tshiamololo ka yone e ikaegile ka ditiragalo di le mmalwa tse re ka tswang re di utlwaletse kana di re diragaletse ka namana. Mme Jehofa ene, o bona tshiamololo e e diregang mo lefatsheng lotlhe. O e bona yotlhe fela! Mo godimo ga moo, o kgona go lemoga tshekamelo ya pelo ya motho—kakanyo e e bosula e motho yo o dirang tshiamololo a nang le yone.—Jeremia 17:10.

4, 5. (a) Baebele e bontsha jang gore Jehofa o amega ka batho ba ba direlwang tshiamololo? (b) Jehofa ka boene o ile a direlwa tshiamololo jang?

4 Mme Jehofa ga a ele tshiamololo tlhoko fela. Gape o amega ka batho ba ba e direlwang. Fa batho ba ga Jehofa ba ne ba sotliwa setlhogo ke ditšhaba tsa baba, o ne a utlwa botlhoko “ka ntlha ya selelo sa bone se se bakilweng ke bagateledi ba bone le ba ba neng ba ba tshwara setlhogo.” (Baatlhodi 2:18) Gongwe o etse tlhoko gore batho bangwe fa ba bona tshiamololo thata e ba thatafatsa dipelo. Ga go a nna jalo ka Jehofa! O setse a na le dingwaga di ka nna 6 000 a bona tshiamololo ka mefuta yotlhe ya yone, le fa go ntse jalo, o sa ntse a e tlhoile fela jalo. Baebele e re tlhomamisetsa gore dilo tse di jaaka “loleme lo lo buang maaka,” “diatla tse di tshololang madi a a se nang molato,” le “mosupi wa maaka yo o sa bueng boammaaruri,” ke dilo tse di makgapha mo go ene.—Diane 6:16-19.

5 Akanya le ka tsela e Jehofa a ileng a kgala baeteledipele ba ba bosula ba Iseraele ka yone. O ile a tlhotlheletsa moporofeti wa gagwe go ba botsa jaana: “A ga lo a tshwanela go itse se se siameng?” Fa Jehofa a sena go tlhalosa ka tlhamalalo tsela e ba neng ba sa dirise maatla a bone sentle ka yone, o ne a bolelela pele jaana se se neng se tla diragalela banna bano ba ba bosula: “Ba tla goela kwa go Jehofa gore a ba thuse, mme ga a kitla a ba araba. Ka nako eo, o tla ba fitlhela sefatlhego sa gagwe ka ntlha ya ditiro tsa bone tse di bosula.” (Mika 3:1-4) A bo Jehofa a ila tshiamololo thata jang ne! Ebu, ene ka boene o diretswe tshiamololo! Satane o na le diketekete tsa dingwaga a mo kgoba ka tsela e e sa siamang. (Diane 27:11) Mo godimo ga moo, Jehofa o ile a diragalelwa ke tshiamololo e e maswe go di gaisa tsotlhe fa Morwawe, yo o neng ‘a sa dira boleo bope,’ a ne a bolawa jaaka sekebekwa. (1 Petere 2:22; Isaia 53:9) Ga go pelaelo gore Jehofa o bona mahutsana a batho ba ba direlwang tshiamololo e bile ga a a itlhokomolose.

6. Re ka itshwara jang fa re direlwa tshiamololo, mme ka ntlha yang?

6 Le fa go ntse jalo, fa re bona batho ba direlwa tshiamololo—kana rona ka borona re e direlwa—go itlela fela gore re galefe. Re dirilwe mo setshwanong sa Modimo mme tshiamololo e thulana gotlhelele le se Jehofa a leng sone. (Genesise 1:27) Ke eng he fa Modimo a letlelela tshiamololo?

Kgang ya Botlhokwa

7. Tlhalosa kafa leina la ga Jehofa le tsela e a busang ka yone di ileng tsa gwetlhiwa ka gone.

7 Karabo ya potso eno e amana le kgang ya botlhokwa. Jaaka fa re bone, Mmopi o na le tshwanelo ya go busa lefatshe le botlhe ba ba nnang mo go lone. (Pesalema 24:1; Tshenolo 4:11) Le fa go ntse jalo, go tloga fela kwa tshimologong ya hisitori ya batho, leina la ga Jehofa le le siameng le ne la gogagogiwa mo seretseng le tsela e a busang ka yone e ne ya gwetlhiwa. Seno se ne sa direga jang? Jehofa o ne a laela monna wa ntlha, e bong Adame, gore a se ka a ja loungo lwa setlhare sengwe mo tshingwaneng e e neng e le legae la gagwe la Paradaise. Mme go ne go tla direga eng fa a ne a ka tlola taelo eno? Modimo o ne a re: “Ruri o tla swa.” (Genesise 2:17) Taelo eno ya Modimo e ne e se boima mo go Adame kgotsa mo mosading wa gagwe Efa. Le fa go ntse jalo, Satane o ne a dira gore Efa a dumele gore Modimo o ne a ba beetse thibelo go sa tlhokege. Go ne go tla direga eng fa a ne a ka ja loungo lwa setlhare seno? Satane o ne a raya Efa ka tlhamalalo a re: “Ruri ga lo kitla lo swa. Gonne Modimo o a itse gore mo letsatsing le lo jang leungo la setlhare seo ka lone, matlho a lona a tla bulega mme lo tla tshwana le Modimo, lo itse molemo le bosula.”—Genesise 3:1-5.

8. (a) Satane o ne a kaya eng ka mafoko a o neng a a raya Efa? (b) Ke eng se Satane a ileng a se gwetlha malebana le leina la Modimo le bolaodi jwa gagwe?

8 Ka mafoko ano Satane o ne a sa bolele fela gore Jehofa o ne a lobetse Efa tshedimosetso nngwe e e botlhokwa, mme gape o ne a bolela gore O ne a mo akeditse. Moraedi o ne a dira gore Efa a belaele gore Motho yo o emelwang ke leina Jehofa tota ke wa mofuta mang. Ka go dira jalo, Satane o ne a tlisa kgobo e kgolo mo leineng la Modimo. Gape o ne a tlhasela bolaodi jwa ga Jehofa kgotsa tsela e a busang ka yone. Satane o ne a nna kelotlhoko gore a se gwetlhe kgang ya gore Modimo ke molaodi. Mme gone o ne a gwetlha kgang ya gore a o bo dirisa ka tshwanelo le ka tsela e e siameng. Ka mafoko a mangwe, o ne a bolela gore Jehofa o ne a sa buse ka tsela e e siameng le e e solegelang babusiwa ba Gagwe molemo.

9. (a) Matswela a go tlola molao ga ga Adame le Efa e ne ya nna eng, mme seno se ne sa tsosa dipotso dife tse di botlhokwa? (b) Ke eng fa Jehofa a ile a se ka a nyeletsa batsuolodi bano fela?

9 Seno se ne sa dira gore Adame le Efa ba tlole molao wa ga Jehofa ka go ja loungo lo lo ileditsweng lwa setlhare. Go tlola molao ga bone go ne ga dira gore ba tshwanelwe ke kotlhao ya loso fela jaaka Modimo a ne a boletse. Maaka a ga Satane a ile a tsosa dipotso tsa botlhokwa. A ruri Jehofa o na le tshwanelo ya go busa batho, kgotsa a batho ba tshwanetse go ipusa? A Jehofa o dirisa bolaodi jwa gagwe ka tsela e e molemo kafa go ka kgonegang ka teng? Jehofa o ne a ka nna a dirisa maatla a gagwe a magolo go nyeletsa batsuolodi bano ka yone nako eo. Mme gone dipotso tse di neng di tsositswe di ne di sa amane le maatla a Modimo, go na le moo di ne di amana le leina la gagwe, le le akaretsang tsela e a busang ka yone. Ka jalo go nyeletsa Adame, Efa le Satane go ne go se kitla go tshegetsa kgang ya gore Modimo o busa ka tsela e e siameng. Go na le moo go ne go tla dira gore bolaodi jwa gagwe bo belaelwe le e leng go feta. Tsela fela e e neng e tla dira gore go bonale fa e le gore batho ba ne ba ka kgona go ipusa ka katlego kwantle ga Modimo e ne e tla nna go letla gore go fete nako e e rileng.

10. Hisitori e senotse eng malebana le puso ya motho?

10 Go feta ga nako go ile ga supa eng? Go ralala diketekete tsa dingwaga, batho ba ile ba lekeletsa dipuso tse dintsi tse di farologaneng go akaretsa le bobusaesi, temokerasi, bojammogo le bokomonisi. Diphelelo tsa tsone tsotlhe di tshwanelwa ke mafoko ano a a tlhamaletseng a Baebele: “Motho o ntse a laola motho yo mongwe gore a mo utlwise botlhoko.” (Moreri 8:9) Ke ka lebaka le le utlwalang go bo moporofeti Jeremia a ile a re: “Ke itse sentle, tlhe Jehofa gore motho ga a na taolo ya go kaela tsela ya gagwe. Tota e bile motho ga a kgone go kaela botshelo jwa gagwe.”—Jeremia 10:23.

11. Ke eng fa Jehofa a ile a letla gore batho ba boge?

11 Jehofa o sa le a itse go tswa kwa tshimologong gore boitaolo jwa motho kana go ipusa ga gagwe, go ne go tla felela ka pogo e kgolo. Mme gone, a o ne a dira tshiamololo fa a letla seemo seno se se maswe se tswelela? Legoka! Ka sekai: A re re o na le ngwana yo o tlhokang go ariwa gore a fole bolwetse jo bo ka nnang jwa mmolaya. O lemoga gore karo eo e tla dira gore ngwana wa gago a utlwe botlhoko ka selekanyo se se rileng, mme seno se go utlwisa botlhoko thata. Le fa go ntse jalo, o a itse gore karo eo e tla thusa ngwana wa gago go nna le botsogo jo bo botoka morago ga foo. Modimo le ene o ne a itse—tota e bile o boleletse pele—gore go letla ga gagwe gore motho a buse go ne go tla baka botlhoko le pogo ka selekanyo se se rileng. (Genesise 3:16-19) Mme gape o ne a itse gore batho ba ne ba tla kgona go bona kgololo e e botlhokwa le e e nnelang ruri fa fela a ne a ka letla gore batho botlhe ba iponele matswela a a bosula a botlhanogi. Ka tsela eo kgang eno e ne e tla rarabololelwa ruri, go ya go ile.

Kgang ya Boikanyegi Jwa Batho

12. Jaaka fa go bontshitswe mo kgannyeng ya ga Jobe, ke eng se Satane a neng a latofatsa batho ka sone?

12 Go na le sengwe gape se se amanang le kgang eno. Fa Satane a ne a gwetlha puso ya Modimo gore a e na le tshwanelo ya go busa le gore a e busa ka tsela e e siameng, o ne a sa tlhasele bolaodi jwa ga Jehofa le leina la Gagwe fela, mme gape o ne a senya batlhanka ba Modimo leina, a belaela boikanyegi jwa bone. Ka sekai, ela tlhoko se Satane a neng a se raya Jehofa malebana le Jobe monna yo o siameng: “A ga o a tlhoma legora le le sireletsang go dikologa ene le ba lelapa la gagwe le sengwe le sengwe se a nang le sone? O segofaditse tiro ya diatla tsa gagwe, e bile o dirile gore leruo la gagwe le oketsege thata. Mme jaanong, ntsha seatla sa gago mme o iteye sengwe le sengwe se a nang le sone, mme ruri o tla go tlhapatsa phatlalatsa.”—Jobe 1:10, 11.

13. Satane o ne a bolela eng ka dilo tse a neng a latofatsa Jobe ka tsone, mme seno se ama batho botlhe jang?

13 Satane o ne a bolela gore Jehofa o dirisa maatla a Gagwe a go sireletsa go reka Jobe gore a mo ikobele. Seno gape se ne se bolela gore boikanyegi jwa ga Jobe e ne e le jwa boitimokanyi fela, gore o ne a obamela Modimo fela gore a bone melemo mengwe. Satane o ne a bolela gore fa Jobe a ne a ka amogwa masego a Modimo, le ene monna yono tota o ne a tla tlhapatsa Mmopi wa gagwe. Satane o ne a itse gore Jobe e ne e le monna “yo o siameng le yo o se nang molato, yo o boifang Modimo e bile a tlhoile se se bosula.” a Ka jalo fa Satane a ne a ka kgona go dira gore Jobe a se ka a ikanyega, seo se ne se tla bolela eng ka batho ba bangwe botlhe? Ka gone, tota Satane o ne a belaela boikanyegi jwa batho botlhe ba ba batlang go direla Modimo. Tota e bile, fa Satane a atolosa kgang eno o ne a raya Jehofa a re: “Motho o tla ntsha sengwe le sengwe se a nang le sone gore a boloke botshelo jwa gagwe.”—Jobe 1:8; 2:4.

14. Hisitori e bontshitse eng malebana le se Satane a ileng a latofatsa batho ka sone?

14 Hisitori e bontshitse gore, fela jaaka Jobe, batho ba le bantsi ba ile ba nna ba ikanyegile mo go Jehofa le fa ba ne ba lebane le diteko—go farologana le se Satane a ileng a se bua. Ba ile ba itumedisa pelo ya ga Jehofa ka botshelo jwa bone jwa boikanyegi, mme seno se dirile gore Jehofa a kgone go araba kgobo ya ga Satane ya boipelafatso ya gore batho ba tla tlogela go direla Modimo fa ba lebana le mathata. (Bahebera 11:4-38) Ee, batho ba ba dipelo di siameng ba ganne go fularela Modimo. Tota le fa ba faraferwe ke maemo a a ngomolang pelo, ba ile ba ikaega thata ka Jehofa gore a ba neye maatla a go itshoka.—2 Bakorintha 4:7-10.

15. Ke potso efe e e ka bodiwang malebana le tsela e Modimo a ileng a atlhola dilo ka yone mo nakong e e fetileng le e a tla atlholang ka yone mo isagweng?

15 Mme gone, tsela e Jehofa a diragatsang tshiamiso ka yone ga e akaretse fela kgang ya bolaodi le kgang ya boikanyegi jwa batho. Baebele e re neela pego ya dikatlholo tsa ga Jehofa tse di malebana le batho ka bongwe le ditšhaba. Gape e na le dipolelelopele tse di malebana le ditsela tse a tla atlholang ka tsone mo nakong e e tlang. Ke eng fa re ka tshepa ka botlalo gore Jehofa o ile a atlhola dilo ka tshiamo e bile o tla atlhola ka tshiamo le mo isagweng?

Lebaka La go Bo Tshiamiso ya Modimo e Gaisa Tsotlhe

Jehofa ga a kitla a “nyeletsa basiami le batho ba ba bosula”

16, 17. Ke dikai dife tse di bontshang gore batho ba na le kgopolo e e lekanyeditsweng malebana le tshiamiso ya boammaaruri?

16 Go a tshwanela go bo go ka buiwa jaana ka Jehofa: “Sengwe le sengwe se a se dirang se siame.” (Duteronome 32:4) Ga go ope wa rona yo o ka buang jalo ka ga gagwe ka namana ka gonne gantsi tsela ya rona ya go akanya e e lekanyeditsweng e kgoreletsa kakanyo ya rona malebana le se se siameng. Ka sekai, akanya ka Aborahame. O ne a ikuela kwa go Jehofa malebana le go senngwa ga Sodoma—le fa go ne go tletse bosula teng. O ne a botsa Jehofa jaana: “A ruri o tla nyeletsa basiami le batho ba ba bosula?” (Genesise 18:23-33) Ke boammaaruri gore karabo e ne ya nna nnyaa. Fa Lote yo o siameng le bomorwadie ba sena go goroga ka pabalesego kwa motseng wa Soare, ke gone Jehofa a ileng “a dira gore sulefera le molelo di nele Sodoma.” (Genesise 19:22-24) Go farologana le seo, Jona ene o ne a “tuka bogale” fa Modimo a ne a utlwela batho ba Ninife botlhoko. E re ka Jona a ne a setse a boletse gore ba tlile go senngwa, o ne a tla itumelela go bona ba nyelediwa—le fa ba ne ba ikwatlhaya go tswa pelong.—Jona 3:10–4:1.

17 Jehofa o ne a tlhomamisetsa Aborahame gore tsela e A dirisang tshiamiso ka yone ga e akaretse fela go nyeletsa baikepi mme gape e akaretsa go namola basiami. Ka fa letlhakoreng le lengwe, Jona o ne a tshwanelwa ke go ithuta gore Jehofa o kutlwelobotlhoko. Fa baikepi ba fetola ditsela tsa bone o “ikemiseditse go itshwarela.” (Pesalema 86:5) Jehofa ga a tshwane le batho bangwe ba ba itshogang, ene ga a atlholele batho katlholo e e botlhoko e le fela gore a supe maatla a gagwe, e bile ga a ikgogone go bontsha batho kutlwelobotlhoko ka gonne a tshaba gore o tla tsewa e le motho yo o bokoa. O nna kutlwelobotlhoko fa go tlhokega gore a dire jalo.—Isaia 55:7; Esekiele 18:23.

18. Bontsha go tswa mo Baebeleng gore Jehofa ga a dire dilo ka go tseega maikutlo.

18 Le fa go ntse jalo, Jehofa ga a tsiediwe ke go tseega maikutlo fela. Fa batho ba ga Jehofa ba ne ba inaakantse thata le kobamelo ya medingwana, o ne a bua jaana ka tlhamalalo: “Ke tla go atlhola go ya ka tsela e o itshwarang ka yone ke bo ke go otlhaela ditiro tsotlhe tsa gago tse di makgapha. Ga nkitla ke go utlwela botlhoko; e bile ga nkitla ke go tlhomogela pelo, ka gonne ke tla go tlisetsa diphelelo tsa ditsela tsa gago.” (Esekiele 7:3, 4) Ka jalo fa batho ba kgwaraletse mo tseleng ya bone ya botshelo, Jehofa o ba atlhola ka tsela e e tshwanetseng. Mme o atlhola jalo a na le bosupi jo bo utlwalang. Ka gone, fa selelo se segolo ka ga Sodoma le Gomora se ne se fitlha mo ditsebeng tsa ga Jehofa, o ne a re: “Ke tla ya teng gore ke bone gore a ba dira go ya ka fa selelong se ke se utlwileng.” (Genesise 18:20, 21) A bo re leboga thata jang ne go bo Jehofa a sa tshwane le bontsi jwa batho ba ba phasumelang dilo ba ise ba utlwe dintlha ka botlalo! Eleruri, Jehofa o ntse fela jaaka Baebele e mo tlhalosa e re ke “Modimo yo o ikanyegang yo le ka motlha a sa direng tshiamololo.”—Duteronome 32:4.

Ikanye Tshiamiso ya ga Jehofa

19. Re ka dira eng fa re sa tlhaloganye dilo dingwe malebana le tsela e Jehofa a dirisang tshiamiso ka yone?

19 Baebele ga e arabe potso nngwe le nngwe malebana le tsela e Jehofa a ileng a dira dilo ka yone mo nakong e e fetileng; e bile ga e tlhalose sengwe le sengwe malebana le tsela e Jehofa a tla atlholang batho bangwe le ditlhopha tsa batho ka yone mo isagweng. Fa re sa tlhaloganye dipego dingwe kana dipolelelopele mo Baebeleng tse go sa tlhalosiweng dilo tseno ka botlalo mo go tsone, re ka bontsha go ikanyega fela jaaka moporofeti Mika yo a ileng a kwala jaana: “Ke tla letela Modimo wa poloko ya me ka bopelotelele.”—Mika 7:7.

20, 21. Ke eng fa re ka tshepa re sa belaele gore Jehofa o tla dira dilo ka tshiamo ka metlha?

20 Re ka tshepa re sa belaele gore Jehofa o tla dira dilo sentle mo maemong mangwe le mangwe. Tota le fa go bonala batho ba itlhokomolosa ditiro tsa tshiamololo, Jehofa o solofetsa jaana: “Ke tla busolosa; ke tla duela.” (Baroma 12:19) Fa re bontsha boikutlo jwa go leta, re tla tlhatswega pelo fela jaaka moaposetoloi Paulo yo o ileng a re: “A jaanong re raya gore Modimo ga a na tshiamiso? Nnyaa, le e seng!”—Baroma 9:14.

21 Gone jaanong, re tshela mo ‘dinakong tse di thata e bile di le kotsi.’ (2 Timotheo 3:1) Tshiamololo le ‘ditiro tsa kgatelelo’ di dirile gore batho ba le bantsi ba sotliwe setlhogo. (Moreri 4:1) Le fa go ntse jalo, Jehofa ga a fetoga. O sa ntse a ila tshiamololo, mme o amega thata ka batho ba ba e direlwang. Fa re nna re ikanyega mo go Jehofa le mo bolaoding jwa gagwe, o tla re nonotsha gore re kgone go itshoka go fitlha ka nako e e tlhomilweng fa a tla bo a baakanya ditiro tsotlhe tsa tshiamololo fa Bogosi jwa gagwe bo busa.—1 Petere 5:6, 7.

a Jehofa o ne a bua jaana ka Jobe: “Ga go na ope yo o tshwanang le ene mo lefatsheng.” (Jobe 1:8) Ka jalo he, go ka direga gore Jobe o ile a tshela mo motlheng wa morago ga Josefa le pele ga Moshe a nna moeteledipele yo o tlhomilweng wa Baiseraele. Ke gone ka moo go neng go ka bolelwa ka nako eo gore go ne go se na ope yo o neng a na le boikanyegi jo bo tshwanang le jwa ga Jobe.