Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAROLO 3

“O Botlhale”

“O Botlhale”

Botlhale jwa boammaaruri ke lengwe la matlotlo a a botlhokwa go gaisa otlhe a o ka a senkang. Jehofa ke ene fela Motswedi wa jone. Mo karolong eno re tla sekaseka ka kelotlhoko kafa Jehofa Modimo a nang le botlhale jo bo seng kana ka sepe ka teng, ene yo monna yo o ikanyegang e bong Jobe a neng a bua jaana ka ene: “O botlhale.”—Jobe 9:4.

MO KAROLONG ENO

KGAOLO 17

‘Ruri Botlhale Jwa Modimo bo Boteng’

Ke eng fa botlhale jwa Modimo bo gaisa kitso ya gagwe, go tlhaloganya le temogo ya gagwe?

KGAOLO 18

Botlhale Jo bo Mo ‘Lefokong la Modimo’

Ke eng fa Modimo a ile a dirisa batho go kwala Baebele go na le go dirisa baengele kgotsa go e kwala ka boene?

KGAOLO 19

“Botlhale Jwa Modimo Jo Bo . . . Mo Sephiring se se Boitshepo”

Sephiri se se boitshepo se Modimo a neng a se senola kgato ka kgato, ke eng?

KGAOLO 20

“O Botlhale”—Mme Gone o Boikokobetso

Morena Molaodimogolo wa lobopo lotlhe a ka nna boikokobetso jang?

KGAOLO 21

Jesu o Senola “Botlhale Jwa Modimo”

Tsela ya ga Jesu ya go ruta e ne e kgatlha thata mo masole a a neng a romilwe go ya go mo tshwara a ileng a boa a iphotlhere!

KGAOLO 22

A o Dirisa “Botlhale jo bo Tswang Kwa Godimo” mo Botshelong Jwa Gago

Baebele e tlhalosa dintlha tse nnê tse di ka go thusang go nna le botlhale jo bo tswang kwa Modimong.